Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ditiro 2 - Setswana 1970


Go tshololwa ga Mowa o o Boitshepo

1 E rile letsatsi la Pentekoste le tla, ba bo ba le mmogo botlhe felong go le gongwe.

2 Ga utlwala ka tshoganyetso mosumo o o tswang legodimong, e kete wa ledimo le le tsubutlang, wa tlala ka ntlo yotlhe e ba nnang mo go yona.

3 Ga ba ga bonala mo go bone diteme tse di kgaoganang, e kete dikgabo tsa molelo, tsa nna mo go mongwe le mongwe wa bone.

4 Mme botlhe ba tlala Mowa o o Boitshepo, ba simolola go bua ka diteme di sele ka fa Mowa o ba buisang ka teng.

5 Jaanong ga bo go agile Bajuta mo Jerusalema, e le banna ba ba boifang Modimo, ba tswa morafeng mongwe le mongwe o o fa tlase ga legodimo.

6 Ya re mosumo oo o utlwala, batho ba bantsi ba phuthega, ba be ba feretlhega, ka mongwe le mongwe a utlwa ba bua ka puo ya ga gabo.

7 Botlhe ba tseana, ba gakgamala, ba raana ba re: “Kana, ba ba buang ba, a ga se Bagalelea botlhe?

8 Mme go ntse jang, fa mongwe le mongwe wa rona a utlwa ba bua mo puong ya gagwe e a tsaletsweng mo go yona?

9 Re le Bapharatha le Bamedia le Baelame le ba ba agileng mo Mesopotamia le mo Jutea le mo Kapatokia le mo Ponto le mo Asia

10 le mo Feregia le mo Pamefilia le mo Egepeto le kwa dintlheng tsa Lebia tikologong ya Kirene le baeng ba ba tswang kwa Roma,

11 Bajuta le batlhabologi le Bakereta le Baarabia, re ba utlwa ba bua ditiro tse dikgolo tsa Modimo ka diteme tsa rona.”

12 Ba tseana botlhe, ba akabala, ba raana ba re: “Kana dilo tse, di kaela kae?”

13 Mme ba bangwe ba sotla ba re: “Ba kgotshe weine e e botshe.”


Thero ya ga Petoro

14 Ke fa Petoro a ema le ba ba 11, a tsholetsa lentswe, a bua nabo a re: “Lona banna ba Jutea le lona lotlhe ba lo agileng mo Jerusalema, itseng selo se, lo tlhwaele mafoko a me tsebe:

15 Gonne banna ba ga ba a tagwa jaaka lo itlhoma; kana e sa ntse e le nako ya robongwe mo mosong.

16 Mme se ke se se builweng ke moporofeti Joele a re:

17 ‘Modimo wa re: E tla re ka malatsi a bofelo ke tshele Mowa wa me mo bathong botlhe; bomorwaa-lona le bomorwadia-lona ba tla itsise thato ya Modimo, makau a lona a tla lora ditoro.

18 Ee, le mo batlhankeng ba me le mo malateng a me ke tla tshela Mowa wa me mo malatsing ao, mme ba tla itsise thato ya Modimo pele.

19 Ke tla dira dikgakgamatso kwa godimo mo legodimong le ditshupo kwa tlase mo lefatsheng, e bong madi le molelo le dipinagare tsa musi.

20 Letsatsi le tla fetolwa lefifi, ngwedi o tla fetolwa madi, letsatsi le legolo la Morena le le galalelang le ise le tle.

21 Mme mongwe le mongwe yo o tla bitsang leina la Morena o tla pholosiwa.’

22 “Lona banna ba Iseraele, utlwang mafoko a: Jesu wa Nasaretha, monna yo lo mo supeditsweng ke Modimo ka dinonofo le dikgakgamatso le ditshupo tse Modimo o di dirileng ka ene mo gare ga lona jaaka lo itse ka losi,

23 ene yoo yo o neetsweng losong ka maikaelelo a a beilweng ke Modimo le ka kitsetsopele ya ona, lona lo mmapotse, lwa mmolaya ka diatla tsa baikepi;

24 ke ene yo Modimo o mo tsositseng, o sena go funolola maralalo a loso; gonne go ne go sa kgonege gore lo mo golegele ruri.

25 Gonne Dafita o ne a bua ka ga gagwe a re: “ ‘Ke ne ke bona Morena fa pele ga me ka gale, ka a le ka fa letsogong la me le le jang, gore ke se theekele.

26 Ka moo pelo ya me e ne ya itumela, loleme lwa me lwa ipela, le yona nama ya me e tla ikhutsa mo tsholofelong;

27 gonne ga o kitla o tlogelela felo ga baswi mowa wa me, le gona ga o nke o leseletsa Moitshepi wa gago a senngwa ke go bola.

28 O nkitsisitse ditsela tsa bophelo, o tla ntlatsa boitumelo ka sefatlhego sa gago.’

29 “Banna ba ga etsho, nka bua le lona ka maikutlo a a phuthologileng ka ga Dafita rraetsho-mogolo gore o sule, a ba a fitlhwa, mme phupu ya gagwe e sa le mo go rona le gompieno.

30 Jaanong e re ka e ne e le ene moporofeti, mme a itse gore Modimo o kile wa mo ikanela gore o tla nnisa Keresete yo e leng wa leungo la letheka la gagwe ka fa nameng mo sedulong sa gagwe sa bogosi,

31 a bua ka ga tsogo ya ga Keresete ka go e bona pele gore mowa wa gagwe ga o a tlogelwa mo felong ga baswi, le yona nama ya gagwe ga e a senngwa ke go bola.

32 Jesu yoo Modimo o mo tsositse, mme rona rotlhe re basupi ba gona.

33 Jaanong o godisitswe ka letsogo le le jang la Modimo, a amogela Mowa o o Boitshepo mo go Rara o a o solofeditseng, a tshêla se jaanong lo se bonang, lo se utlwang.

34 Gonne Dafita ga a a ka a tlhatlogela kwa magodimong, mme o bua a re: “ ‘Morena o reile Morena wa me a re: Nna ka fa letsogong la me le le jang,

35 go ya ke be ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.’

36 “Jaanong a lelapa lengwe le lengwe la Iseraele le itse ruri gore ene Jesu yo lo mmapotseng, Modimo o mo dirile Morena le Keresete.”


Phuthego ya ntlha

37 E rile ba utlwa, ba tlhabega mo pelong, ba be ba raya Petoro le baapostolo ba bangwe ba re: “Banna ba ga etsho, re ka dirang?”

38 Petoro a ba raya a re: “Tlhabologang, mme a mongwe le mongwe wa lona a kolobediwe ka leina la ga Jesu Keresete go bona boitshwarelo jwa dibe tsa lona, mme lo tla amogela neo ya Mowa o o Boitshepo;

39 gonne tsholofetso e raya lona le bana ba lona le botlhe ba ba kwa kgakala, e bong botlhe ba Morena, Modimo wa rona, o tla ba ipiletsang.”

40 A supa, a ba a ba kaela ka mafoko a mantsi a mangwe a re: “Ineeleng go pholosiwa, lo tswe mo mofuteng ono o o kgopo!”

41 Ke fa ba ba amogetseng lefoko la gagwe ba kolobediwa, mme ka letsatsi leo phuthego ya oketsega ka batho ba ba ka nnang 3 000.


Bophelo jwa phuthego

42 Ba nnela ruri mo thutong ya baapostolo le mo kopanong le mo nathoganyong ya senkgwe le mo merapelong.

43 Poifo ya tshwara dipelo tsotlhe; dikgakgamatso le ditshupo di le dintsi di ne di dirwa ke baapostolo.

44 Mme botlhe ba ba dumetseng ba utlwana, ba tlhakanela di-tsa-bone tsotlhe;

45 ba rekisa dithuo le di-tsa-bone, ba abela botlhe ka fa mongwe le mongwe a tlhokang ka teng.

46 Ba nnela ruri ka malatsi otlhe ka bongwefela jwa pelo mo Tempeleng, ba nathoganya senkgwe kwa le kwa mo matlong a bone, ba ja dijo ka boitumelo le bopelophepa,

47 ba baka Modimo, ba bona botsalano mo bathong botlhe. Mme Morena a oketsa phuthego ka letsatsi le letsatsi ka ba ba pholosiwang.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan