Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ditiro 3 - Setswana 1970


Petoro le Johane ba fodisa motlhotsi

1 Petoro le Johane ba ne ba ya kwa Tempeleng ka nako ya thapelo, e bong ka nako ya boraro thapama.

2 Ke fa monna mongwe yo o tsetsweng a golafetse maoto a rwalwa a tsisiwa; ba ne ba tle ba mmee ka malatsi otlhe fa mojakong o o bidiwang “O montle” wa Tempele gore a kope dikatso mo go ba ba tsenang mo Tempeleng.

3 Ya re ene a bona Petoro le Johane ba re ba tsena mo Tempeleng, a kopa katso.

4 Petoro a mo tlhoma matlho, a na le Johane, a re: “Re lebe!”

5 Yoo a ba leba, a solofetse go amogela sengwe mo go bona.

6 Mme Petoro a mo raya a re: “Selefera le gouta ga ke na natso; mme se ke nang naso ke a se go naya: Mo leineng la ga Jesu Keresete wa Nasaretha, nanoga o tsamae!”

7 A ba a mo tshwara letsogo le le jang, a mo emisa; mme dinao tsa gagwe le malengana tsa akofa tsa tia.

8 A ragoga, a ema ka dinao, a tsamaya; a ba a tsena nabo mo Tempeleng, a tsamaya, a tlolaka, a baka Modimo.

9 Mme batho botlhe ba mmona a tsamaya, a baka Modimo;

10 ba bile ba bona gore ke ene yo o ne a tle a nnele dikatso fa mojakong o montle wa Tempele. Ba tlala kgakgamalo le tseano ka ga se se mo dirafaletseng.

11 Ya re a ntse a ngaparetse Petoro le Johane, batho botlhe ba taboga, ba ba kgobokanela kwa leobong le le bidiwang la ga Salomo ba gakgametse thata.


Thero ya ga Petoro ka ga motlhotsi

12 Ya re Petoro a bona jalo, a simolola go bua le batho a re: “Lona banna ba Iseraele, lo gakgamaleletseng motho yo? Lo tlhometseng matlho mo go rona, jaaka e kete re mo tsamaisitse ka thata gongwe poifo-Modimo ya rona?

13 Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Jakobe, Modimo wa borraetsho, o galaleditse Jesu, motlhanka wa ona, yo lona lo mo neetseng katlholong, lwa mo itatola fa pele ga sefatlhego sa ga Pilato, ene a ikaeletse go mo golola.

14 Mme lona lwa itatola Moitshepi le Mosiami, lwa kopa gore lo gololelwe monna wa mmolai,

15 lwa bolaya Moeteledipele go ya botshelong. Ke ene yo Modimo o mo tsositseng mo baswing, mo re leng basupi ba gona.

16 Ke ka go dumela mo leineng la gagwe, fa leina la gagwe le tiisitse monna yo, yo lo mmonang, lo mo itseng. Mme tumelo e e tlang ka ene Jesu e mo neile boitekanelo jo bo tletseng jo fa pele ga lona lotlhe.

17 “Mme jaanong, ba ga etsho, ke itse gore lo dirile jalo ka go tlhoka go itse, fela jaaka le bone balaodi ba lona.

18 Mme tse Modimo o di boleletseng pele ka melomo ya baporofeti botlhe gore Keresete wa ona o tla bogisega, o di dirafaditse jalo.

19 Jaanong he, fetogang pelo lo sokologe gore dibe tsa lona di phimolwe,

20 gore go tle go tle metlha ya tapologo e e tswang sefatlhegong sa Morena, mme a rome yo o beilweng go nna Keresete wa lona, e bong Jesu,

21 yo legodimo le tshwanetseng go mo tshola go fitlha metlheng ya go siamisa dilo tsotlhe, e Modimo o buileng ka ga yona ka melomo ya baporofeti ba ona ba ba boitshepo go tloga bogologolo.

22 Moše o kile a raya borraetsho a re: ‘Morena, Modimo wa lona, o tla lo tsosetsa moporofeti yo o tshwanang le nna, a tswa mo losikeng lwa lona; ene yoo lo mo reetse mo go tsotlhe tse o tla di buang le lona.

23 Mme go tla dirafala gore mongwe le mongwe yo o se kitlang a utlwa moporofeti yoo, a bolawe, a kumolwe mo morafeng.’

24 Le bone baporofeti botlhe ba ba buileng go simolola ka Samuele le ba ba tsileng morago, ba boletse ka ga ona malatsi ano.

25 Ke lona bana ba baporofeti le ba kgolagano e Modimo o e dirileng le borraeno, fa o raya Aborahame o re: ‘Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka losika lwa gago.’

26 Ke lona ba Modimo o lo tsoseditseng Motlhanka wa ona, wa mo romela go tshegofatsa lona pele ka go sokolola mongwe le mongwe wa lona mo bosuleng jwa gagwe.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan