Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ditiro 22 - Setswana 1970


Paulo o a ikarabela
( Dit. 9:1-19 ; 26:12-18 )

1 “Ba ga etsho le borra, utlwang boikarabelo jwa me mo go lona.”

2 Ya re ba utlwa gore o bua nabo ka Sehebere, ba didimala bogolo; mme a tswelela pele a re:

3 “Nna ke monna wa Mojuta, ke tsaletswe kwa Tareso wa Kilekia, mme ka godisediwa mo motseng ono, ka rutwa molao wa borraetsho fa dinaong tsa ga Gamaliele ka tlhokomelo e kgolo, ke le yo o tlhoafalelang Modimo jaaka lona lotlhe lo dira gompieno.

4 Ka bogisa Tsela e ya bokeresete go isa losong, ka golega banna le basadi, ka ba tsenya mo matlong a kgolegelo,

5 jaaka le ene moperesiti yo mogolo le lesomo lotlhe la bagolo ba ka supa ka ga me. Ke bile ka tsaya dikwalo mo go bone tse di yang kwa go ba ga etsho ba Damaseko, ka etela teng gore le ba ba teng ke ba golege, ke ba tsise kwano Jerusalema, ba tle ba fiwe petso.

6 “Jaanong ya re ke ntse ke tsamaya, ke atametse Damaseko, go le motshegare, lesedi le legolo le le tswang legodimong le phatsima tikologong ya me ka tshoganyetso,

7 ka wela fa fatshe, ka utlwa lentswe le nthaya le re: ‘Saule, Saule, o mpogisetsang?’

8 Ka araba ka re: ‘Morena, o mang?’ A nthaya a re: ‘Ke nna Jesu wa Nasaretha yo ò mmogisang.’

9 Mme ba ba neng ba na le nna ba bona lesedi, ba boifa, fela ba se ka ba utlwa lentswe la yo o buang le nna.

10 Ka ba ka re: ‘Morena, ke direng?’ Morena a nthaya a re: ‘Nanoga o tsene mo Damaseko, teng o tla bolelelwa tsotlhe tse o laotsweng go di dira.’

11 Mme ka ke ne ke sa bone ka ntlha ya kgalalelo ya lesedi leo, ka gogwa ka letsogo ke ba ba neng ba na le nna, ka fitlha kwa Damaseko.

12 “Mme Anania mongwe, monna yo o boifang Modimo ka fa molaong, yo o neng a na le tumo e e molemo mo Bajuteng botlhe ba ba agileng teng,

13 a tla kwa go nna, a ema teng, a nthaya a re: ‘Saule, mokaulengwe, boa o bone!’ Ka foufologa e sa le ka nako eo, ka mmona.

14 A ba a re: ‘Modimo wa borraetsho o go itlhaoletse pele gore o itse thato ya ona, le go bona Mosiami le go utlwa lentswe le le tswang mo molomong wa gagwe;

15 gonne o tla nna mosupi wa gagwe mo bathong botlhe, o supa tse o di bonyeng le tse o di utlwileng.

16 Jaanong o diegelang? Nanoga o kolobediwe, o be o tlhapisiwe dibe tsa gago o ntse o bitsa leina la gagwe!’

17 “E rile ke boetse kwano Jerusalema, ke rapela mo Tempeleng, ka wela mo tshiramong ya pelo,

18 ka mmona, a nthaya a re: ‘Itlhaganele o tswe mo Jerusalema ka bonako; gonne ga ba nke ba tshola tshupo ya gago ka ga me.’

19 Nna ka bua ka re: ‘Morena, ba itse ka bosi gore ba ba dumetseng mo go wena ke ba tsentse mo kgolegong, ka ba betsa mo disenagogeng;

20 le gona e rile madi a ga Setefane, mosupi wa gago, a tshololwa, le nna ka nosi ka bo ke eme teng, ke dumelelana le go bolawa ga gagwe, ke disitse dikobo tsa ba ba mmolayang.’

21 Mme a nthaya a re: ‘Tloga o tsamae; gonne ke tla go romela kwa kgakala kwa baheitaneng.’ ”


Paulo o femelwa ke molaodi wa batlhabani

22 Ba nna ba mo reetsa go fitlha mo lefokong le; ya baa gona ba tsholetsang mantswe ba re: “A yo o ntseng jaana a tlosiwe mo lefatsheng; gonne ga go a tshwanela gore a phele!”

23 Ya re ba ntse ba kua, ba latlha dikobo, ba kubuela lorole kwa godimo,

24 molaodi-wa-sekete a laola gore a isiwe mo kagong ya batlhabani, a re, a botsolodiwe ka dithupa, a tle a lemoge gore ke ka ntlha ya eng, fa ba mo kuelela jalo.

25 Jaanong ya re ba mo ngamola ka dikgole, Paulo a raya molaodi-wa-lekgolo yo o emeng teng a re: “A lo letleletswe go seola motho yo e leng Moroma, a bile a ise a atlholwe?”

26 Ya re molaodi-wa-lekgolo a sena go utlwa, a ya kwa molaoding-wa-sekete, a mo raya a re: “O tla reng? Motho yo ke Moroma.”

27 Ga tla molaodi-wa-sekete, a mmotsa a re: “Mpolelele, a o Moroma?” Ene a re: “Ee.”

28 Molaodi-wa-sekete a mo fetola a re: “Boroma joo ke bo rekile ka madi a mantsi.” Paulo ene a re: “Mme nna ke tsetswe ke le Moroma.”

29 Ya baa gona ba ba neng ba re ba a mmotsolotsa ba akofang ba tloga fa go ene; molaodi-wa-sekete le ene a boifa, a sena go utlwa gore ke Moroma, ka a mo golegile.


Paulo mo lekgotleng le legolo la Bajuta

30 Ya re ka moso, ka molaodi a rata go itse ka tlhomamo se Bajuta ba mmonang molato ka sona, a mmofolola dikgolego; a ba a laola gore baperesiti ba bagolo le lekgotla le legolo lotlhe ba phuthege; a folosa Paulo, a mmaya fa pele ga bone.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan