Ditiro 18 - Setswana 1970Paulo kwa Korinthe 1 Morago ga tseo Paulo a tloga kwa Athene, a ya kwa Korinthe. 2 A fitlhela Mojuta mongwe teng yo leina la gagwe e leng Akwila, e le yo o tsaletsweng kwa Ponto, yo e leng gona a tswang kwa Italia, a na le Perisila mosadi wa gagwe; ka gonne Kelaudio o ne a laotse gore Bajuta botlhe ba tloge mo Roma, mme Paulo a ya kwa go bone. 3 Mme ya re ka a le wa tiro nngwe fela nabo, a nna nabo, mme ba dira. Tiro ya bone e ne e le go dira ditente. 4 Paulo a fetolana le batho mo senagogeng ka Sabata mongwe le mongwe, a kgona Bajuta le Bagerika. 5 E rile Silase le Timotheo ba tswa kwa Maketonia, Paulo a tlhagafalela Lefoko, a tiisetsa Bajuta gore Jesu ke Keresete. 6 Ya re ba ganetsa, ba kgala, a ikudubatsa diaparo, a ba raya a re: “A madi a lona a wele ditlhogong tsa lona! Nna ke itshekile; go tloga jaanong ke tla ya kwa baheitaneng.” 7 Mme a tloga teng, a ya mo ntlong ya mongwe yo leina la gagwe e leng Titio Juseto, e le yo o boifang Modimo, yo ntlo ya gagwe e bapileng le senagoge. 8 Kerisepo, mogogi wa senagoge, a dumela mo Moreneng le botlhe ba lelapa la gagwe; le Bakorinthe ba le bantsi, ya re ba utlwa, ba dumela, ba be ba kolobediwa. 9 Morena a raya Paulo bosigo ka pono a re: “O se ka wa boifa; bua fela, o se ka wa didimala! 10 Gonne nna ke na nao, mme ga go ope yo o tla go tlhaselang go go direla bosula; gonne ke na le batho ba bantsi mo motseng o.” 11 Mme a nna teng ngwaga le dikgwedi tse thataro, a ruta Lefoko la Modimo mo go bona. Go latofadiwa ga Paulo fa pele ga Galeo 12 E rile Galeo e le molaodi wa Agaya, Bajuta ba tsogela Paulo ka bongwefela jwa pelo, ba mo isa kwa lekgotleng 13 ba re: “Motho yo, o kgona batho gore ba direle Modimo ka mokgwa o o thulanang le molao.” 14 Ya re Paulo a re o tumolola molomo, Galeo a raya Bajuta a re: “Bajuta ke lona, fa e ka bo e le tshiamololo gongwe tiro ya bolotsana, nka bo ke lo itshokela ka fa tshwanelong ya teng. 15 Mme fa e le dikgang ka ga thuto le maina le molao o e leng wa lona, tsona tseo di iponeleng ka losi; ga ke rate go nna moatlhodi wa dilo tseo.” 16 Mme a ba leleka mo kgotleng. 17 Jaanong botlhe ba tshwara Sosethene, mogogi wa senagoge, ba mmetsa teng mo kgotleng; mme Galeo a se ka a re sepe ka ga dilo tseo. Leeto la ga Paulo la go boela kwa Antiogia le go bolola gape 18 Paulo a fela a tlhola malatsi a se kae teng; ke fa a sadisa bakaulengwe sentle, a tswa teng ka mokoro, a ya kwa Siria, a na le Perisila le Akwila; a bile a ipeotse tlhogo mo Kenegerea; gonne o ne a dirile maikano. 19 Ba fitlha kwa Efeso, mme a ba tlogela teng. Ene a tsena mo senagogeng, a fetolana le Bajuta. 20 Ya re ba mo kopa gore a tlhole nabo malatsinyana, a se ka a dumela, 21 mme a ba sadisa sentle a re: “Kana ke tshwanetse go nna mo moletlong o o tlang kwa Jerusalema. Ke tla boela kwano go lona, fa Modimo o rata.” Mme a tloga mo Efeso ka mokoro. 22 Ya re a sena go fitlha kwa Kaisarea, a tlhatlogela kwa Jerusalema, a dumedisa phuthego, a ba a ya kwa Antiogia. 23 Ya re a sena go nna sebaka teng, a tloga, a ralala lefatshe la Galatia le la Feregia ka go tlhomoganya mafelo, a tiisa barutwa botlhe. Apolo kwa Efeso le kwa Korinthe 24 Jaanong Mojuta mongwe yo leina la gagwe e leng Apolo a fitlha kwa Efeso; o ne a tsaletswe kwa Aleksanteria, e le monna yo o rutegileng, yo o nonofileng mo Dikwalong. 25 Monna yo, o ne a rutilwe Tsela ya Morena, mme a bua ka go tuka mo pelong, a ruta ka kelelelo ka ga Jesu, mme kolobetso o ne a itse ya ga Johane fela. 26 Ene a simolola go bua ka phuthologo mo senagogeng. Mme ya re Perisila le Akwila ba mo utlwa, ba mo itseela, ba mo phuthololela tsela ya Modimo ka kelelelo e e fetisang. 27 Ya re a rata go fetela kwa Agaya, bakaulengwe ba mo nametsa, ba kwalela barutwa gore ba mo tshole. Ya re a sena go fitlha, a thusa thata ba ba dumetseng ka bopelotlhomogi jwa Modimo; 28 gonne o ne a fenya Bajuta ka nonofo mo pepeneneng, a supa ka Dikwalo gore Jesu ke Keresete. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa