Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ditiro 9 - Setswana 1970


Tlhabologo ya ga Saule
( Dit. 22:6-16 ; 26:12-18 )

1 Mme Saule yo o neng a sa ntse a gakaletse barutwa ba Morena ka go bôpa le go ba bolaya, a ya kwa moperesiting yo mogolo,

2 a mo kopa dikwalo tse di kwalelwang disenagoge tsa Damaseko gore fa a ka fitlhela bangwe ba e leng ba Tsela e ya bokeresete, banna le fa e le basadi, a ba golege, a ba tlise kwa Jerusalema.

3 Ya re a tsamaya, mme a atamela Damaseko, a tshogana ka lesedi le le tswang legodimong le mo phatsimela.

4 Mme a wela fa fatshe, a utlwa lentswe le mo raya le re: “Saule, Saule, o mpogisetsang?”

5 Ene a re: “O mang, Morena?” Morena a re: “Ke nna Jesu yo ò mmogisang. Go thata mo go wena go raga ditlhabi tsa lešwane.”

6 Foo a roroma, a gakgamala a re: “Morena, o rata gore ke dire eng?” Morena a mo raya a re: “Nanoga o tsene mo motseng; o tla bolelelwa se o tshwanetseng go se dira.”

7 Banna ba ba neng ba mo patile ba eme, ba tlhoka puo, ba utlwa lentswe, mme ba sa bone ope.

8 Jaanong Saule a tsoga fa fatshe, mme le fa a budulogile matlho, a bo a sa bone. Ba mo tshwara ka letsogo, ba mo isa kwa Damaseko.

9 A tlhola malatsi a le mararo a sa bone, a sa je, a sa nwe.


Anania o rongwa kwa go Saule

10 Jaanong ga bo go le morutwa mongwe mo Damaseko, yo leina la gagwe e leng Anania. Morena a bua nae ka pono a re: “Anania!” Ene a re: “Ke fano, Morena.”

11 Morena a mo raya a re: “Nanoga o ye kwa mmileng o o bidiwang Tolamo, o batle mongwe yo leina la gagwe e leng Saule wa kwa Tareso, mo ntlong ya ga Jutase. Gonne bona, o a rapela,

12 mme a bona monna ka pontsho yo leina la gagwe e leng Anania, a tsena a mmaya diatla gore a boe a bone.”

13 Anania a fetola a re: “Morena, ke utlwile ka ba bantsi ka ga monna yoo gore o diretse baitshepi ba gago kwa Jerusalema tse di bosula tse di kana kang!

14 Le mono o na le thata e e tswang mo baperesiting ba bagolo ya go golega botlhe ba ba bitsang leina la gago.”

15 Morena a mo raya a re: “Yaa teng; gonne ene yoo ke sediri sa me se se tlhaotsweng go rwalela leina la me fa pele ga baheitane le dikgosi le Baiseraele.

16 Kana ke tla mo supetsa gore tse a tshwanetseng go di boga ka ntlha ya leina la me di kana kang.”

17 Anania a tloga, a tsena mo ntlong, a mmaya diatla a re: “Saule, mokaulengwe, Morena, e bong Jesu yo o bonetseng go wena mo tseleng e ò tsileng ka yona, o nthomile gore o boe o bone, le gore o tladiwe Mowa o o Boitshepo.”

18 Ka bonako ga wa dilo mo matlhong a gagwe, e kete matlape, mme a foufologa, a ba a nanoga a kolobediwa,

19 a ja, a ba a boelwa gape ke thata. Mme a tlhola malatsi mangwe le barutwa ba ba mo Damaseko.


Tshimologo ya boapostolo jwa ga Saule

20 A akofa a simolola go rera mo disenagogeng gore Jesu ke ene Morwa Modimo.

21 Mme botlhe ba ba utlwang ba rerega ba re: “Yo a ga se ene yo o neng a dira setlhogo kwa Jerusalema mo go ba ba bitsang Leina leo, mme le mono o ne a tletse sona seo gore a ba golege, a ba ise fa pele ga baperesiti ba bagolo?”

22 Saule a nonofela pele, a silofatsa Bajuta ba ba agileng mo Damaseko ka go tlhomamisa gore Jesu ke ene Keresete.

23 Ya re malatsi a se kae a sena go feta, Bajuta ba gakololana go mmolaya.

24 Mme Saule a itse maikaelelo a bone. Ba ne ba disa dikgoro bosigo le motshegare gore ba mmolae.

25 Mme barutwa ba mo tsaya bosigo, ba mo folosa ka fa loboteng, ba mo lepeletsa ka seroto.

26 E rile a fitlha kwa Jerusalema, a leka go ikopanya le barutwa; mme bone ba mmoifa botlhe, ba sa dumele gore ke morutwa.

27 Mme Baranaba a mo tshola, a ba a mo isa kwa baapostolong, a ba bolelela ka fa Saule a bonyeng Morena mo tseleng ka teng, le jaaka Morena a buile nae, le ka fa a rerileng ka teng mo leineng la ga Jesu kwa Damaseko ka bopelokgale.

28 Jaanong a nna nabo, a ntse a tsena a tswa mo Jerusalema, a rera mo leineng la Morena ka bopelokgale;

29 a bua le Bajuta ba ba buang Segerika, a ba a ganetsanya nabo. Mme bone ba batla go mmolaya.

30 Ya re bakaulengwe ba lemoga, ba mo isa kwa Kaisarea, ba be ba mo romela kwa Tareso.


Dikgakgamatso tsa ga Petoro kwa Lita le Jope

31 Jaanong phuthego ya nna mo kagisong nageng yotlhe mo Jutea le mo Galelea le mo Samaria, ya agega, ya tswelela pele mo go boifeng Morena, ya oketsega ka thuso ya Mowa o o Boitshepo.

32 Jaanong ya re Petoro a ba etela botlhe, a fitlha le kwa baitsheping ba ba agileng kwa Lita.

33 A fitlhela monna mongwe teng yo leina la gagwe e leng Enea, yo o neng a ntse a letse mo bolaong e setse e le dinyaga di le robedi, a sule mhama.

34 Petoro a mo raya a re: “Enea, Jesu Keresete o a go fodisa; tsoga o ikalolele!” A akofa a tsoga.

35 Botlhe ba ba agileng mo Lita le mo Sarone ba mmona, ba be ba sokologela Moreneng.

36 Jaanong go ne go le morutwa mongwe wa mosadi kwa Jope, yo leina la gagwe e leng Tabitha, fa go fetolwa ke go re Dorokase. Ene o ne a tletse ditiro tsa lorato, a atswa ba bantsi.

37 Ka malatsi ao a lwala, a ba a swa. Ya re ba sena go mo tlhapisa, ba mmaya mo ntlwaneng e e kwa godimo.

38 Ya re ka Lita a le gaufi le Jope, mme barutwa ba utlwa gore Petoro o teng, ba roma banna ba le babedi go ene, ba mo rapela ba re: “O se ka wa diega go tla go rona.”

39 Petoro a nanoga, a ya nabo. Ya re a sena go fitlha teng, ba mo isa kwa ntlwaneng e e kwa godimo. Mme batlholagadi botlhe ba tla ba ema fa go ene ba lela, ba mo supetsa mesese le diaparo tse Dorokase a di dirileng a sa ntse a na nabo.

40 Ke fa Petoro a ba ntshetsa kwa ntle botlhe, a khubama a rapela, a ba a retologela kwa serepeng a re: “Tabitha, tsoga!” A buduloga matlho, mme ya re a bona Petoro, a kanamologa.

41 Petoro a mo neela seatla, a mo kakatlolola, a ba a bitsa baitshepi le batlholagadi, a mo ba supetsa a phela.

42 Ga ba ga itsiwe mo Jope yotlhe, mme ba bantsi ba dumela mo Moreneng.

43 Petoro a tlhola malatsi a se kae mo Jope mo go Simone mongwe, mosugi wa matlalo.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan