Ditiro 21 - Setswana 1970Leeto la ga Paulo la go ya kwa Jerusalema 1 E rile re sena go kgaogana nabo, ra tsamaya ka mokoro, ra tlhamalalela kwa Kose; ka moso ra ya kwa Roto, ra tswa teng, ra fitlha kwa Patara. 2 Ra fitlhela mokoro o o kgabaganyetsang kwa Fenikia, ra o palama, ra tsamaya. 3 Ya re re bona setlhakatlhake sa Kipero, ra se pota ka fa molemeng, ra fetela kwa Siria, ra goroga mo Tiro; gonne ke gona fa mokoro o neng o tla pagololwa morwalo teng. 4 Ya re re bona barutwa, ra tlhola malatsi a a supang teng; mme bao ba bolelela Paulo ka Mowa gore a se ka a ya kwa Jerusalema. 5 Ya re re sena go swetsa malatsi ao, ra tloga, ra tswelela, bone botlhe ba na le basadi le bana ba re buledisa, go ya re be re tswe mo motseng; ra khubama fa losing lwa lewatle, ra rapela. 6 Jaanong ra dumedisanya, ra palama mokoro, bone ba boela kwa gae. 7 Ya re re fetsa leeto la go tswa kwa Tiro, ra fitlha kwa Petolemai, ra dumedisa badumedi, ra tlhola nabo letsatsi le le lengwe fela. 8 Ka moso ra tloga, ra ba ra fitlha kwa Kaisarea; teng ra tsena mo ntlong ya ga Filipo wa moefangele yo e neng e le mongwe wa ba supa, ra tlhola nae. 9 Yoo a bo a na le bomorwadie ba le bane, e le makgarebe a a nang le neo ya boporofeti. 10 Ya re re sena go nna teng malatsi a se kae, ga tla moporofeti mongwe, a tswa Jutea yo go tweng Agabo. 11 A fitlha fa go rona, a tsaya moitlamo wa ga Paulo, a ipofa maoto le mabogo a re: “Mowa o o Boitshepo o bua jaana o re: ‘Mong wa moitlamo o, Bajuta ba tla mmofa jalo kwa Jerusalema, ba mo neela mo diatleng tsa baheitane.’ ” 12 Ya re re utlwa jalo, ra mo rapela, rona le ba felo foo, gore a se ka a ya kwa Jerusalema. 13 Foo Paulo a araba a re: “Lo dirang ka go lela, lo mphatlola pelo? Kana ke iketleeditse go swela leina la Morena Jesu kwa Jerusalema, e seng go golegwa fela.” 14 Mme ya re a gana go rapelesega, ra ineela ra re: “A thato ya Morena e dirafale!” 15 Morago ga malatsi ao ra ipaakanya, ra ya kwa Jerusalema. 16 Bangwe ba barutwa ba Kaisarea le bone ba ya le rona, ba re isa kwa go mongwe e bong Menasone wa Kipero, morutwa wa bogologolo, yo re yang go nna kwa ga gagwe. Kopano ya ga Paulo le baapostolo 17 E rile re fitlha kwa Jerusalema, bakaulengwe ba re tshola ka boitumelo. 18 Ka moso Paulo a ya le rona kwa go Jakobo; bagolo botlhe ba phuthegela teng. 19 Ya re a sena go ba dumedisa, a ba bolelela sengwe le sengwe se Modimo o se dirileng mo baheitaneng ka tirelo ya gagwe. 20 Mme bone, ya re ba utlwa, ba galaletsa Modimo, ba mo raya ba re: “Mogarona, o a bona gore ke dikete tse di kana kang tsa Bajuta ba ba dumetseng; mme botlhe ba tlhoafaletse molao. 21 Ba boleletswe ka ga gago ga twe: O ruta Bajuta botlhe ba ba mo go Baditšhaba gore ba hularele Moše, o a re, ba se rupise bana le e seng go tsamaya ka fa mekgweng ya segarona. 22 Mme jaanong go ka tweng? Go tshwanetse ga nna pitso ya phuthego; kana ba tla utlwa gore o tsile. 23 “Ka moo he, dira se re se go rayang. Re na le banna ba le bane ba ba nang le ikano; 24 ba tsee, o itshekisiwe nabo, o ba duelele gore ba tle ba beolwe ditlhogo; mme botlhe ba tla itse gore tse ba di boleletsweng ka ga gago ga se tsona, mme le wena ka wesi o sepela o tshegeditse molao. 25 Fa e le Baditšhaba ba ba dumetseng re ba kwaletse katlholo ya rona gore ba se ka ba tshegetsa sepe sa dilo tse, mme ba ikilele mo nameng ya ditlhabelo tsa medimo le mo mading le mo go tse di betilweng le mo boakeng fela.” 26 Foo Paulo a tsaya banna bao; mme ya re ka moso a itshekisiwa nabo, a tsena mo Tempeleng, a bolela gore sebaka sa malatsi a boitshekiso se tla fela leng, a nna teng go ya mongwe le mongwe wa bone a be a isediwe setlhabelo. Pheretlhego ya Bajuta mo Jerusalema 27 Jaanong e rile malatsi ao a supa a le gaufi le go fela, Bajuta ba ba tswang kwa Asia ba mmona mo Tempeleng, ba feretlha bontsi jotlhe, ba mo tshwara, 28 ba kua ba re: “Banna ba Iseraele, thusang! Motho yo ke ene yo o rutang botlhe mo ntlheng tsotlhe ka mokgwa o o thulanang le morafe wa ga rona le molao le Felo fa; e bile o tlisitse Bagerika mo Tempeleng, a itshepolola Felo-fa-go-Boitshepo fa.” 29 Ba re jalo ka gonne ba ne ba bonye Terofimo wa Efeso, a na le ene mo motseng, yo ba itlhomileng gore Paulo o mo isitse mo Tempeleng. 30 Motse otlhe wa kgoberega, ga nna kgobokano ya batho; jaanong ba tshwara Paulo, ba mo swatolela kwa ntle ga Tempele; mme ka bonako mejako ya tswalwa. Kgolego ya ga Paulo 31 Ya re ba rata go mmolaya, molaodi wa mophato o o sekete a itsisiwe gore Jerusalema yotlhe o feretlhegile. 32 A akofa a tsaya batlhabani le balaodi-ba-lekgolo, a tabogela kwa go bone. Mme ya re ba bona molaodi-wa-sekete le batlhabani, ba khutla go betsa Paulo. 33 Foo molaodi-wa-sekete a atamela, a mo tshwara, a laola gore a golegwe ka dikeetane di le pedi; a ba a botsa gore ke mang, le gore o dirile eng. 34 Mme bangwe mo bontsing ba kua se, ba bangwe se sele; ya re ka a retelelwa ke go lemoga tlhomamo ka ntlha ya pheretlhego, a laola gore a isiwe mo kagong ya batlhabani. 35 Ya re a fitlha fa mapalamong, a rwalwa ke batlhabani ka ntlha ya bogale jwa batho. 36 Gonne bontsi jwa morafe bo ne bo ba setse morago, bo kua bo re: “A a bolawe!” 37 Ya re fa Paulo a tla isiwa mo kagong ya batlhabani, a raya molaodi-wa-sekete a re: “A nka bua sengwe nao!” Ene a araba a re: “A o itse Segerika? 38 A ga se wena Moegepeto yo maloba o tsositseng pheretlhego, wa gogela babolai ba ba dikete tse nne kwa sekakeng?” 39 Paulo a araba a re: “Ke Mojuta wa kwa Tareso wa Kilekia, moagi wa motse o o itsegeng; ke a go rapela, ntetlelele go bua le batho.” 40 Ya re a sena go mo letlelela, Paulo a ema mo mapalamong, a boka batho ka letsogo; mme ya re go sena go nna tidimalo e kgolo, a bua nabo ka Sehebere a re: |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa