Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ditiro 24 - Setswana 1970


Paulo o sekisiwa fa pele ga Felekise

1 E rile morago ga malatsi a le matlhano Anania, moperesiti yo mogolo, a tla le bagolo ba morafe bangwe le mmueledi mongwe, e bong Teretulo, ba begela molaodi yo mogolo Paulo.

2 Ya re Paulo a sena go bidiwa, Teretulo a simolola go mo latofatsa a re: “E re ka re bona kagiso e kgolo ka wena, le ka morafe ono o direlwa ditlhabololo ka tlamelo ya gago

3 ka mekgwa yotlhe le mo ntlheng tsotlhe, re amogela gona ka tebogo yotlhe, wena Felekise yo o tlotlegang segolo.

4 Mme fela, ka ke sa rate go go dia, ke go rapela gore o re reetse go se kae ka bopelonomi jwa gago.

5 Re fitlhetse monna yo a le botlhole, a feretlha mo Bajuteng botlhe mo lefatsheng lotlhe; e bile ke moeteledi pele wa setlhopha sa maitirelo sa Banasaretha.

6 O bile o lekile go itshepolola Tempele; mme ra mo tshwara, ra rata go mo atlhola ka fa molaong wa rona.

7 Mme Lisia, molaodi-wa-sekete, a tla, a mo ubula ka thata e kgolo mo diatleng tsa rona,

8 a laela balatofatsi ba gagwe gore ba tle fa pele ga gago. O tla kgona go tlhaloganya dilo tsotlhe tse re mmayang molato ka tsona, fa o ka mmotsolotsa ka wesi.”

9 Bajuta le bone ba mo tlatsa, ba tlhomamisa gore go ntse jalo.


Boikarabelo jwa ga Paulo

10 Ya re molaodi yo mogolo a sena go mo gwetlha gore a bue, Paulo a araba a re: “E re ka ke itse gore e setse e le dinyaga tse dintsi o ntse o le moatlhodi wa morafe o, ke ikarabela ka phuthologo ntlheng ya tse di ntebanyeng;

11 o ka lemoga gore fa ke sena go ya kwa Jerusalema go obamela, ga go ise go fete malatsi a le 12;

12 mme ga ba ise ba mphitlhele ke ganetsanya le ope mo Tempeleng, gongwe ke dira khuduego mo bontsing le e seng mo disenagogeng gongwe mo motseng.

13 Le gona ga ba ka ke ba go tlhomamisetsa sepe ka ga dilo tse ba ntatofatsang ka tsona jaanong.

14 “Mme ke go ipobolela gore ka nnete ke direla Modimo wa borraetsho ka fa Tseleng e ba reng ke ya setlhopha sa maitirelo, ke ntse ke dumela tsotlhe tse di utlwanang le molao le tse di kwadilweng mo baporofeting,

15 ke na le tsholofelo mo Modimong ya se le bone ba se lebelelang gore go tla nna tsogo ya basiami le ya basiamolodi.

16 Ke bile ke ntse ke itlwaetsa go nna le segakolodi se se se nang molato ka gale mo Modimong le mo bathong.

17 “Mme morago ga dinyaga di se kae ka tla go tsisetsa morafe wa ga etsho dikatso le go isa ditshupelo.

18 Ya re ke di isa, Bajuta bangwe ba kwa Asia ba mphitlhela mo Tempeleng ke itshekisitswe, go se na bontsi jwa batho le e seng modumo;

19 ke bone ba ba ka bong ba le fano fa pele ga gago ba supa molato, fa ba o bona mo go nna.

20 Gongwe a bone ba ka bosi ba bolele tshiamololo e ba e bonyeng mo go nna, fa ke ne ka ema fa pele ga lekgotla le legolo la bone.

21 Kampo ba mpona molato ka ntlha ya lefoko le le lengwe lele le ke le kuileng ke eme mo gare ga bone ka re: ‘Ke sekisiwa kajeno ke lona ka ntlha ya tsogo ya baswi.’ ”


Paulo fa pele ga Felekise le Durusila

22 Mme Felekise, e re ka a ne a itse tse dintsi tsa Tsela ya bokeresete, a busetsa kgang kwa morago a re: “E tla re Lisia, molaodi-wa-sekete, a sena go tla, ke atlhole kgang ya lona.”

23 Jaanong a laela molaodi-wa-lekgolo gore a mo dise, mme a se ka a tshwenngwa; go se thibelwe ope wa ba ga gabo go mo direla gongwe go mo etela.

24 E rile morago ga malatsi mangwe Felekise a tla le Durusila, mohumagadi wa gagwe wa Mojuta; a bitsa Paulo, a mo reetsa, a bolela ka ga tumelo ya go dumela mo go Keresete Jesu.

25 Mme ya re a ntse a bua ka ga tshiamo le ka ga boitshwaro le ka ga katlholo e e tlang, Felekise a tshoga, a ba a mo araba a re: “Gompieno o ka tsamaya; e tla re ke sena go bona nako, ke go bitse.”

26 E bile o ne a solofetse gore o tla newa madi ke Paulo gore a mo golole; ke ka moo a mmiditseng gangwe le gape, a buisanya nae.

27 E rile dinyaga tse pedi di sena go feta, Porekio Feseto a tsena mo boemong jwa ga Felekise; mme ya re ka Felekise a ne a rata go kgatlha Bajuta, a tsamaya, a sa golola Paulo.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan