Ditiro 14 - Setswana 1970Tiro ya baapostolo kwa Ikonio 1 Ga nna fela jalo le kwa Ikonio, ba tsena mo senagogeng sa Bajuta, ba bua tota, mo go bileng ga dumela bontsi jo bogolo jwa Bajuta le jwa Bagerika. 2 Mme Bajuta ba ba sa dumeleng ba tlhotlheletsa baheitane, ba ba galefisetsa badumedi. 3 Jaanong baapostolo ba nna teng sebaka, ba bua ka phuthologo, ba ikantse Morena yo o neng a supela Lefoko la bopelotlhomogi jwa gagwe ka go dirafatsa ditshupo le dikgakgamatso ka diatla tsa bone. 4 Ke fa bontsi jwa motse bo kgaogana, bangwe ba goga le Bajuta, ba bangwe le baapostolo. 5 Mme ya re go nna pheretlhego ya baheitane le Bajuta, ba na le balaodi ba bone go ba bogisa le go ba kgobotletsa ka majwe, 6 ba lemoga, ba tshabela kwa metseng ya Lekaonia, e bong kwa Lesitara le Derebe, le mo tikologong ya yona, 7 ba rera Efangele teng. Kgakgamatso ya baapostolo le thero ya bone kwa Lesitara 8 Mo Lesitara go ne go ntse monna mongwe yo o palelwang ke dinao, a golafetse go tswa botsalong jwa gagwe, yo o iseng a ke a tsamae ka gope. 9 Ene a utlwelela Paulo a bua. Ya re Paulo a tlhoma matlho mo go ene, mme a bona gore o na le tumelo ya go ka pholosiwa, 10 a tlhatlosa lentswe a re: “Ema ka dinao, o tlhamalale!” Ke fa a ragoga, a tsamaya. 11 Ya re batho ba bona se Paulo a se dirileng, ba tsholetsa mantswe ka Selekaonia ba re: “Medimo e fetogile, ya tshwana le batho, ya fologela kwano go rona.” 12 Ba bitsa Baranaba Jupitere, le Paulo ba mmitsa Merekurio, ka e ne e le ene sebui. 13 Moperesiti wa ga Jupitere yo tempele ya gagwe e leng kwa ntle ga motse, a tsisa dipoo le dirwalo tsa dithunya kwa dikgorong, a re o dira ditlhabelo mmogo le bontsi. 14 Ya re baapostolo Baranaba le Paulo ba utlwa, ba ikgagola diaparo, ba tlolela mo bontsing, ba kua 15 ba re: “Banna, lo direlang jalo? Kana le rona re batho fela jaaka lona, re lo rerela Efangele gore lo tlogele medimo e e seng yona, lo sokologele kwa Modimong o o phelang, o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go tsona; 16 o e rileng mo dipakeng tse di fetileng wa lesa ditšhaba tsotlhe go itsamaela ka ditsela tsa tsona. 17 Le fa go ntse jalo, ga o a ka wa tlhoka go itshupa ka go dira molemo le go lo nesetsa dipula tse di tswang legodimong le go lo naya metlha ya go roba sentle le go tlatsa dipelo tsa lona dijo le boitumelo.” 18 Le fa ba bua jalo, ba batla go palelwa ke go thibela batho gore ba se ba direle ditlhabelo. Baapostolo ba tshabela kwa Derebe, ba boela kwa Antiogia 19 Jaanong ga tla Bajuta teng ba ba tswang kwa Antiogia le Ikonio. Ya re ba sena go kgona bontsintsi, ba kgobotletsa Paulo ka majwe, ba mo gogela kwa ntle ga motse, ba itlhoma a sule. 20 Mme ya re barutwa ba sa ntse ba mo dikanyeditse, a tsoga, a boela mo motseng; ka moso a tloga le Baranaba, ba ya kwa Derebe. 21 Ya re ba sena go rerela motse oo Efangele le go dira barutwa ba se kae, ba boela kwa Lesitara le Ikonio le Antiogia. 22 Ba tiisa dipelo tsa barutwa, ba ba kgothatsa gore ba nnele ruri mo tumelong. Le gona ba re: “Re tshwanetse go tsena mo pusong ya Modimo ka ditlalelo di le dintsi.” 23 Ya re ba sena go ba beela bagolo mo phuthegong nngwe le nngwe le go rapela ka go itima dijo, ba ba neela Morena yo ba dumetseng mo go ene. 24 Ba be ba ralala Pisidia, ba fitlha mo Pamefilia. 25 Ya re ba se na go bolela Lefoko mo Perege, ba ya kwa Atalea. 26 Ba tloga teng ka mokoro, ba ya kwa Antiogia kwa ba kileng ba neelwa bopelotlhomogi jwa Modimo teng go ya go dira tiro e jaanong ba tswang go e fetsa. 27 E rile ba sena go fitlha teng le go kgobokanya phuthego, ba bolela dilo tsotlhe tse Modimo o di dirileng o na le bone, le ka fa o buletseng baheitane mojako wa tumelo ka teng. 28 Ba be ba nna le barutwa sebaka se seleele. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa