Ditiro 5 - Setswana 1970Anania le Safira 1 Monna mongwe yo leina la gagwe e leng Anania, a na le Safira, mosadi wa gagwe, a rekisa naga; 2 mme a ngobetsa madi a mangwe, mosadi le ene a itse, a tsisa a mangwe, a a baya fa dinaong tsa baapostolo. 3 Mme Petoro a re: “Anania, ke eng fa Satane a tladitse pelo ya gago go aketsa Mowa o o Boitshepo le go ngobetsa madi a mangwe a naga? 4 E rile e sa ntse e le teng, a e ne e se ya gago? Mme ya re e sena go rekisiwa, a madi a ne a se mo thateng ya gago? O tsenyeditseng tiro e mo pelong ya gago? Ga o a aketsa batho, o akeditse Modimo.” 5 Ya re Anania a utlwa mafoko a, a wela fa fatshe, a swa. Foo poifo e kgolo ya tlela batho botlhe ba ba utlwang. 6 Makau a nanoga, a mo phutha, a mo rwalela kwa ntle, a mo fitlha. 7 Ya re morago ga sebaka sa dinako tse di ka nnang tharo, mosadi wa gagwe le ene a tsena, a sa itse se se dirafetseng. 8 Petoro a mmotsa a re: “Mpolelele, a naga lo e rekisitse ka bokalo?” Ene a re: “Ee, ka bokalo.” 9 Ke fa Petoro a mo raya a re: “Ke go reng, fa lo dumalanye go leka Mowa wa Morena? Bona, dinao tsa ba ba fitlhileng monna wa gago di fa mojako, le wena ba tla go rwalela kwa ntle.” 10 Ka bonako a wela fa dinaong tsa gagwe, a swa; makau a tsena, a mo fitlhela a sule, a mo rwalela kwa ntle, a mo fitlha fa monneng wa gagwe. 11 Foo poifo e kgolo ya tlela phuthego yotlhe le botlhe ba ba utlwang dilo tse. Dikgakgamatso tsa baapostolo 12 Ditshupo le dikgakgamatso tse dintsi di ne di dirwa mo bathong ka diatla tsa baapostolo. Ba nna mmogo botlhe mo leobong la ga Salomo ka bongwefela jwa pelo. 13 Mme mo go ba bangwe ga bo go se ope yo o betang pelo go ikopanya nabo; mme morafe o ne o ba tlotla thata. 14 Mme ba ba dumelang mo Moreneng ba nna ba oketsega segolo, e le masomo a banna le basadi; 15 mo ba bileng ba ntshetsa balwetse mo mebileng, ba ba baya mo diphateng le mo malaong gore e re Petoro a tla, le fa e ka bo e le moriti wa gagwe fela, o ritifalele mongwe wa bone. 16 Le gona ga phuthega bontsi jo bo tswang mo metseng e e mo tikologong ya Jerusalema, ba tsisa balwetse le ba ba tshwenngwang ke mewa e e itshekologileng, mme ba fodisiwa botlhe. Kgolego ya baapostolo le kgololo e e gakgamatsang ya bone 17 Ke fa moperesiti yo mogolo a ema le botlhe ba ba nang nae, ba e leng lekoko la Basadukai, ba be ba tlala lefufa, 18 ba tshwara baapostolo, ba ba tsenya mo ntlong ya kgolegelo ya motse. 19 Mme moengele wa Morena a bula mejako ya ntlo ya kgolegelo bosigo, a ba ntshetsa kwa ntle a re: 20 “Yaang lo eme, lo bolelele batho mo Tempeleng mafoko otlhe a bophelo jo jwa tumelo!” 21 Ya re ba sena go utlwa, ba tsena mo Tempeleng ka masa, ba ruta. Jaanong moperesiti yo mogolo, ya re a sena go fitlha le ba ba nang nae, ba bitsa lekgotla le legolo, e bong bagolo botlhe ba Baiseraele, ba be ba roma kwa ntlong ya kgolegelo gore ba tsisiwe. 22 Ya re batlhanka ba fitlha teng, ba fitlhela ba se yo mo ntlong ya kgolegelo, ba be ba boa, ba bolela 23 ba re: “Re fitlhetse ntlo ya kgolegelo e tswetswe ka tlhomamo, le badisa ba eme fa mejako; mme e rile re sena go bula, ra se ka ra fitlhela ope mo teng.” 24 Ya re molaodi wa Tempele le baperesiti ba bagolo ba utlwa mafoko a, ba botsanya ka kgakgamalo gore selo se, se tla felela kae. 25 Mme ga fitlha mongwe, a ba bolelela a re: “Bonang, banna ba lo letseng lo ba tsentse mo ntlong ya kgolegelo ba eme mo Tempeleng, ba ruta batho.” Puelelo ya ga Gamaliele 26 Ya baa gona molaodi a tsamayang le batlhanka, ba ba tsisa, mme e seng ka thata; gonne ba ne ba boifa batho, e se re gongwe ba kgobotlediwa. 27 Ya re ba sena go ba tlisa, ba ba emisa fa pele ga lekgotla le legolo. Jaanong moperesiti yo mogolo a ba arabisa 28 a re: “A ga re a ka ra lo laya thata gore lo se tlhole lo ruta mo leineng le? Mme bonang, lo tladitse Jerusalema thuto ya lona, lo bile lo rata go baya madi a motho yoo mo go rona.” 29 Petoro le baapostolo ba araba ba re: “Ke tshwanelo go utlwa Modimo bogolo go batho. 30 Modimo wa borraetsho o tsositse Jesu yo lona lo mmolaileng ka go mo pega mo logonnye. 31 Ene yoo, Modimo o mo godisitse ka letsogo la ona le le jang, go nna Moeteledipele le Mopholosi gore a nee Iseraele tlhabologo le boitshwarelo jwa dibe. 32 Mme rona re basupi ba dilo tseo, le ona Mowa o o Boitshepo o Modimo o o neileng bone ba ba o utlwang.” 33 Ya re bone ba utlwa, ba betwa ke dipelo, ba rata go ba bolaya. 34 Jaanong ga ema mongwe mo lekgotleng le legolo, e le Mofarisai yo leina la gagwe e leng Gamaliele, moruta-molao yo o tlotliwang ke batho botlhe, a laela gore baapostolo ba name ba sa ntshediwe kwa ntle. 35 A ba a ba raya a re: “Lona banna ba Iseraele, lo itise ntlheng ya batho bao gore lo tla dira eng. 36 Gonne mo sebakeng sa pele go kile ga tsoga Theotase, a itira yo mogolo yo palo ya banna ba ba neng ba goga nae e neng e ka nna 400. Mme a bolawa, le botlhe ba ba neng ba mo utlwa ba faladiwa, ba nyelela. 37 Morago ga yoo ga tsoga Jutase wa Galelea ka malatsi a batho ba badilweng ka ona, a feretlha, a itatedisa lesomo la batho. Le ene a nyelela, le botlhe ba ba neng ba mo utlwa ba faladiwa. 38 Mme jaanong ke lo raya ke re: Tlogelang batho bao, lo ba lese; gonne fa kgakololo e gongwe tiro e, e tswa mo bathong, e tla senyega. 39 Mme fa e tswa mo Modimong, lo tla palelwa ke go senya tiro ya bone, e se re gongwe lwa fitlhelwa lo lwantsha Modimo.” Foo ba mo utlwa. 40 Ya re ba sena go bitsa baapostolo, ba ba betsa, ba ba iletsa gore ba se tlhole ba bua mo leineng la ga Jesu; ba be ba ba lesa ba tsamaya. 41 Ke fa bone ba tswa fa pele ga lekgotla le legolo, ba itumela ka ba kailwe ba na le tshwanelo ya go tlotlololwa ka ntlha ya leina la gagwe. 42 Mme ba se ka ba khutla, ba ruta ka letsatsi lengwe le lengwe mo Tempeleng le mo matlong, ba rera Efangele ya ga Jesu, fa e le ene Keresete. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa