Ekesodo 13 - Setswana 1970Maitibolo a Baiseraele a itshepela Morena 1 Morena a ba a bua le Moše a re: 2 “Ntlhaolele maitibolo otlhe; sengwe le sengwe se mmaaso a itibolang ka sona, ke sa me mo bathong le mo diruiweng.” Moletlo wa Dinkgwe tse di sa bedisiwang 3 Mme Moše a raya morafe a re: “Gakologelwang letsatsi le lo duleng mo Egepeto mo ntlong ya botlhanka ka lone. Gonne Morena o lo ntshitse mono ka letsogo le le tiileng. Ka moo a go se ka ga jewa tse di bedisitsweng. 4 Lo huduga kajeno mo kgweding ya Abibi. 5 Mme e re fa Morena a sena go lo fitlhisa mo lefatsheng la Bakanana le Bahethe le Baamori le Bahewi le Bajebusi le o le ikanetseng borraeno a re, o tla le lo naya, e le lefatshe le le elang mašwi le dinotshe, foo lo tshware tirelo e ka kgwedi e. 6 Lo je dinkgwe tse di sa bedisiwang ka malatsi a supa; mme letsatsi la bosupa e nne la moletlo wa Morena. 7 A go jewe dinkgwe tse di sa bedisiwang ka malatsi a supa. A go se ka ga bonwa tse di bedisitsweng mo go lona; le gona a go se ka ga bonwa letlhabego lepe mo lefatsheng lotlhe la lona. 8 Lo bolelele bomorwa-lona ka letsatsi leo lo re: ‘Ke ka ntlha ya tsona tse Morena o di re diretseng jale fa re huduga kwa Egepeto.’ 9 A moletlo o e nne sesupo sa lona mo diatleng tsa lona, le segopotso fa gare ga matlho a lona gore molao wa Morena o nne mo melomong ya lona; gonne Morena o lo ntshitse mo Egepeto ka letsogo le le thata. 10 Tshegetsang molao o ka sebaka sa ona ka ngwaga mongwe le mongwe. 11 “Jaanong e re Morena a se na go lo fitlhisa mo lefatsheng la Bakanana jaaka a lo ikanetse le borraeno, le go le lo naya, 12 lo neele Morena sengwe le sengwe se mmaaso a itibolang ka sona. Ditsalwapele tsotlhe tsa diruiwa tse e leng tsa gago tse ditonanyana ke tsa Morena. 13 Leitibolo lengwe le lengwe la esele lo le rekolole ka kwana; mme fa lo sa rate go le rekolola, lo le robe molala. Mme lo rekolole le maitibolo otlhe a batho, e bong bomorwaa-lona ba ntlha. 14 Jaanong e re fa bomorwaa-lona ba lo botsa ka moso ba re: ‘Ke go reng?’ lo ba ree lo re: ‘Morena o re ntshitse ka letsogo le le tiileng mo Egepeto mo ntlong ya botlhanka. 15 Gonne e rile Farao a le peloethata, a gana go re naya tsela, Morena a bolaya maitibolo otlhe mo lefatsheng la Egepeto, e bong a batho le a diruiwa. Ke ka moo re tlhabelang Morena maitibolo otlhe a tse di ditonanyana, mme re rekolola bomorwaa-rona ba ntlha botlhe. 16 A mokgwa o e nne sesupo mo diatleng tsa lona le letshwao fa gare ga matlho a lona. Gonne Morena o re ntshitse mo Egepeto ka letsogo le le thata.’ ” Pinagare ya leru le ya molelo 17 E rile Farao a sena go naya morafe tsela, Modimo wa se ka wa ba tlhamalaletsa kwa lefatsheng la Bafelesita, le fa tsela e e gaufi e le yona. Gonne Modimo o dirile jalo gore e se re gongwe fa batho ba bona tlhabano, ba ikwatlhaya, ba boela kwa Egepeto. 18 Ke ka moo Modimo o neng wa faposetsa morafe tseleng e e yang kwa sekakeng kwa Lewatleng la Motlhaka. Baiseraele ba bolotse mo lefatsheng la Egepeto ba ipaakanyeditse tlhabano. 19 Moše a huduga a rwele marapo a ga Josefa, gonne ene o ne a ikanisitse Baiseraele thata a re: “E re bofelong fa Modimo o lo ela tlhoko, lo tloge mono lo tshotse marapo a me.” 20 Ba tloga kwa Sukothe, ba ya ba thibelela kwa Ethame kwa sekaka se simologang teng. 21 Morena o ne a ba etelela pele ka pinagare ya leru motshegare go ba goga mo tseleng le ka pinagare ya molelo bosigo go ba bonegela gore ba itse go tswelela pele bosigo le motshegare. 22 Pinagare ya leru e ne e sa tloge fa pele ga morafe motshegare le ya molelo e sa tlhokafale bosigo. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa