Ditiro 25 - Setswana 1970Paulo o lopa go atlholwa ke Kaisara 1 Jaanong e rile Feseto a sena go fitlha mo karolong eo ya puso, a tloga kwa Kaisarea morago ga malatsi a mararo, a ya kwa Jerusalema. 2 Foo baperesiti ba bagolo le batlotlegi ba Bajuta ba mmegela molato wa ga Paulo, ba mo emelela, 3 ba kopa gore a ba itumedise kgatlhanong le ene ka go mmiletsa kwa Jerusalema; fela bone ba ne ba mo laletse go tla mmolaela mo tseleng. 4 Jaanong Feseto a fetola a re: “Paulo o disitswe kwa Kaisarea; le nna ka nosi ke tla tloga ke boela teng.” 5 A ba a re: “Jaanong a ba ba nang le thata mo go lona ba tsamae le nna; e tle e re fa go na le tshokamo nngwe mo monneng yoo, ba e supe.” 6 Ya re a sena go tlhola nabo malatsi a a nnang robedi gongwe some, a boela kwa Kaisarea. Ka moso a nna mo sedulong sa katlholo, a laela gore Paulo a tsisiwe. 7 Ya re a sena go tla, Bajuta ba ba tswang kwa Jerusalema ba mo dikanyetsa, ba mmaya melato e mentsi e megolo e ba sa ka keng ba e supa. 8 Paulo ene a ikarabela a re: “Ga ke a leofela molao wa Bajuta le e seng Tempele le e seng Kaisara.” 9 Mme Feseto, ya re ka a rata go kgatlha Bajuta, a botsa Paulo a re: “A o rata go ya kwa Jerusalema go atlholwa teng fa pele ga me ka ga dilo tse?” 10 Ke fa Paulo a re: “Ke eme fa pele ga sedulo sa katlholo sa Kaisara, fa ke tshwanetseng go atlholwa teng; Bajuta ga ke a ba siamololela ka sepe jaaka le wena o itse sentle. 11 Jaanong fa ke siamolotse, ke dirile sengwe se se tshwanetseng loso, ga ke gane go swa; mme fa go se na nnete mo go tse ba ntatofatsang ka tsona, ga go ope yo o tshwanetseng go nneela mo thateng ya bone. Ke ipiletsa Kaisara.” 12 Feseto, fa a sena go gakololana le ba lekgotla, a mo araba a re: “O ipileditse Kaisara, o tla ya kwa go Kaisara.” Kgosi Ageripa le Berenike kgaitsadie ba etela Feseto 13 E rile malatsi mangwe a sena go feta, kgosi Ageripa le Berenike ba fitlha mo Kaisarea gore ba dumedise Feseto. 14 Ya re ba sena go nna teng malatsinyana, Feseto a bolelela kgosi kgang ya ga Paulo a re: “Go na le monna mongwe mono yo Felekise a mo tlogetseng, a golegilwe. 15 E rile ke le kwa Jerusalema, baperesiti ba bagolo le bagolo ba Bajuta ba mpegela molato wa gagwe, ba batla gore a atlholwe. 16 Mme ka ba araba ka re, ga se mokgwa wa Baroma go neela motho ope mo petsong, fa yo o latofadiwang a ise a lebagane le ba ba mmayang molato, gore a nne le go ka ikarabela ka ga molato o a o bewang. 17 Jaanong ya re ba sena go phuthega mono, ka se ka ka diega; ka moso ka nna mo sedulong sa katlholo, ka laela gore monna yoo a tlisiwe. 18 Mme ya re ba ba mo latofatsang ba ema, ba se ka ba supa molato ope wa tse di bosula, tse ke neng ke di gopotse; 19 mme ba bo ba na le dikganetsanyo dingwe nae ka ga tumelo ya bone le ka ga mongwe yo o bidiwang Jesu yo o suleng, yo Paulo o tlhomamisang gore o a phela. 20 Nna ya re ka ke akabadiwa ke go tlhotlhomisa dilo tse, ka mmotsa fa a rata go ya kwa Jerusalema le go atlholwa teng ka ga dilo tse. 21 Mme ya re Paulo a sena go rapela gore a nne mo kgolegong, a lete katlholo ya Kaisara, ka laela gore a disiwe go ya ke be ke mo romele kwa go Kaisara.” 22 Jaanong Ageripa a raya Feseto a re: “Le nna ke rata go utlwa motho yoo.” Ene a re: “O tla mo utlwa kamoso.” 23 Kamoso Ageripa a tla le Berenike ka tlotlomalo e kgolo, ba tsena mo ntlong ya lekgotla le balaodi-ba-sekete le banna ba ba tlotlegang ba motse. Ke fa Paulo a tsisiwa ka taelo ya ga Feseto. 24 Feseto a bua a re: “Kgosi Ageripa le banna botlhe, ba lo nnang le rona fano, lo a mmona, yo bontsi jotlhe jwa Bajuta ba nthapetseng ka ga gagwe kwa Jerusalema le mono, ba kua ba re: ‘Ga a tlhole a tshwanela go phela.’ 25 Mme nna ka fitlhela a sa dira sepe se se tshwanetseng loso; mme e re ka ene ka esi a ipileditse Kaisara, ka atlhola go mo romela teng. 26 Mme fela, ga ke na sepe sa tlhomamo se nka se kwalelang morena ka ga gagwe. Ke ka moo ke mo tlisitseng fa pele ga lona, bogolo fa pele ga gago, kgosi Ageripa, gore e tle e re morago ga potsolotso ke nne le sengwe se nka se kwalang; 27 gonne mo go nna ke bosilo, fa go ka romelwa mogolegwi, mme go sa bolelwe melato e a e bewang.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa