Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ditiro 19 - Setswana 1970


Tlhabologo ya barutwa ba Kolobetso ya ga Johane

1 Jaanong e rile Apolo a le kwa Korinthe, Paulo a fitlha kwa Efeso, a sena go ralala dinaga tse di kwa godimo; a fitlhela barutwa bangwe teng.

2 A ba botsa a re: “A e rile fa lo dumela, lwa amogela Mowa o o Boitshepo?” Ba mo araba ba re: “Nnyaya, le e seng go utlwa gore go na le Mowa o o Boitshepo.”

3 A botsa gape a re: “Lo kolobeditswe ka kolobetso efe?” Ba re: “Ka kolobetso ya ga Johane.”

4 Paulo a re: “Johane o kolobeditse ka kolobetso ya tlhabologo, a bolelela batho gore ba dumele mo go ene yo tlang morago ga gagwe, e bong Jesu.”

5 Ya re ba sena go utlwa jalo, ba kolobediwa mo leineng la Morena Jesu.

6 Mme ya re Paulo a ba baya diatla, Mowa o o Boitshepo wa tla mo go bone, ba bua ka diteme, ba be ba porofesa.

7 Mme banna botlhe bao e ne e ka nna ba ba 12.


Dithuto tsa ga Paulo le dikgakgamatso tsa gagwe

8 Jaanong a tsena mo senagogeng, a bua ka ga puso ya Modimo ka bopelokgale dikgwedi tse tharo, a fetolana nabo, a leka go ba kgona.

9 E rile bangwe ba ithatafatsa dipelo, ba sa utlwe, ba bua bosula ka ga Tsela ya bokeresete fa pele ga batho, a tloga mo go bone, a phuthela barutwa go sele, a fetolana le batho ka letsatsi lengwe le lengwe mo sekolong sa ga Tirano.

10 Selo se sa dirafala dinyaga di le pedi, mo botlhe ba ba agileng mo Asia ba bileng ba utlwa Lefoko la Morena, Bajuta le Bagerika.

11 Modimo wa dira ditiro tsa nonofo tse di gakgamatsang ka diatla tsa ga Paulo,

12 mo e bileng masela a a amileng letlalo la gagwe gongwe dikhiba di neng tsa bewa mo balwetseng, mme malwetse a tloga mo go bone, le mewa e e bosula ya tswa.


Ka ga baleleki ba mewa e e bosula

13 Bajuta bangwe ba ba pholethang, e le baleleki ba mewa e e bosula, ba leka go bitsa leina la Morena Jesu mo go ba ba nang le mewa e e bosula ka go ba raya ba re: “Re a lo leleka ka Jesu yo Paulo o mo rerang!”

14 E ne e le bomorwa ba ba supang, ba Mojuta mongwe, e bong Sekefa, moperesiti yo mogolo, ba ba dirang jalo.

15 Mme mowa o o bosula wa ba fetola wa re: “Jesu ke a mo itse, le Paulo ke a mo tlhaloganya, lo bomang lona?”

16 Mme monna yo mowa o o bosula o leng mo go ene, a ba tlolela, a ba betelela botlhe, a ba fenya, mo ba bileng ba tshaba mo ntlong eo, ba sa ikatega, ba le dintho.

17 Jaanong selo se sa itsiwe ke botlhe, Bajuta le Bagerika, ba ba agileng mo Efeso; poifo ya ba wela botlhe, mme leina la Morena Jesu la tumisiwa.

18 Ga ba ga tla ba bantsi ba ba dumetseng, ba ipobola, ba bolela ditiro tsa bone.

19 Ba bantsinyana ba bone ba ba neng ba dirile tsa mereo ya boloi, ba kgobokanya dikwalo tsa teng, ba di fisa fa pele ga botlhe; ba bala tlhotlhwa ya tsona, ba fitlhela e le diranta di le 5 000.

20 Ka mokgwa oo Lefoko la Morena la ata, la fenya ka nonofo.


Maikaelelo a tshepelo

21 E rile dilo tseo di sena go fela, Paulo a ikaelela mo moweng go ralala Maketonia le Agaya le go ya kwa Jerusalema, a re: “E tla re ke sena go nna teng, ke tshwanela go bona le Roma.”

22 Jaanong a roma ba le babedi ba bone ba ba mo direlang, e bong Timotheo le Eraseto, a ba romela kwa Maketonia, ene a nama a sa setse sebaka mo Asia.


Khuduego ya ga Demeterio kwa Efeso

23 Ka sebaka seo ga tsoga khuduego e kgolo ka ntlha ya Tsela ya bokeresete;

24 gonne monna mongwe yo leina la gagwe e leng Demeterio, mothudi wa selefera yo o dirang ditempelana tsa selefera tsa ga Diana, a bo a tsisetsa badiri papadi e kgolo.

25 Yoo a ba phutha le badiri ba tiro e e tshwanang a ba raya a re: “Banna, lo itse gore re bona khumo ya rona ka papadi e;

26 mme lo a bona, e bile lo utlwa gore Paulo yo, o kgonne batho ba bantsi, e bile o ba fapositse, e seng mo Efeso fela, mme e batlile e nna le mo Asia yotlhe ka go bua a re: Medimo e e dirwang ka diatla ga se medimo.

27 Mme ga se tiro ya rona fela e e mo kotsing ya go ka nyatsega, e bile le tempele ya ga Diana, modimo o mogolo wa sesadi, e ka kaiwa e se sepe; tota ona ka osi o Asia yotlhe le lefatshe lotlhe le o obamelang, o ka senyegelwa ke kgalalelo ya ona.”

28 Fa ba utlwa jalo, ba tlala bogale, ba kua ba re: “O mogolo, Diana wa Baefeso!”

29 Mme motse wa tlala pheretlhego, ba tabogela mo lebaleng la tshamekelo ka bongwefela jwa pelo, ba sena go tshwara Gayo le Aristarego Bamaketonia, bapati ba ga Paulo.

30 Ya re Paulo a rata go tsena mo bathong ba, barutwa ba mo thibela.

31 Le balaodi bangwe ba Asia ba e leng ditsala tsa gagwe, ba roma kwa go ene, ba mo rapela gore a se ka a ya kwa lebaleng la tshamekelo.

32 Teng ba bangwe ba kua se, ba bangwe se sele; gonne kgobokano e ne e feretlhegile. Mme bontsi bo ne bo sa itse se se phuthegetsweng.

33 Bangwe ba bontsi ba isa Aleksantere kwa pele, ka Bajuta ba mo dirile mmueledi wa bone. Mme Aleksantere a boka ka letsogo, a rata go ba arabela mo bathong.

34 Ya re ba lemoga gore ke Mojuta, botlhe ba nna ba kua ka lentswe le le lengwe fela ka dinako tse di ka nnang tse pedi ba re: “O mogolo, Diana wa Baefeso!”

35 Jaanong ya re mokwaledi wa motse a sena go didimatsa bontsi, a bua a re: “Lona banna ba Efeso, kana ke ofe mo bathong yo o sa itseng gore motse wa Efeso ke modisa wa tempele ya ga Diana yo mogolo le wa setshwantsho sa gagwe se se oleng kwa legodimong?

36 Jaanong e re ka dilo tse, di sa ka ke tsa ganediwa, lo tshwanetse go didimala, lo se dire sepe ka potlako.

37 Gonne lo tsisitse banna ba, ba e seng magodu a dilo tsa tempele, le e seng bakgadi ba modimo wa rona wa sesadi.

38 Mme jaanong, fa Demeterio le badiri ba ba nang nae ba na le kgang le mongwe, makgotla a teng, le baatlhodi, a ba sekisanye.

39 Mme fa lo batla sengwe se sele, se tla sekwa mo pitsong e e epilweng ka molao.

40 Gonne re mo kotsing ya go ka bewa molato ka ntlha ya moferefere wa kajeno, ka go se na lebaka lepe le re ka ikarabelang ka lone ka ntlha ya pheretlhego e.” Ya re a sena go bua jalo, a phatlalatsa kgobokano.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan