Ekesodo 15 - Setswana 1970Sefela sa tebogo sa Baiseraele 1 Ka sebaka seo Moše le Baiseraele ba opelela Morena sefela, ke se, ba se tlhaba ba re: “A nke ke opelele Morena, gonne o mogolo thata. Dipitse o di latlhetse mo lewatleng le bapalami ba tsona. 2 Morena ke thata ya me le sefela sa me; ene e ne e le thuso ya me. Ke ene Modimo wa me, ke tla mo tumisa; ke Modimo wa ga rre, ke tla mo godisa. 3 Morena ke mogale tlhabanong; leina la gagwe ke Morena. 4 O digetse dikoloi tsa ga Farao le mephato ya gagwe mo lewatleng; bagale ba ba tlhaotsweng ba gagwe o ba nweditse mo Lewatleng la Motlhaka. 5 Dintelo di ba khurumeditse, ba fologela madibeng jaaka majwe. 6 Morena, letsogo le le jang la gago le galaleditswe ka thata; Morena, letsogo le le jang la gago le tšhwetlakanya baba. 7 Ba ba go tsogelang o ba diga ka borena jo bogolo jwa gago; o tukisa bogale jwa gago, bo ba ja jaaka dirite. 8 Metsi a ne a kgobokanngwa ka pudulo ya dinko tsa gago, dintelo tsa ema jaaka lobota; madiba a thema mo gare ga lewatle. 9 Mmaba a re: ‘Ke tla ba latela, ke ba tshwara, ke aba thopo, ke kgorisa keletso ya me ka bone; ke tla somola tšhaka, ke ba nyeletsa ka letsogo la me.’ 10 Mme ya re o budula ka phefo ya gago, lewatle la ba khurumetsa; ba rôrômela mo metsing a magolo jaaka tshipi. 11 Morena, ke mang mo medimong yo o tshwanang le wena? Ke mang yo o galaleditsweng ka boitshepo, yo o boitshegang ka ditiro tse di bokwang, yo o dirang dikgakgamatso jaaka wena? 12 E rile o otlolola letsogo le le jang, lefatshe la ba metsa. 13 Ka bopelotlhomogi jwa gago o gogile morafe o ò o rekolotseng, wa o isa kwa felong fa go boitshepo ga gago, ka thata ya gago. 14 E rile merafe e utlwela jalo, ya roroma; metlotsedi ya tshwara baagi ba Felesita. 15 Foo dikgosana tsa Etomo tsa tshoga, teteselo ya wela beng ba thata ba Moabe; baagi botlhe ba Kanana ba roroma. 16 Poifo ya ba wela le therego, ba tlhoka puo jaaka lefika ka ntlha ya bogolo jwa letsogo la gago; go fitlhelela morafe wa gago o fete, Morena; go fitlhelela morafe o ò o rekolotseng o fete. 17 O tla ba fitlhisa, o ba baya mo thabeng e e leng ya gago, Morena, mo felong fa o go ipaakanyeditseng go nna gona; mo felong fa go boitshepo, fa go etleeditsweng ke diatla tsa gago, Morena. 18 Morena o tla busa ka gale le ka bosakhutleng.” Sefela sa ga Miriame 19 Gonne go tsenye dipitse tsa ga Farao le dikoloi tsa gagwe le bapalami ba tsona mo lewatleng, mme Morena a busa metsi a lewatle; ona a ba khurumetsa. Mme Baiseraele ba tsamaya fa go omeletseng, fa ba tshela lewatle. 20 Le Miriame, moporofeti wa sesadi, kgaitsadia Arone, a tsaya moropana ka letsogo; basadi botlhe ba tswa, ba mo sala morago ba tshotse meropana, ba ntse ba bina. 21 Mme Miriame a ba tlhabela sefela a re: “A re bakeng Morena, gonne o mogolo thata. O digetse dipitse le bapalami ba tsona mo lewatleng.” Metsi a kwa Mara 22 Jaanong Moše a tsweletsa Baiseraele pele, ba tloga kwa Lewatleng la Motlhaka ba ya kwa sekakeng sa Sure; ba sepela malatsi a le mararo ba sa bone metsi. 23 Ya re ba fitlha kwa Mara, ba palelwa ke go nwa metsi a teng; gonne a ne a galaka. Ke ka moo leina la felo foo go tweng Mara. 24 Mme batho ba ngongoregela Moše ba re: “Re tla nwa eng?” 25 Jaanong ya re ene a goela kwa Moreneng, Morena a mo supetsa setlhatshana sengwe; ya re a sena go se latlhela mo metsing, metsi a nna monate. Gona foo a ba beela melao le dikaelo, foo a ba leka 26 a re: “Fa ò utlwa lentswe la Morena Modimo wa gago ka boikanyo, o dira tse di siameng mo matlhong a gagwe, o sekegela ditaolo tsa gagwe tsebe, o tshegetsa melao yotlhe ya gagwe, ga nkitla ke go bolaisa bolwetse bope jo ke watlhaileng Baegepeto ka jona. Gonne nna Morena ke tla nna ngaka ya gago.” 27 Morago ga moo ba fitlha kwa Elime, fa go neng go le metswedi e le 12 le ditlhare tsa mekolane di le 70. Ba thibelela teng fa metsing. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa