Ditiro 6 - Setswana 1970Go tlhaolwa bathusi ba baapostolo 1 E rile mo malatsing ao, fa barutwa ba ntsifala, ga tsoga ngongorego ya ba ba buang Segerika, ba ngongoregela ba ba buang Sehebere, ka batlholagadi ba bone ba sa tlhokomelwe mo tlamelong ya malatsi. 2 Foo ba ba 12 ba bitsa barutwa botlhe ba re: “Ga go a tshwanela gore re ka tlogela Lefoko la Modimo, ra ya go aba dijo. 3 Ka moo, bakaulengwe, itlhopheleng banna ba supa mo go lona, ba ba supelwang gore ba siame, ba ba tletseng Mowa le botlhale, ba re ka ba laodisang tiro e e batlegang eo. 4 Mme rona re tla tshwarelela mo thapelong le mo tirelong ya Lefoko.” 5 Lefoko le la kgatlha botlhe pitsong, mme ba tlhopha Setefane, monna yo o tletseng tumelo le Mowa o o Boitshepo, le Filipo le Porogoro le Nikanore le Timone le Paremena le Nikolao, motlhabologi wa kwa Antiogia; 6 ba ba emisa fa pele ga baapostolo. Ya re ba sena go rapela, ba ba baya diatla. 7 Lefoko la Modimo la tota, palo ya barutwa ya ntsifala thata mo Jerusalema, lesomo le legolo la baperesiti la ineela mo tumelong. Setefane o a latofadiwa 8 Mme Setefane, e le yo o tletseng tumelo le thata, a dira dikgakgamatso le ditshupo tse dikgolo mo bathong. 9 Jaanong ga tsoga bangwe ba e leng ba senagoge se se bidiwang sa Balibertine le Bakirene le Baaleksanteria, le ba ba tswang kwa Kilekia le Asia, ba ganetsanya le Setefane. 10 Mme ba ne ba sa nonofa go emelana le botlhale le Mowa o a buang ka ona. 11 Ke fa ba tlhotlheletsa banna ba ba reng: “Re mo utlwile a bua mafoko a kgalo ka ga Moše le Modimo.” 12 Ba be ba hudua batho le bagolo ba morafe le Baitsedikwalo, ba mo wela, ba mo tshwara ka thata, ba mo isa lekgotleng le legolo. 13 Ba emisa basupi ba maaka ba ba reng: “Motho yo ga a khutle go bua mafoko a go nyefola Felo-fa-go-Boitshepo ga mono le molao; 14 gonne re mo utlwile a re: Jesu yoo wa Nasaretha o tla senya Felo fa, a ba a fetola mekgwa e Moše o e re neileng.” 15 Ya re botlhe ba ba dutseng mo lekgotleng le legolo ba mo tsepile matlho, ba bona sefatlhego sa gagwe se tshwana le sa moengele. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa