Ekesodo 24 - Setswana 1970Go dirwa kgolagano kwa Sinai 1 Morena a raya Moše a re: “Tlhatlogela kwano Moreneng, wena le Arone le Natabe le Abihu le bagolo ba le 70 ba Baiseraele, lo mo obamele lo le kgakala. 2 Mme a Moše a atamele Morena a le esi, bale ba se ka ba atamela; le morafe o se ka wa tlhatloga nae.” 3 Ya re Moše a sena go tla, a bolelela morafe mafoko otlhe a Morena le melao yotlhe. Ke fa morafe otlhe o araba ka lentswe le le lengwe o re: “Mafoko otlhe a Morena o a buileng re tla a dirisa.” 4 Moše a kwala mafoko aotlhe a Morena, a ba a phakela mo mosong, a aga aletare fa tlase ga thaba, a tlhoma majwe a a motloutlo a le 12 ka fa ditsong di le 12 tsa Baiseraele. 5 A roma makau a Baiseraele go direla Modimo ditlhabelo tsa phiso, a tlhabela Morena dipoo, e le ditlhabelo tsa tebogo. 6 Jaanong Moše a tsaya bontlhanngwe jwa madi, a a tshela mo megopong; a ba a kgatsha bontlhanngwe jwa madi mo aletareng. 7 A ba a tsaya lokwalo lwa kgolagano, a le buisa mo ditsebeng tsa morafe. Mme wa re: “Tsotlhe tse Morena o di buileng, re tla di dira le go di utlwa.” 8 Ke fa Moše a tsaya madi ale, a kgatsha morafe ka ona a re: “Bonang, ke madi a kgolagano e Morena o e dirileng le lona ka mafoko otlhe ao.” 9 Morago ga moo Moše le Arone le Natabe le Abihu le bagolo ba le 70 ba Baiseraele ba tlhatloga, 10 ba bona Modimo wa Baiseraele; ka fa tlase ga dinao tsa ona e kete go tlhatlaganye matlapa a mawebu a safire, go galalela jaaka legodimo. 11 Mme wa se ka wa tsholeletsa batlotlegi ba Baiseraele letsogo; ya re ba sena go bona Modimo, ba ja, ba nwa. 12 Morena a raya Moše a re: “Tlhatlogela kwano go nna mo thabeng, o nne teng. Ke tla go naya matlapa a maboti le molao le ditaolo tse ke di kwadileng go di ba ruta.” 13 Moše a nanoga, a na le Jošua, modiredi wa gagwe; Moše a tlhatlogela kwa thabeng ya Modimo, 14 a laela a re: “Re leteleng fa go fitlhelela re boele kwano go lona. Bonang, Arone le Hure ba na le lona. Yo o nang le dikgang, a a tle kwa go bone.” 15 Ya re Moše a tlhatlogela kwa thabeng, leru la bo le khurumeditse thaba; 16 kgalalelo ya Morena ya bo e le mo godimo ga thaba ya Sinai; leru la e khurumetsa malatsi a marataro, mme a bitsa Moše ka letsatsi la bosupa a le mo teng ga leru. 17 Kgalalelo ya Morena e Baiseraele ba e bonyeng e ne e tshwana le molelo o o tukang mo setlhoeng sa thaba. 18 Moše a tsena mo teng ga leru, a tlhatlogela kwa thabeng. Moše a nna mo thabeng malatsi a le 40 le masigo a ona. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa