Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ditiro 17 - Setswana 1970


Paulo mo Thesalonika

1 E rile ba sena go ralala Amfipoli le Apolonia, ba fitlha mo Thesalonika, kwa go neng go le senagoge sa Bajuta teng.

2 Paulo a tsena fa go bone ka fa tlwaelong ya gagwe, a nna a fetolana nabo ka fa Dikwalong ka boSabata ba le tharo.

3 A phutholola, a ranola gore Keresete o ne a tshwanetse go boga le go tsoga mo baswing; le gona a re: “Jesu yo ke mo lo rerelang ke ene Keresete.”

4 Bangwe ba bone ba utlwa, ba ikopanya le Paulo le Silase, le bontsi jo bogolo jwa Bagerika ba ba boifang Modimo, le basadi ba ba tlotlegang ba le bantsi.

5 Jaanong Bajuta ba ba sa dumeleng ba itseela banna bangwe ba ba bosula ba ba difafalele, ba kgobokanya bontsi, ba feretlha motse; ba tlhasela ntlo ya ga Jasone, ba leka go ntshetsa Paulo le Silase mo bathong.

6 Ya re ba sa ba fitlhele, ba gogela Jasone le bakaulengwe bangwe fa pele ga balaodi ba motse, ba kua ba re: “Batho ba, ba ba feretlhang lefatshe, le mono ba tsile.

7 Jasone o ba amogetse, mme botlhe ba, ba tlola ditaolo tsa Kaisara ba re, kgosi ke o sele, e bong Jesu.”

8 Bontsi le balaodi ba motse ba huduega, fa ba utlwa jalo.

9 Mme ya re ba sena go amogela peeletso mo go Jasone le ba bangwe, ba ba lesa ba tsamaya.


Paulo kwa Berea

10 Ke fa bakaulengwe ba akofa ba romela Paulo le Silase kwa Berea bosigo. Ya re ba fitlha teng, ba ya kwa senagogeng sa Bajuta.

11 Mme bone ba ne ba tsalegile bogolo go ba kwa Thesalonika, ba amogela Lefoko ka tlhagafalo yotlhe, ba lotolotsa Dikwalo ka letsatsi lengwe le lengwe gore a dilo tse, di ntse jalo.

12 Jaanong ba bantsi ba bone ba dumela le bontsinyana jwa batlotlegi ba basadi le banna ba Bagerika.

13 E rile Bajuta ba Thesalonika ba utlwa gore le mo Berea Lefoko la Modimo le rerwa ke Paulo, ba ya teng, ba belaedisa batho, ba ba ferekanya le teng.

14 Ya baa gona bakaulengwe ba akofang ba tshabisa Paulo go ya go fitlha kwa lewatleng, Silase le Timotheo bone ba sala teng.

15 Ba ba patileng Paulo ba mo fitlhisa kwa Athene. Ya re ba sena go amogela molaetsa mo go Paulo wa gore Silase le Timotheo ba tle kwa go ene ka bonako, ba boa.


Paulo kwa Athene. Thero ya gagwe mo Areopago

16 E rile Paulo a sa ntse a ba letile mo Athene, mowa wa gagwe wa galefa, ka a bona motse o tletse medimo ya diseto.

17 Ke ka moo a nnang a fetolana le Bajuta le ba ba boifang Modimo mo senagogeng, le ba ba rakanang nae mo marekelong ka letsatsi lengwe le lengwe.

18 Jaanong bangwe ba batlhalefi ba Baepikure le Bastoike le bone ba ganetsanya nae. Bangwe ba re: “Kana mmalabadi yo, o rata go buang?” Ba bangwe ba re: “E kete ke moreri wa medimo e sele.” Ke ka gonne o ne a rera Efangele ya ga Jesu le tsogo ya baswi.

19 Ba mo tsaya, ba mo isa kwa lekgotleng la Areopago ba re: “A re ka itse gore thuto e ntšhwa e, e o e bolelang, ke ya eng?

20 Gonne o utlwatsa dilo di sele mo ditsebeng tsa rona; jaanong re rata go utlwa gore dilo tse, di kayang.”

21 Mme jaanong Baathene botlhe le bafaladi ba ba agileng teng, ba ne ba sa kgathalale sepe fa e se go bolela gongwe go utlwa se sešwa.

22 Jaanong Paulo a ema fa gare ga Areopago a re: “Lona banna ba Athene, ke lemoga gongwe le gongwe gore lo tlotla medimo thata.

23 Gonne ya re ke tsamaya, ke leba tse lo di obamelang, ka fitlhela le aletare e go kwadilweng mo go yona go twe: ‘YA MODIMO O O SA ITSIWENG’. “Jaanong he, ona o lo o obamelang lo sa o itse ke ona o ke o lo bolelelang.

24 Modimo o o dirileng lefatshe le tsotlhe tse di mo go lone, ona, ka e le Morena wa legodimo le lefatshe, ga o nne mo ditempeleng tse di dirilweng ka diatla;

25 le gona ga o direlwe ka diatla tsa batho, jaaka e kete o tlhoka sengwe, etswe e le ona ka osi o o nayang botlhe bophelo le mowa le tsotlhe.

26 O dirile gore setšhaba sengwe le sengwe sa batho se tswe mo mading a le mangwe fela, ba age mo lefatsheng lotlhe; o tlhomamisitse metlha ya bone e e beilweng pele le melelwane ya maago a bone

27 gore ba batle Modimo, e tle e re gongwe ba o apaape, ba o bone; kana ga o kgakala le ope wa rona;

28 gonne re ntse re na nao, fa re tshela, re tsamaya, re le teng, jaaka le bangwe ba baboki ba lona ba buile ba re: “ ‘Kana le rona re losika lwa ona.’

29 Jaanong he, e re ka re le losika lwa Modimo, ga re a tshwanela go itlhoma gore Modimo o ka tshwana le sebopiwa sa gouta gongwe sa selefera gongwe sa lentswe sa botswerere le kakanyo ya motho.

30 “Fa e le metlha ya botlhoka-kitso, Modimo o e tlhokomologile, mme jaanong o laela batho botlhe mo ntlheng tsotlhe go tlhabologa;

31 gonne o tlhomile letsatsi le o tla atlholang lefatshe ka lone ka tshiamo, ka monna yo o mmeetseng gona, mme o buletse botlhe tsela ya go ka dumela ka go mo tsosa mo baswing.”

32 Ya re ba utlwa tsogo ya baswi, bangwe ba sotla; ba bangwe ba re: “Re tla go utlwa gape ka ga moo.”

33 Paulo a tswa jalo mo gare ga bone.

34 Mme banna bangwe ba mo ngaparela, ba dumela, mo go bone go le Dionisio wa Areopago, le mosadi mongwe yo leina la gagwe e leng Damarise, ba na le ba bangwe.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan