Ekesodo 18 - Setswana 1970Jetoro o etela Moše 1 Jetoro moperesiti wa kwa Midiane, mogwagwadia Moše, o ne a utlwetse dilo tsotlhe tse Modimo o di diretseng Moše le Baiseraele morafe wa ona le gore Morena o ntshitse Baiseraele mo Egepeto . 2 Jaanong Jetoro, mogwagwadia Moše, a tsaya Siphora, mosadi wa ga Moše, yo a neng a mmuseditse kwa ga gabo 3 le bomorwawe ba babedi; leina la mongwe e ne e le Geresome, gonne o ne a re: “Ke moeng mo lefatsheng le sele.” 4 Leina la yo mongwe e ne e le Eliesere; gonne o ne a re: “Modimo wa ga rre ke thuso ya me, o mpholositse mo tšhakeng ya ga Farao.” 5 Jaanong Jetoro, mogwagwadia Moše, a tla kwa go Moše a na le mosadi wa ga Moše le bomorwawe; a tla kwa sekakeng kwa Moše a neng a thibeletse teng kwa thabeng ya Modimo. 6 A itsise Moše a re: “Nna Jetoro mogwagwadiago ke tla koo go wena, ke na le mosadi wa gago le bomorwao ba babedi ba na nae.” 7 Ke fa Moše a tswa go kgatlhantsha mogwagwadiagwe, a inama fa pele ga gagwe, a mo atla; mme ya re ba sena go botsana bophelo, ba tsena mo tenteng. 8 Moše a bolelela mogwagwadiagwe tsotlhe tse Morena o di diretseng Farao le Baegepeto ka ntlha ya Baiseraele le tlalelo yotlhe e e ba wetseng mo tseleng le ka fa Morena a ba namoletseng ka teng. 9 Mme Jetoro a itumelela tse di molemo tsotlhe tse Morena o di diretseng Baiseraele, fa a ba golola mo diatleng tsa Baegepeto. 10 Jetoro a boka a re: “A go bakwe Morena yo o lo golotseng mo diatleng tsa Baegepeto le mo diatleng tsa ga Farao; yo o namoletseng morafe o mo kgatelelong ya Baegepeto! 11 Jaanong ke lemogile gore Morena o mogolo bogolo go medimo yotlhe; dilo tse Baegepeto ba di diretseng Baiseraele ka boikgantsho di digetse Baegepeto mo tatlhegong.” 12 Morago ga moo Jetoro, mogwagwadia Moše, a ntshetsa Modimo setlhabelo se se fisiwang le ditlhabelo tsa tebogo; ga tla Arone le bagolo botlhe ba Baiseraele go ja dijo le mogwagwadia Moše fa pele ga Modimo. Go tlhomamisiwa baatlhodi ( Doit. 1:9-18 ) 13 Ka letsatsi la ka moso Moše a nna mo lekgotleng go atlhola batho. Batho ba bo ba dikanyeditse Moše go tswa mosong go fitlha maitsiboeng. 14 E rile mogwagwadia Moše a bona tsotlhe tse a di direlang morafe, a botsa a re: “Ke go reng, fa o direla morafe ka mokgwa o? O nnelang o le nosi, mme morafe otlhe o tlhola o eme fa go wena go tswa mosong go ya mantsiboeng?” 15 Moše a araba mogwagwadiagwe a re: “Ke ka go re batho ba tla kwa go nna go botsa Modimo. 16 E a re fa ba na le kgang, ba tle kwa go nna gore ke seke kgang ya motho le mongwe-ka-ene, ke be ke ba itsise ditaelo tsa Modimo le melao ya ona.” 17 Mogwagwadia Moše a mo fetola a re: “Tse o di dirang ga di a siama. 18 O tla fela thata wena le batho bao ba o nang nabo; gonne tiro e e ntseng jalo e a go palela; ga o kgone go e dira o le wesi. 19 Jaanong utlwa mafoko a me, ke tla go gakolola, mme Modimo o tla nna nao. Wena o emele morafe fa pele ga Modimo, o ise mafoko a bone kwa Modimong; 20 o ba tlhalosetse ditaolo le melao, o ba itsise tsela e ba tshwanetseng go sepela mo go yona le tiro e ba tshwanetseng go e dira. 21 Mme o itlhophele banna ba ba nonofileng mo morafeng otlhe ba ba boifang Modimo, banna ba nnete, ba ba ilang kgwebo ya tshiamololo, o ba dire baokamedi ba morafe; bangwe e nne ba ba okamelang ba le sekete, ba bangwe ba okamele lekgolo, ba bangwe 50, ba bangwe lesome 22 gore bone ba seke batho ka metlha yotlhe. A ba tlise mafoko a magolo otlhe kwa go wena, mme a ba atlhole mafoko otlhe a mabotlana ka bosi. Fokotsa tiro ya gago jalo, mme a ba go rwadise. 23 Fa o ka dira jalo, e le ka fa thatong ya Modimo, o tla kgona go itshoka; le gona batho botlhe ba, ba tla boela kwa gae ka kagiso.” 24 Moše a utlwa mafoko a ga mogwagwadiagwe, a dira tsotlhe tse a di buileng. 25 Moše a tlhopha banna ba ba nonofileng mo Baiseraeleng botlhe, a ba dira ditlhogo tsa morafe, ya nna baokamedi ba dikete le baokamedi ba makgolo le baokamedi ba 50 le baokamedi ba masome. 26 Bone ba seka morafe ka metlha yotlhe. Mafoko a a thata ba a isa kwa go Moše, mme mafoko otlhe a mabotlana ba a atlhola ka bosi. 27 Jaanong Moše a naya mogwagwadiagwe tsela, mme a boela kwa lefatsheng la ga gabo. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa