Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ditiro 7 - Setswana 1970


Boikarabelo jwa ga Setefane

1 Ke fa moperesiti yo mogolo a mmotsa a re: “A dilo tse, di ntse jalo?”

2 Ene a re: “Banna ba ga etsho le borra, reetsang! Modimo wa kgalalelo o ne wa bonala kwa go rraetsho Aborahame, a le kwa Mesopotamia, a ise a age kwa Harane,

3 wa mo raya wa re: ‘Tswaa mo lefatsheng la ga eno le mo go ba ga eno, o ye kwa lefatsheng le ke tla le go supetsang.’

4 Ya baa gona a tswang mo lefatsheng la Bakalatea, a ya go aga kwa Harane. Go tloga teng, fa rraagwe a sena go swa, wa mo hudusetsa kwano lefatsheng leno le kajeno go agileng lona mo go lone.

5 Wa se ka wa mo naya boswa bope mo go lone, le fa e le kgato e le nngwe fela; mme wa mo solofetsa gore o tla le mo naya go le rua, le losika lwa gagwe morago ga gagwe, le fa a ne a ise a nne le ngwana.

6 Modimo wa mmolelela jaana gore losika lwa gagwe e tla nna bajaki mo lefatsheng la boeng, ba tla ba dira batlhanka, ba ba gatelela dinyaga di le 400.

7 ‘Mme setšhaba se ba tla nnang batlhanka ba sona, nna ke tla se betsa,’ go bua Modimo; ‘morago ga moo ba tla tswa, ba ntirela mo felong fa.’

8 Wa mo naya kgolagano ya go rupa. Aborahame a tsala Isaka jalo, a ba a mo rupisa ka letsatsi la borobedi; Isaka a tsala Jakobe, Jakobe a tsala borraa-ditso tsa rona ba ba 12.

9 “E rile ka borraa-ditso tsa rona ba fufegela Josefa, ba mo rekisa, a isiwa kwa Egepeto; mme Modimo wa bo o na nae,

10 wa mo golola mo dipitlaganong tsotlhe tsa gagwe, wa mo naya botlhale fa pele ga Farao, kgosi ya Egepeto, le bopelontle jwa gagwe, a mo dira molaodi wa Egepeto le wa ntlo yotlhe ya gagwe.

11 Foo ga tla tlala mo lefatsheng lotlhe la Egepeto le Kanana, le tlalelo e kgolo; mme borraetsho ba tlhoka dijo.

12 Ya re Jakobe a sena go utlwa gore go na le mabele kwa Egepeto, a roma borraetsho teng la ntlha.

13 Fa ba ya la bobedi, Josefa a ikitsise bomorwa-rraagwe, lotso lwa ga Josefa lwa ba lwa itsege mo go Farao.

14 Josefa a roma, a bitsa Jakobe rraagwe le losika lotlhe lwa gagwe, e le batho ba ba 75.

15 Jakobe a ya kwa Egepeto, a swa, ene le borraetsho.

16 Ba rwalelwa kwa Sigeme, ba fitlhwa mo legageng le Aborahame o ne a le rekile ka madi mo go bomorwa Hemore, mo Sigeme.

17 “E rile sebaka se atamela sa tsholofetso e Modimo o e solofeditseng Aborahame, batho ba ata ba ntsifala kwa Egepeto,

18 go fitlhelela ga tsoga kgosi e sele mo Egepeto, e e neng e sa itse Josefa.

19 Ene yoo a direla losika lwa rona ka bolotsana, a tlhorisa borraetsho mo go botlhoko, a laola gore go latlhwe masea a bone, a tle a se ka a phela.

20 Ka sebaka seo Moše a tsalwa, a bo a le montle fa pele ga Modimo. A ba a otliwa mo ntlong ya ga rraagwe dikgwedi di le tharo.

21 Ya re a sena go bewa kwa nokeng, morwadia Farao a mo tshola, a mo ikgodisetsa gore a nne morwawe.

22 Moše a rutwa botlhale jotlhe jwa Baegepeto, a nonofa mo mafokong le mo ditirong tsa gagwe.

23 “E rile a le dinyaga di le 40, ga mo tlela mo pelong go lekola ba ga gabo, e bong Baiseraele.

24 Ya re a bona yo mongwe a siamololelwa, a mo femela, a busolosetsa yo o patikwang ka go bolaya Moegepeto.

25 A ba a itlhoma gore ba ga gabo ba tla lemoga, fa Modimo o ba naya pholoso ka letsogo la gagwe; mme ba se ka ba lemoga.

26 Ya re ka letsatsi le le latelang a bonala mo go bone ba lwa, a leka go ba tsereganya a re: ‘Banna, lo bana ba motho; lo siamololanelang?’

27 Foo yo o siamololelang mongwe-ka-ene a mo kgarametsa a re: ‘Ke mang yo o go dirileng molaodi le moatlhodi mo go rona?

28 A kampo o rata go mpolaya jaaka o letse o bolaile Moegepeto?’

29 Ke fa Moše a tshaba ka ntlha ya lefoko leo, a ba a ya go nna lekgwelwa kwa lefatsheng la Midiane, kwa o tsaletseng bomorwawe ba babedi teng.

30 “E rile dinyaga di le 40 di sena go feta, moengele a bonala mo go ene kwa sekakeng sa thaba ya Sinai, a le mo kgabong ya molelo wa setlhare se se mitlwa.

31 Ya re Moše a bona, a gakgamalela pono; mme ya re a atamela go leba, ga tla lentswe la Morena la re:

32 ‘Ke nna Modimo wa borraago, Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Jakobe.’ Foo Moše a roroma, a tshaba go leba.

33 Morena a mo raya a re: ‘Rola ditlhako mo dinaong tsa gago; gonne felo fa o emeng teng foo ke lefatshe le le itshepileng.

34 Tota ke bonye pogisego ya morafe wa me o o kwa Egepeto, ke utlwile phegelo ya ona, ke bile ke fologetse go ba golola. Jaanong tlaya, ke tla go roma kwa Egepeto.’

35 “Moše yoo, yo ba neng ba mo itatola ba re: ‘Ke mang yo o go dirileng molaodi le moatlhodi?’ ke ene yo Modimo o neng wa mo roma go nna molaodi le mogolodi ka letsogo la moengele yo o bonetseng fa go ene kwa setlhareng se se mitlwa.

36 Ke ene yo o ba ntshitseng, a dira dikgakgamatso le ditshupo kwa lefatsheng la Egepeto le kwa Lewatleng le Lehibidu le kwa sekakeng dinyaga di le 40.

37 Moše ke ene yo o reileng Baiseraele a re: ‘Modimo o tla lo tsosetsa moporofeti mo go bomorwa-rraalona jaaka nna; ene lo mo utlweng.’

38 “Yo ke ene yo o neng a na le moengele kwa sekakeng, yo o neng a bua nae kwa thabeng ya Sinai a le mo phuthegong ya borraetsho, a amogela mafoko a a phelang go a re naya;

39 yo borraetsho ba ganneng go mo utlwa, mme ba mo kgorometsa ba boela kwa Egepeto ka dipelo tsa bone,

40 ba raya Arone ba re: ‘Re direle medimo e e tla re etelelang pele; gonne Moše yole, yo o re ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, ga re itse se se mo dirafaletseng.’

41 Malatsing ao ba dira namane, ba ntshetsa setshwantsho se se bopilweng setlhabelo, ba itumelela ditiro tsa diatla tsa bone.

42 Mme Modimo wa hulara, wa ba neelela go direla lesomo la legodimo, jaaka go kwadilwe mo lokwalong lwa baporofeti ga twe: “ ‘Lona Baiseraele, a lo ne lo ntlisetsa diruiwa tse di tlhajwang le ditlhabelo dinyaga di le 40 kwa sekakeng?

43 Lo ne lwa rwala motlaagana wa ga Mologe le naledi ya modimo o o bidiwang Refane, ditshwantsho tse lo di dirileng go di obamela. Ke tla lo hudusetsa ka kwa pele ga Babilone.’

44 “Borraetsho ba ne ba na le Tente ya Boipontsho kwa sekakeng, fela jaaka go laotse yo o buileng le Moše gore a e dire ka fa setshwantshong se o neng a se bona;

45 ya re borraetsho ba sena go e amogela mo go borraabo, ba tsena nayo mo dinageng tsa baheitane ba Modimo o neng wa ba leleka fa pele ga borraetsho, ba na le Jošua, (ya nna teng) go tla go fitlha malatsing a ga Dafita,

46 yo o bonyeng bopelotlhomogi fa pele ga Modimo, a ba a kopa gore a bonele Ntlo ya Modimo wa ga Jakobe bonno.

47 Mme Salomo ke ene yo o neng a o agela Ntlo.

48 “Mme Mogodimodimo ga a nne mo dikagong tse di agilweng ka diatla, jaaka go bua moporofeti a re:

49 “ ‘Legodimo ke sedulo sa me sa bogosi, lefatshe ke sebeo sa dinao tsa me. Lo ka nkagela ntlo e e ntseng jang, go bua Morena, gongwe felo ga boikhutso jwa me e ka nna gofe?

50 A seatla sa me ga se sona se se dirileng tsotlhe tse?’

51 “Lona ba lo thamo di thata, ba lo sa rupisiwang mo dipelong le mo ditsebeng, ka metlha lo ganetsa Mowa o o Boitshepo; le lona lo tshwana fela le borraeno.

52 Ke ofe wa baporofeti yo borraeno ba se kang ba mmogisa? Mme ba bolaile ba ba boleletseng pele ka ga go tla ga Mosiami; jaanong lo mo tshwarisitse, lwa mmolaya,

53 lona ba lo amogetseng molao wa Modimo ka thuso ya baengele, mme lwa se ka lwa o tshegetsa.”


Loso lwa ga Setefane

54 E rile ba utlwa jalo, ba betwa ke pelo, ba mo phuranyetsa meno.

55 Mme ene, ka a tletse Mowa o o Boitshepo, a fela a ntse a leletse kwa legodimong, a bona kgalalelo ya Modimo le Jesu a eme ka fa ntlheng ya le le jang ya Modimo.

56 A ba a re: “Lebang, ke bona magodimo a bulegile, le Morwa-Motho a eme ka fa ntlheng ya le le jang ya Modimo.”

57 Foo ba goa ka lentswe le legolo, ba ithiba ditsebe, ba mo ragogela ka bongwefela jwa pelo,

58 ba mo kgoromeletsa kwa ntle ga motse, ba mo kgobotletsa ka majwe. Basupi ba baya dikobo tsa bone fa dinaong tsa lekau lengwe le le bidiwang Saule.

59 Ba kgobotletsa Setefane ka majwe, a ntse a rapela a re: “Morena Jesu, amogela mowa wa me!”

60 Jaanong a khubama, a kua ka lentswe le legolo a re: “Morena, o se ka wa ba balela sebe se!” Ya re a sena go bua jalo, a robala.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan