Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ditiro 8 - Setswana 1970


Pogisego ya phuthego ya Jerusalema

1 Saule le ene a kgatlhwa ke polao ya gagwe. Ya re ka letsatsi leo pogiso e kgolo ya tsogela phuthego e e mo Jerusalema, mme botlhe ba falalediwa kwa dinageng tsa Jutea le Samaria, fa e se baapostolo.

2 Mme banna bangwe ba ba boifang Modimo ba fitlha Setefane, ba mo lelela segolo.

3 Mme Saule a nna a tlhorisa phuthego, a tlhomaganya matlo, a swatola banna le basadi, a ba tsenya mo ntlong ya kgolegelo.


Tlhabologo ya Basamaria ka thero ya ga Filipo

4 Jaanong ba ba faladitsweng ba ya le naga, ba eta ba rera lefoko la Efangele.

5 Filipo a ya kwa motseng mongwe wa Samaria, a ba rerela Keresete.

6 Batho ba tlhokomela dilo tse di bolelwang ke Filipo ka bongwefela jwa pelo, ka ba utlwa le go bona ditshupo tse a di dirang;

7 gonne ba bantsi ba ne ba na le mewa e e itshekologileng; yona e ne e tswa e goa ka lentswe le legolo. Mme ba bantsi ba ba suleng mefama le ba ba golafetseng maoto ba fodisiwa.

8 Ga ba ga nna boitumelo jo bogolo mo motseng oo.

9 Monna mongwe yo leina la gagwe e leng Simone o ne a le mo motseng oo pele ga foo, a dira tsa bongaka, a tseanya setšhaba sa Samaria ka go bua a re: “Ke nna yo mogolo.”

10 Botlhe ba ne ba mo setse morago, ba bannye le ba bagolo, ba re: “Ke ene nonofo ya Modimo e e bidiwang ‘E kgolo’.”

11 Ba ne ba mo sala morago, ka a sa bolo go ba tseanya ka tsa bongaka sebaka se seleele.

12 E rile ba dumela Filipo yo o neng a ba rerela Efangele ya puso ya Modimo le leina la ga Jesu Keresete, ba kolobediwa, banna le basadi.

13 Le Simone ka esi a dumela, mme ya re a sena go kolobediwa, a nna a nna le Filipo ka gale; ya re a bona ditshupo le ditiro tsa nonofo tse dikgolo di dirwa, a tseana.


Petoro le Simone wa ngaka

14 E rile baapostolo ba ba kwa Jerusalema ba utlwa gore Basamaria ba amogetse Lefoko la Modimo, ba roma Petoro le Johane kwa go bone.

15 Ya re ba sena go fitlha teng, ba ba rapelela gore ba amogele Mowa o o Boitshepo;

16 gonne o ne o ise o wele mo go ope wa bone, ba ne ba kolobeditswe mo leineng la Morena Jesu fela.

17 Ba ba baya diatla, mme ba amogela Mowa o o Boitshepo.

18 Ya re Simone a bona gore Mowa o o Boitshepo o newa ka peo ya diatla tsa baapostolo, a ba tlisetsa madi

19 a re: “Le nna, nnayang nonofo eo gore e tle e re mongwe le mongwe yo ke mmayang diatla, a amogele Mowa o o Boitshepo.”

20 Mme Petoro a mo fetola a re: “A madi a gago a nyelele nao, ka gonne o gopotse gore neo ya Modimo e ka bonwa ka madi.

21 Ga o na kabelo, le e seng tshiamelo mo neong eo; gonne pelo ya gago e kgopo fa pele ga Modimo.

22 Ka moo he, ikwatlhaele bosula jo jwa gago, o be o rapele Morena, e tle e re gongwe maikaelelo ao a pelo ya gago o a itshwarelwe;

23 gonne ke go bona o tletse santlhokwe wa bogalaka, e bile o bofilwe ka tshiamololo.”

24 Simone a araba a re: “Nthapeleleng Morena e le lona gore ke se ka ka welwa ke sepe sa dilo tse lo di buileng.”

25 Ya re jaanong ba sena go supa le go bolela Lefoko la Morena, ba boela kwa Jerusalema, ba eta ba rera Efangele mo metsaneng e mentsi ya Basamaria.


Tlhabologo ya Moethiopia

26 Jaanong moengele wa Morena a bua le Filipo a re: “Nanoga o ye kwa ntlheng ya borwa kwa tseleng e e tswang Jerusalema, e ya kwa Gasa;” ke tsela e e senya.

27 A nanoga a tsamaya, a ba a fitlhela monna mongwe wa Moethiopia teng, e le modiredi le tona ya ga Kantase, kgosi ya sesadi ya Baethiopia, yo o neng a okametse khumo yotlhe ya gagwe. O ne a tsile kwa Jerusalema go obamela teng.

28 Jaanong a boela gae ka koloi ya gagwe, a buisa lokwalo lwa moporofeti Jesaya.

29 Mowa wa raya Filipo wa re: “Yaa o kopane le koloi ele!”

30 Filipo a tabogela teng, a mo utlwa a buisa moporofeti Jesaya, a ba a re: “A o tlhaloganya se o se buisang?”

31 Ene a re: “Nka tlhaloganya jang, fa ke sa tlhalosediwe ke ope?” A ba a rapela Filipo gore a pagame, a nne nae.

32 Kgaolo e a neng a e buisa e ne e le e e reng: “O ne a gogelwa tlhabong jaaka nku; a se ka a bula molomo wa gagwe jaaka kwana e didimetse fa pele ga mmeodi wa yona.

33 Ya re ka a le mo boikokobetsong, a timiwa katlholo e e siameng; losika lwa gagwe lo tla bolelwa ke mang? Gonne bophelo jwa gagwe bo tlosiwa mo lefatsheng.”

34 Jaanong modiredi a botsa Filipo a re: “Ke a go rapela, moporofeti o bua jalo ka ga mang, a ke ka ga gagwe gongwe ka ga mongwe o sele?”

35 Ke fa Filipo a tswa molomo, a simolola ka lokwalo loo, a mo rerela Efangele ya ga Jesu.

36 Ya re ba ntse ba tswelela pele mo tseleng, ba fitlha fa metsing mangwe, mme modiredi a re: “Bona, metsi ke ale; ke kgorelediwa ke eng go ka kolobediwa?”

37 Filipo a araba a re: “Fa o dumela ka pelo yotlhe, go ka nna jalo.” Ene a araba a re: “Ke dumela gore Jesu Keresete ke Morwa Modimo.”

38 Jaanong a laola gore koloi e eme, ba fologela kwa metsing ka bobedi jwa bone, Filipo le modiredi, mme a mo kolobetsa.

39 Ya re ba tswa mo metsing, Mowa wa Morena wa tlosa Filipo, mme modiredi a se ka a tlhola a mmona; fela a tswelela mo tseleng ya gagwe ka boitumelo.

40 Filipo a fitlhelwa kwa Ašetote, a eta a ntse a rera Efangele mo metseng yotlhe, ga tsamaya a fitlha kwa Kaisarea.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan