Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ditiro 20 - Setswana 1970


Paulo o ya kwa lefatsheng la Bagerika le kwa Teroase

1 E rile pheretlhego e sena go khutla, Paulo a bitsa barutwa, a ba kgothatsa; a ba a ba sadisa sentle, a bolola go ya kwa Maketonia.

2 A ralala dinaga tsa teng, a ba nametsa ka mafoko a mantsi, a ba a fetela kwa lefatsheng la Bagerika,

3 a nna teng dikgwedi tse tharo. Ya re ka Bajuta ba mo laletse, fa a re o ya kwa Siria ka mokoro, a fetoga maikaelelo, a potologa ka tsela ya Maketonia.

4 O ne a patwa ke Sopatere, morwa Piro wa Berea, le Aristarego le Sekunto, e le ba Thesalonika, le Gayo wa Derebe, le Timotheo, le ba kwa Asia, e bong Tigiko le Terofimo.

5 Bone ba ne ba fetetse kwa pele, mme ba re leta kwa Teroase.

6 Mme rona ra tswa mo Filipi ka mokoro morago ga malatsi a Dinkgwe tse di sa bedisiwang, ra ba fitlhela kwa Teroase morago ga malatsi a matlhano, ra tlhola teng malatsi a supa.


Eutigo o a tsosiwa

7 E rile ka letsatsi la ntlha la beke, fa re phuthegetse go nathoganya senkgwe, Paulo a bua nabo, a ikaeletse go tsoga a tsamaya; mme a rera nako e telele go fitlha gare ga bosigo.

8 Ga bo go le dipone tse dintsi mo ntlong e e fa godimo, kwa re phuthegetseng teng.

9 Jaanong lekau lengwe le leina la lone e leng Eutigo, le le ntseng mo fenstereng, la tshwarwa ke boroko jo bogolo, Paulo a sa ntse a buela pele; mme ka le fentswe ke boroko, la wela fa fatshe go tswa kwa ntlong ya boraro e e kwa godimo, la tsewa le sule.

10 Mme Paulo a fologa, a mo wela godimo, a mo tlamparela a re: “Se tsoseng modumo; gonne mowa wa gagwe o sa le mo go ene.”

11 A ba a tlhatloga, a nathoganya senkgwe, a ja, a bua nabo go le goleele go ya bosigo bo be bo se, ya baa gona a tlogang.

12 Ba tsisa mosimane a phedile, ba be ba gomotsega thata.


Paulo o fitlha kwa Mileto

13 Jaanong rona re ne ra fetela kwa mokorong, ra ya kwa Aso ka ona, kwa re tla tsayang Paulo teng; gonne o ne a laetse jalo, ka a ratile go tsamaya ka dinao.

14 E rile a kgatlhana le rona kwa Aso, ra mo pega mo mokorong, ra ya kwa Mitilene.

15 Ra tswa teng ka mokoro, mme ka moso ra fitlha go lebagana le Gio, ka moso o mongwe ra fapogela kwa Samo, mme ya re re sena go tlhola mo Terogileo, ka moso o mongwe ra fitlha kwa Mileto.

16 Gonne Paulo o ne a ikaeletse go feta Efeso ka mokoro gore a tle a se ka a diega mo Asia. O ne a itlhaganetse gore fa a ka kgona, a tle a nne kwa Jerusalema ka letsatsi la Pentekoste.


Taelano ya ga Paulo le bagolo ba Efeso

17 Ya re a le kwa Mileto, a roma motho kwa Efeso go bitsa bagolo ba phuthego.

18 Ya re ba sena go fitlha kwa go ene, a ba raya a re: “Lo itse ka fa ke ntseng le lona ka teng ka sebaka sotlhe, go tloga ka letsatsi la ntlha le ke tsileng mono Asia ka lone,

19 ke direla Morena ka boikokobetso jotlhe, le ka dikeledi, le ka dithaelo tse di nkwetseng ka ditalelo tsa Bajuta,

20 ka fa ke se kang ka tlhaetsa sepe se se molemo ka teng, ka lo bolelela, ka lo ruta mo ponatshegong le mo matlong;

21 ka supa mo Bajuteng le mo Bagerikeng ka ga tlhabologelo Modimong, le tumelo ya go dumela mo go Morena wa rona Jesu Keresete.

22 “Mme jaanong, bonang ke etela kwa Jerusalema, ke bofilwe mo moweng, ke sa itse tse di tla ntirafalelang teng,

23 fa e se gore Mowa o o Boitshepo o ntshupetsa mo motseng mongwe le mongwe o re, dikgole le dipitlagano di nkemetse.

24 Mme ga ke re sepe ka tsona, le bophelo jwa me ga ke bo kaye se segolo, fa nka swetsa fela tshiano ya me ka boitumelo, e bong tirelo e ke e amogetseng mo go Morena Jesu ya go supa Efangele ya bopelotlhomogi jwa Modimo.

25 “Mme jaanong ke itse gore ga lo kitla lo tlhola lo bona sefatlhego sa me, lona lotlhe ba ke tsamaileng mo go lona, ke rera tsa puso ya Modimo.

26 Ke ka moo ke supang mo go lona ka letsatsi la kajeno gore ga ke na molato mo tatlhegong ya ga ope;

27 gonne ga ke a ka ka tlhaetsa sepe, mme ke lo boleletse maikaelelo a Modimo otlhe.

28 Lo itise, lo be lo dise letsomane lotlhe le Mowa o o Boitshepo o lo beileng go nna baokamedi ba lone, gore lo fudise phuthego ya Modimo e o e itheketseng ka madi a ona.

29 Gonne ke itse gore e tla re ke sena go tsamaya, go tsene mo go lona diphiri tse di setlhogo tse di sa rekegeleng letsomane.

30 Le mo go lona ka losi go tla tsoga banna ba ba buang tse di sokameng gore ba fapose barutwa, ba sale bone morago.

31 Ka moo, disang lo nne lo gakologelwe gore dinyaga di le tharo ga ke a ka ka khutla go kaela mongwe le mongwe bosigo le motshegare ka dikeledi.

32 “Mme jaanong, bakaulengwe, ke lo neela mo Moreneng le mo Lefokong la bopelotlhomogi jwa gagwe yo o nonofileng go lo aga le go lo naya boswa mmogo le botlhe ba ba itshepisitsweng.

33 Ga ke a ka ka eletsa selefera le fa e le gouta le fa e le diaparo tsa ga ope.

34 Lo itse ka losi gore diatla tse, di ntiretse tsa bophelo le ba ba neng ba na le nna.

35 Ke lo supeditse mo go tsotlhe gore ka go dira jalo re tshwanetse go thusa ba ba bokoa, le go gakologelwa Lefoko la Morena Jesu le a le buileng ka esi a re: ‘Go naya go na le lesego bogolo go go amogela.’ ”

36 Ya re a sena go bua jalo, a khubama, a rapela nabo botlhe.

37 Ga ba ga nna selelo se segolo mo go botlhe, ba wela mo molaleng wa ga Paulo, ba mo atla,

38 ba hutsafadiwa bogolo ke lefoko le a le buileng a re, ga ba kitla ba tlhola ba bona sefatlhego sa gagwe. Mme ba mo felegetsa go fitlha kwa mokorong.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan