Ekesodo 19 - Setswana 1970Baiseraele ba fitlha kwa thabeng ya Sinai 1 E rile ka kgwedi ya boraro, Baiseraele ba fitlha kwa sekakeng sa Sinai ka letsatsi la kgwedi le ba hudugileng mo lefatsheng la Egepeto ka lone. 2 Ba ne ba tlogile kwa Rafidime, ba fitlha sekakeng sa Sinai, ba thibelela mo sekakeng. Baiseraele ba thibelela gona go lebagana le thaba. 3 Moše a tlhatlogela kwa Modimong, mme Morena a mmitsa a le mo thabeng a re: “Bua jaana le Bajakobe, o ree Baiseraele o re: 4 ‘Lo bonye ka nosi tse ke di diretseng Baegepeto, mme lona ka lo belega ka diphuka tsa bontswi, ka lo tlisa go nna. 5 Jaanong fa lo utlwa se ke se lo bolelelang, lo se dira, lo tshegetsa kgolagano ya me, foo lo tla nna ba me go feta merafe yotlhe; gonne lefatshe lotlhe ke la me. 6 Mme lona lo tla nna morafe wa me wa baperesiti le setšhaba se se boitshepo.’ Ke ona mafoko a o tla a bolelelang Baiseraele.” 7 Moše a tla, a bitsa bagolo ba morafe, a ba begela mafoko aotlhe ao a Morena o a mo laetseng. 8 Morafe otlhe wa araba mmogo wa re: “Tsotlhe tse Morena o di buileng re tla di dira.” Moše a busetsa Morena karabo ya morafe. 9 Morena a raya Moše a re: “Bona, ke tla tla koo go wena ke le mo lerung le le kimakima gore morafe o nkutlwe ke bua le wena, mme ba go dumele ka bosakhutleng.” Moše a begela Morena mafoko a morafe. 10 Morena a laela Moše a re: “Yaa kwa morafeng, o ba itshepise kajeno le kamoso; a ba tlhatswe diaparo tsa bone. 11 A ba etleetsegele letsatsi la boraro. Gonne ka letsatsi la boraro Morena o tla fologela mo thabeng ya Sinai fa pele ga matlho a morafe otlhe. 12 Le gona beela morafe molelwane mo tikologong ya thaba, o ba ree o re: ‘Itiseng gore lo se palame mo thabeng, le e seng go e ama kwa tlase. Mongwe le mongwe yo o amang thaba e o tshwanetse go bolawa. 13 A e se ka ya amiwa ka diatla, gonne yo o e amang o tshwanetse go kgobotlediwa ka majwe gongwe go thuntshiwa ka metswi. Le fa e le seruiwa, a se bolawe, gongwe motho a a se ka a phela! Mme fa lonaka lo lela sebaka, ba ka tlhatlogela mo thabeng.’ ” 14 Moše a fologa mo thabeng, a tla kwa morafeng, a itshepisa morafe, mme ba tlhatswa diaparo tsa bone. 15 A raya morafe a re: “Iketleeletseng letsatsi la boraro. Se atameleng mosadi!” 16 Jaanong e rile bo sa ka letsatsi la boraro, ga nna ditumo tsa maru le dikgadima le maru a mantsho mo godimo ga thaba; le gona lonaka lwa kgelebetega ka thata e kgolo. Ke fa morafe otlhe o o mo bothibelelong o tshoga. 17 Jaanong Moše a ntsha morafe mo bothibelelong gore o kgatlhantshe Modimo; ba ya ba ema fa tlase ga thaba. 18 Thaba yotlhe ya Sinai ya kua musi ka gore Morena o ne a fologela mo go yona a le mo molelong; musi wa yona wa tlhatloga jaaka musi wa leiso. Mme thaba yotlhe ya roroma thata. 19 Go kgelebetega ga lonaka ga nna ga golela kwa godimo. Moše a bua, mme Modimo wa mo fetola ka kodu. 20 E rile Morena a sena go fologela mo setlhoeng sa thaba ya Sinai Morena a biletsa Moše teng, mme Moše a tlhatloga. 21 Morena a raya Moše a re: “Fologa o laele morafe, e se re gongwe ba sutlhela kwa Moreneng go leba, ba tloga ba swa ka bontsi. 22 Le gona a baperesiti ba ba atamelang Morena ba itshole bophepa, e se re gongwe Morena a ba tlhasela a gaketse.” 23 Mme Moše a raya Morena a re: “Morafe o palelwa ke go tlhatlogela mo thabeng ya Sinai; gonne o re laetse thata ka wesi wa re: ‘Agelela thaba ka logora, o e itshepise.’ ” 24 Morena a mo fetola a re: “Tsamaya o fologe, mme o boe o tlhatloge gape o na le Arone; mme a baperesiti le morafe ba se ka ba sutlha go tlhatlogela kwa Moreneng, e se re gongwe a ba tlhasela a gaketse.” 25 Moše a fologela kwa bathong, a ba bolelela. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa