Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ditiro 27 - Setswana 1970


Paulo o isiwa kwa Roma

1 E rile leeto la rona la go isiwa kwa Italia ka mokoro le sena go rulaganngwa, Paulo le bagolegwi ba bangwe ba neelwa mo thateng ya molaodi mongwe wa lekgolo yo leina la gagwe e leng Juleo, wa mophato wa Kaisara.

2 Ra palama mokoro mongwe wa Ateramite o o neng o ya kwa mafelong a Asia a a ikamileng lewatle. Ra tsamaya re na le Aristarego wa kwa Thesalonika mo nageng ya Maketonia.

3 Ya re ka moso ra fitlha kwa Sitone. Mme Juleo a direla Paulo ka bopelontle, a mo letlelela go ya kwa ditsaleng tsa gagwe gore a bone tlamelo.

4 Ya re re tloga teng, ra tsamaya re ikamile Kipero; ka gonne diphefo di ne di lebaganye le rona.

5 Fa re sena go kgabaganya lewatle le le bapileng le Kilekia le Pamefilia, ra fitlha kwa Mira wa Lekia.

6 Teng molaodi-wa-lekgolo a fitlhela mokoro wa Aleksanteria o o yang kwa Italia; a ba a re palamisa mo go ona.

7 Ya re re sena go tsamaya ka bonya malatsi a se kae, ra fitlha go lebagana le Kenito ka bothata; e re ka phefo e ne e re thibela, ra tsamaya re ikamile Kereta go lebagana le Salemone;

8 ra tsamaya ka bothata, re ntse re ikamile losi, ra ba ra fitlha felong gongwe fa go bidiwang Magorogelo-mantle, gaufi le motse wa Lasea.

9 E re ka sebaka se seleelenyana se ne se fetile le go eta mo lewatleng go setse go tshabega, ka malatsi a go itima dijo le ona a setse a fetile, Paulo a ba gakolola a re:

10 “Banna, ke lemoga gore leeto le tla nna le tlalelo le tshenyegelo e kgolo, e seng fela ya morwalo le ya mokoro, mme le yona ya maphelo a rona.”

11 Mme molaodi-wa-lekgolo a utlwa motsamaisi wa mokoro le mong wa ona bogolo go tse di buiwang ke Paulo.

12 Ya re ka magorogelo a sa siamela go nnela mariga teng, bontsi jwa banna jwa gakolola gore ba tswe teng, e tle e re fa go kgonega, ba fitlhe kwa Fenikise yo e leng magorogelo a Kereta a a lebileng kwa botsheka jwa borwa le jwa bokone ntlheng ya bophirimatsatsi, ba nnele mariga teng.


Tlalelo ya ledimo

13 Jaanong e rile phefonyana ya borwa e foka, ba ithaya ba re, ba ka dirafatsa maikaelelo a bone, ba somola dikgoge, ba tsamaya, ba bapile le Kereta.

14 Mme morago ga sebakanyana ga fologa ledimo teng le le tswang kwa botsheka jwa botlhabatsatsi le bokone.

15 Ya re ka mokoro o tsewa ke phefo, o retelelwa ke go lebagana nayo, ra ineela, ra kgweediwa.

16 Ra feta re ikamile setlhakenyana sengwe se se bidiwang Kelauta, ra batla go palelwa ke go tshegetsa mokorwana.

17 Ya re ba sena go o pega mo mokorong, ba tiisa mokoro ka go o bofa kwa tlase ka dithapo; mme ka ba boifa gore ba tla kgaramelediwa kwa Siretise, ba folosa diseile, ba kgweediwa fela jalo.

18 Ya re ka moso re pitlaganngwa thata ke ledimo, ba latlhela dithoto dingwe mo lewatleng.

19 Mme ka letsatsi la boraro ra latlhela didiri tsa mokoro mo lewatleng ka diatla.

20 Ya re ka letsatsi le dinaledi di ntse di sa bonale ka malatsi a le mantsi, e bile re pitlagantswe ke ledimo le legolo, la bofelo tsholofelo yotlhe ya nyelela ya gore re ka phologa.

21 Ga feta sebaka se seleele go sa jewe; ke fa Paulo a ema mo gare ga bone, a ba raya a re: “Banna, fa lo ka bo lo ntheeditse, lwa se ka lwa tloga mo Kereta, lo ka bo lo sa bone tlalelo e le tshenyegelo e.

22 Mme jaanong ke lo kgothatsa gore lo namatshege; gonne ga go nke go senyega bophelo jwa ga ope mo go lona, fa e se mokoro o le osi fela.

23 Gonne moengele wa Modimo o ke leng wa ona, o ke bileng ke o direla, o letse a eme fa go nna,

24 a nthaya a re: ‘Paulo, se boife! O tshwanetse go ema fa pele ga Kaisara; mme itse gore Modimo o tla pholosa botlhe ka ntlha ya gago ba ba etang nao mo mokorong.’

25 Ka moo he, banna, namatshegang; gonne ke dumela Modimo gore go tla nna fela jaaka ke boleletswe.

26 Mme fela re na le go kgaramelediwa kwa setlhakeng sengwe.”


Mokoro o a robega, batho ba a ipholosa

27 E rile e le bosigo jwa 14 re ntse re kgarakgatshiwa mo lewatleng la Ateria, e ne e ka nna gare ga bosigo, badiri-mokorong ba lemoga gore ba atamela lefatshe lengwe.

28 Ba lekanya boteng, ba fitlhela e le dikgato di le 40; fa ba sena go tswelela kwa pelenyana, ba fitlhela e le dikgato di le 30.

29 Jaanong ka ba boifa gore gongwe re ka thula mafika, ba digela dikgoge di le nne ka kwa morago ga mokoro; ba be ba eletsa gore bo se.

30 Mme ya re badiri-mokorong ba rata go ngwega mo go ona, e bile ba setse ba foloseditse mokorwana mo lewatleng ka go ipata ba re, ba ya go digela dikgoge le ka kwa pele ga mokoro,

31 Paulo a raya molaodi-wa-lekgolo le batlhabani a re: “Fa ba, ba ka tlogela mokoro, ga lo ka ke lwa phologa.”

32 Ya baa gona batlhabani ba kgaolang megala ya mokorwana, ba o lesa wa ya.

33 Ya re bo batla go sa, Paulo a nametsa botlhe gore ba je, a re: “Gompieno ke letsatsi la 14 lo ntse lo lebeletse, lo itimile dijo, lo sa je sepe.

34 Ke ka moo ke lo kgothatsang gore lo je; gonne go tla lo thusa go ka falola; kana ga go kitla go latlhega thiri ya ga ope wa lona mo tlhogong.”

35 Ya re a sena go bua jalo, a tsaya senkgwe, a leboga Modimo fa pele ga botlhe, a se nathoganya, a simolola go ja.

36 Jaanong ba namatshega botlhe; le bone ba a ja.

37 Rona rotlhe mo mokorong re ne re le batho ba ba 276.

38 Fa ba sena go kgora, ba imolola mokoro ka go tshololela mabele mo lewatleng.

39 Fa bo sena go sa, ba se ka ba bona lefatshe sentle, mme ba lemoga segoro sengwe se se nang le losi lwa motlhaba; jaanong ba ikaelela go kgweeletsa mokoro kwa go sona, fa ba ka kgona.

40 Ba kgaola dikgoge, ba di tlogela mo lewatleng, ba be ba funolola megala ya dipati tse di sokololang mokoro; ya re ba sena go tsholeletsa seile e e kwa pele kwa phefong, ba leba kwa losing.

41 Mme ya re ka ba fitlha mo thotaneng ya motlhaba e e kgaoganyang metsi, ba tsenya mokoro teng; sehuba sa ona sa tlhaba, sa tsepama; marago ona a thujwa ke thata ya maphoto.

42 Jaanong batlhabani ba ne ba ikemisetsa go bolaya bagolegwi, e se re gongwe bangwe ba šapela kwa lefatsheng, ba ngwega.

43 Ya re ka molaodi-wa-lekgolo a rata go boloka Paulo, a ba kganela go dirafatsa maikaelelo ao; a ba a laola gore ba ba itseng go šapa, ba itatlhele pele mo lewatleng gore ba fitlhe kwa lefatsheng,

44 mme ba ba setseng ba ithuse, bangwe ka dipati, ba bangwe ka dilo tse dingwe tsa mokoro. Botlhe ba falolela jalo kwa lefatsheng.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan