Ditiro 15 - Setswana 1970Paulo le Baranaba ba rongwa pitsong kwa Jerusalema 1 Ke fa bangwe ba tswa kwa Jutea, ba ruta badumedi ba re: “Fa lo sa rupe ka fa mokgweng wa ga Moše, ga lo ka ke lwa pholosiwa.” 2 Ya re Paulo le Baranaba ba na le kgang le potsanyo e kgolo nabo, ga utlwanwa gore Paulo le Baranaba le ba bangwe ba bone ba ye kwa Jerusalema kwa baapostolong le bagolong ka ntlha ya kgang e. 3 Ya baa gona ba buledisiwang ke phuthego, ba ralala Fenikia le Samaria, ba eta ba bolelela badumedi tshokologo ya baheitane, ba ba itumedisa botlhe thata. 4 Ya re ba sena go fitlha kwa Jerusalema, ba tsholwa ke phuthego le baapostolo le bagolo, ba bolela dilo tsotlhe tse Modimo o di dirileng o na le bona. 5 Mme ga tsoga badumedi bangwe ba lekoko la Bafarisai ba ba reng: “Baheitane ba ba tlhabologang ba tshwanetse go rupisiwa le go laelwa gore ba tshegetse molao wa ga Moše.” Ditlhaloso tsa ga Petoro le Jakobo 6 Jaanong baapostolo le bagolo ba phuthega go sekaseka kgang e. 7 Morago ga kganetsanyo e telele Petoro a ema, a ba raya a re: “Banna ba ga etsho, lo itse gore Modimo ga o bolo go intlhaolela mo go lona, gore baheitane ba utlwe Lefoko la Efangele ka molomo wa me, mme ba dumele. 8 Modimo, moitsi wa dipelo, o supile ka ga bone, wa ba naya Mowa o o Boitshepo fela jaaka rona. 9 Ga o a ka wa re farologanya le bone, gonne o phepafaditse dipelo tsa bone ka tumelo. 10 Jaanong he, lo lekelang Modimo ka go baya jokwe mo melaleng ya barutwa, e le e borraetsho le rona re neng re sa nonofa go e rwala? 11 Mme re dumela gore re pholosiwa ka bopelotlhomogi jwa Morena Jesu fela jaaka bone.” 12 Foo ba didimala botlhe, ba reetsa Baranaba le Paulo, ba ba bolelang ditshupo le dikgakgamatso tse dintsi tse Modimo o di dirileng mo baheitaneng ka bone. 13 Ya re ba sena go didimala, ga simolola Jakobo go bua a re: “Banna ba ga etsho, ntheetsang! 14 Simone o boletse ka fa Modimo o etetseng baheitane ga ntlha ka teng go batlela leina la ona morafe mo go bone. 15 Le mafoko a baporofeti a dumalelana le gona, jaaka go kwadilwe ga twe: 16 “ ‘Morago ga tseo ke tla boa, ke tsosa ntlo ya ga Dafita e e oleng, ke aga gape tse di oleng tsa yona, ke e siamisa 17 gore masalela a batho a batle Morena, le Baditšhaba botlhe ba Leina la me le boletsweng mo go bone, go bua Morena yo o dirang dilo tseo, 18 tse di sa leng di itsege go tloga metlheng ya bogologolo.’ 19 “Ke gona ka moo nna ke atlholang gore ba ba tswang mo baheitaneng ba ba sokologelang Modimong, re se ka ra ba imetsa, 20 mme re ba kwalele gore ba ikilele mo go tse di itshekologileng tsa medimo ya diseto le mo boakeng le mo go se se betilweng le mo mading. 21 Gonne go tswa metlheng ya bogologolo Moše o ntse a na le ba ba mo rerang mo motseng mongwe le mongwe, ka a buisiwa mo disenagogeng ka Sabata mongwe le mongwe.” Katlholo ya kgang le phetso ya yona 22 Jaanong baapostolo le bagolo, mmogo le phuthego yotlhe, ba fitlhela go le molemo go ka tlhaola banna bangwe ba bone le go ba roma kwa Antiogia, ba na le Paulo le Baranaba, e bong Juta yo o bidiwang Baresaba, le Silase, banna ba e leng bagogi mo gare ga badumedi. 23 Ba ba neela lokwalo lo lo reng: “Rona baapostolo le bagolo, re le badumedi-ka-lona re a lo dumedisa, lona badumedi ba lo tswang mo merafeng, lo le kwa Antiogia le kwa Siria le kwa Kilekia. 24 E re ka re utlwile gore bangwe ba ba duleng mo go rona, ba re sa ba romang, ba lo tshwentse ka mafoko, ba belaedisa dipelo tsa lona, 25 re fitlhetse go le molemo, mme ra dumalelana go tlhaola banna le go ba roma koo go lona, ba na le Baranaba le Paulo, baratiwa ba rona, 26 ba e leng banna ba ba beetseng leina la Morena wa rona Jesu Keresete maphelo a bone. 27 Ke ka moo re romileng Juta le Silase; le bone ba tla lo bolelela dilo tseo ka molomo. 28 Gonne go kgatlhile Mowa o o Boitshepo le rona gore re se ka ra lo rwesa morwalo ope o sele kwa ntle ga tse di batlegang tsa gore 29 lo ikilele mo nameng ya ditlhabelo tsa medimo le mo mading le mo go tse di betilweng le mo boakeng; fa lo ka ithiba mo go tseo, lo tla bo lo dira sentle. Salang pila.” 30 Jaanong ya re bao ba sena go newa tsela, ba fitlha kwa Antiogia, ba phutha phuthego yotlhe, ba ba naya lokwalo. 31 Ba lo buisa, ba itumelela kgothatso eo. 32 Juta le Silase ba e bileng e le baporofeti, ba nametsa bana ba Modimo ka bone ka mafoko a mantsi, ba ba tiisa. 33 Ya re ba sena go nna sebaka teng, ba newa tsela ka kagiso go tswa mo go ba ga bone tumelong go boela kwa go ba ba ba romileng. 34 Fela Silase ene a kgatlhwa ke go sala teng. 35 Paulo le Baranaba ba nna sebaka kwa Antiogia, ba ruta, ba rera Efangele ya Lefoko la Morena mmogo le ba bangwe ba le bantsi. Paulo le Baranaba ba a kgaogana 36 E rile morago ga malatsi mangwe Paulo a raya Baranaba a re: “Jaanong a re boe, re ye go tlhola bakaulengwe mo motseng mongwe le mongwe o re boletseng Lefoko la Morena mo go ona, re bone ka fa ba phelang ka teng.” 37 Mme Baranaba a rata gore le Johane yo o bidiwang Mareko a ye nabo. 38 Paulo ene a fitlhela go sa tshwanela gore a ye le bone, ka a ikgaogantse nabo kwa Pamefilia, mme a se ka a ya nabo tirong. 39 Ga tsoga phapaang e e botlhoko, mo ba bileng ba kgaogana. Baranaba a tsaya Mareko, a ya nae kwa Kipero ka mokoro. 40 Paulo a itlhaolela Silase, a bolola a sena go rapelelwa bopelotlhomogi jwa Morena ke bakaulengwe. 41 A ralala Siria le Kilekia, a eta a tiisa diphuthego. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa