Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ekesodo 27 - Setswana 1970


Aletare ya ditlhabelo tsa phiso
( Ekes. 38:1-7 )

1 “Le gona o dire aletare ka dipati tsa mokgwa. Boleele le bophara e nne mabogo a le matlhano. Aletare a e lekalekane ka dikhutlo tse nne tsa yona. Bogodimo jwa yona e nne mabogo a le mararo.

2 O dire dinaka tsa yona mo dikhutlong tse nne tsa yona; dikgong tsa dinaka di fetele kwa tlase go nna maoto a yona. O e manege kgotlho.

3 Le gona o dire diolola-melora tsa yona le digopa-melora tsa yona le megopo ya yona le ditlhaba-nama tsa yona le digokolelo tsa yona. Didiri tsotlhe tsa yona o di dire ka kgotlho.

4 O tswale fa gare ga maoto a yona ka letloa la kgotlho; o dire melepo e le mene ya kgotlho mo letloeng leo mo dikhutlong tse nne tsa yona.

5 O e tswale ka lone ka fa tlase ga maemo a aletare; letloa leo le simologe fa fatshe go kgaola aletare ka bogare.

6 Le gona o direle aletare dithobane tsa morukuru, o di manege kgotlho.

7 Dithobane tseo tsa yona di somelwe mo melepong ya yona gore dithobane di nne mo ditlhakoreng tse pedi tsa aletare, fa e sikarwa.

8 O e dire ka dipati, e nne logapa mo teng. A e dirwe jaaka o e bontshitswe mo thabeng.


Lelapa
( Ekes. 38:9-20 )

9 “Le gona o dire lelapa la Tempelana eo. Mo ntlheng ya borwa lelapa le nne le masela a a lepeletseng a masweu a a ditlhale-pedi. Boleele jwa lotlhakore lo le longwe e nne mabogo a le lekgolo.

10 Maotwana a lone a nne masome a mabedi le ditlhako tsa ona tsa kgotlho di nne masome a mabedi. Dimapo tsa maotwana le dikgoge tsa ona e nne tsa selefera.

11 Le mo lotlhakoreng lwa bokone lo lo mabogo a lekgolo go nne masela a a lepeletseng le maotwana a le 20 le ditlhako tsa ona di le 20 tsa kgotlho; dimapo tsa maotwana le dikgoge tsa ona e nne tsa selefera.

12 Le bophara jwa lelapa jo bo ntlheng ya bophirimatsatsi bo nne le masela a a lepeletseng a mabogo a le 50 le maotwana a ona a le some le ditlhako tsa ona di le some.

13 Le bophara jwa lelapa mo ntlheng ya botlhabatsatsi e nne mabogo a le 50.

14 Go nne masela a a lepeletseng a mabogo a le 15 ka fa, a nne le maotwana a ona a le mararo le ditlhako tsa ona di le tharo;

15 le ka fa go nne masela a a lepeletseng a mabogo a le 15, a nne le maotwana a ona a le mararo le ditlhako tsa ona di le tharo.

16 “Mme kgoro ya lelapa e e fa gare e nne le sebipo sa mabogo a le 20 sa masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu a a ditlhale-pedi, e le tiro ya mologi wa masela a a marabata. Maotwana a ona a e nne a mane le ditlhako tsa ona e nne tse nne.

17 Maotwana otlhe mo tikologong ya lelapa a nne le dikgoge tsa selefera; dimapo tsa ona e nne tsa selefera; ditlhako tsa ona e nne tsa kgotlho.

18 Boleele jwa lelapa e nne mabogo a le lekgolo; bophara e nne mabogo a le 50; bogodimo jwa legora la lone e nne mabogo a le matlhano e le la masela a masweu a a ditlhale-pedi. Ditlhako tsa ona e nne tsa kgotlho.

19 Didiri tsotlhe tsa Tempelana eo tsa tirelo yotlhe ya yona le dimapo tsotlhe tsa yona le dimapo tsotlhe tsa lelapa, e nne tsa kgotlho.


A lobone lo tlhokomelwe
( Lef. 24:1-4 )

20 “Mme o laele Baiseraele gore ba go tlisetse lookwane lo lo sa pekwang lwa diolefa tse di thugilweng gore e nne lwa setlhomo, go tle go nne lobone lo lo tukang ka gale.

21 A Arone le bomorwawe ba lo baakanye mo Tempelaneng ya Boipontsho ka fa ntle ga lesire le le sireleditseng Letlole la Tshupo gore lo tuke go tloga mantsiboana go ya mo mosong fa pele ga Morena. Selo se ke molao o o nnetseng ruri wa Baiseraele le wa ditshika tsa bone.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan