Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ditiro 13 - Setswana 1970


Baranaba le Paulo ba a rongwa. Tiro ya bone mo Kipero

1 Go ne go le baporofeti le baruti mo Antiogia mo phuthegong ya teng, e bong Baranaba le Simeone yo o bidiwang Nigere, le Lukio wa Kirene, le Manaene yo o godisitsweng mmogo le kgosi Herote, le Saule.

2 Ya re ba ntse ba direla Morena, mme ba itima dijo, Mowa o o Boitshepo wa re: “Nntshetsang Baranaba le Saule gore ba ye tirong e ke ba bileditseng yona.”

3 Jaanong ya re ba sena go itima dijo le go rapela le go ba baya diatla, ba ba naya tsela.

4 Jaanong bone, ka ba romilwe ke Mowa o o Boitshepo, ba ya kwa Seloikia, ba be ba tswa teng, ba tshelela kwa Kipero ka mokoro.

5 Ya re ba sena go fitlha kwa Salami, ba bolela Lefoko la Modimo mo disenagogeng tsa Bajuta, ba na le Johane e le mothusi.

6 Ya re ba sena go ralala setlhakatlhake sotlhe go fitlha mo Phafo, ba fitlhela monna mongwe wa moitseanape teng, moporofeti wa maaka, wa Mojuta yo leina la gagwe e leng Barejesu;

7 o ne a nna le molaodi Seregio Paulo, monna wa tlhaloganyo. Ene a bitsa Baranaba le Saule, a eletsa go utlwa Lefoko la Modimo.

8 Mme Elemase wa moitseanape – leina la gagwe le fetolwa jalo – a ganetsanya nabo, a leka go faposa molaodi mo tumelong.

9 Jaanong Saule yo o bidiwang Paulo, a tlhoma matlho mo go ene, a tletse Mowa o o Boitshepo, a mo raya a re:

10 “Wena yo o tletseng boferefere le bolotsana jotlhe, wena wa ga Diabolo, mmaba wa tshiamo yotlhe, a ga o nke o bakela go sokamisa ditsela tse di siameng tsa Morena?

11 Jaanong bona, letsogo la Morena le mo go wena, mme o tla nna sefofu, o sa bone letsatsi sebaka.” Ga ba ga wela leoto le lefifi mo go ene ka bonako; a nna a dikologa, a batla ba ba ka mo gogang ka letsogo.

12 Ya re molaodi a bona se se dirilweng, a dumela, a gakgamaletse thuto ya Morena.


Baranaba le Paulo kwa Antiogia wa Pisidia

13 Jaanong Paulo le ba a nang nabo ba tloga mo Phafo ka mokoro, ba fitlha kwa Perege wa Pamefilia. Teng foo Johane a ba tlogela, a boela kwa Jerusalema.

14 Mme bone ba ralala lefatshe go tloga kwa Perege, ba fitlha kwa Antiogia wa Pisidia. Ba tsena mo senagogeng ka letsatsi la Sabata, ba nna fa fatshe.

15 Ya re go sena go buisiwa molao le baporofeti, bagogi ba senagoge ba roma kwa go bone ba re: “Banna, bakaulengwe, a e re fa lo na le lefoko lengwe la go kgothatsa batho, lo bue.”

16 Ke fa Paulo a nanoga, a boka ka letsogo a re: “Banna ba Iseraele, le lona ba lo boifang Modimo, reetsang!

17 Modimo wa morafe o wa Iseraele o itlhaoletse borraetsho, wa godisa morafe o le kwa majakong mo lefatsheng la Egepeto, wa ba ntsha teng ka letsogo le le tsholetsegileng.

18 Wa ba wa itshokela mekgwa ya bone mo sekakeng, e ka nna sebaka sa dinyaga di le 40.

19 Mme e rile o sena go senya ditšhaba tse di supang mo lefatsheng la Kanana, wa ba naya lefatshe la tsona go nna boswa.

20 Morago ga dilo tseo dinyageng tse e ka nnang di le 450 wa ba naya baatlhodi go tla go fitlha mo go Samuele moporofeti.

21 “Go tloga foo ba kopa kgosi. Modimo wa ba naya Saule, morwa Khiše, monna wa lotso lwa ga Benyamene, dinyaga di le 40.

22 Ya re o sena go mo tlosa, wa tlhoma Dafita gore a nne kgosi ya bone, wa supa ka ga gagwe wa re: ‘Ke bonye Dafita, morwa Isai, monna ka fa pelong ya me, yo o tla dirang thato ya me yotlhe.’

23 Ke ene yo Modimo o ntshitseng Mopholosi wa Iseraele mo losikeng lwa gagwe ka fa tsholofetsong, e bong Jesu,

24 Johane a sena go rerela batho botlhe ba Iseraele kolobetso ya tlhabologo, pele Jesu a ise a simolole tiro.

25 E rile Johane a wetsa tiro ya gagwe, a re: ‘Se lo nkayang sona ga ke sona. Mme bonang, o e tla morago ga me yo ditlhako tsa dinao tsa gagwe ke sa tshwanelang go di funolola.’

26 “Banna ba ga etsho, bomorwa lotso lwa ga Aborahame le ba ba boifang Modimo mo go lona, lefoko la pholoso e, le rometswe rona;

27 gonne ba ba agileng mo Jerusalema le balaodi ba bone, ka ba ne ba sa mo itse, ba mo atlhola, ba dirafatsa mantswe a baporofeti jalo a a buisiwang ka Sabata mongwe le mongwe.

28 Mme le fa ba se ka ba fitlhela molato ope o o tshwanetseng loso mo go ene, ba kopa Pilato gore a bolawe.

29 E rile ba sena go swetsa tsotlhe tse di kwadilweng ka ga gagwe, ba mo pagolola mo logonnye, ba mo tsenya mo lebitleng.

30 Mme Modimo wa mo tsosa mo baswing,

31 a bonwa ka malatsi a mantsi ke ba ba duleng nae kwa Galelea, ba ya kwa Jerusalema, ba jaanong e leng basupi ba gagwe mo bathong.

32 Le rona re lo rerela mafoko a boitumelo a tsholofetso e e diretsweng borraetsho,

33 ka Modimo o e dirafaditse mo go rona, ba re leng bana ba bone, ka go tsosa Jesu, jaaka go kwadilwe mo Pesalomeng ya bobedi ga twe: “ ‘O morwaake, ke go tsetse kajeno.’

34 “O mo tsositse mo baswing gore a se ka a tlhola a boela mo go boleng; o sa le o bua jalo o re: “ ‘Ke tla lo naya tse di boitshepo tse di tlhomameng tsa ga Dafita.’

35 “Ke gona ka moo o buang le mo go e nngwe wa re: “ ‘Ga o nke o lesa Moitshepi wa gago a bona go bola.’

36 “Gonne Dafita, e rile a sena go direla thato ya Modimo mo motlheng wa gagwe, a robala, a fitlhwa fa go borraagwe, a ba a bona go bola.

37 Mme ene yo Modimo o mo tsositseng ga a a ka a bona go bola.

38 Jaanong itseng he, lona banna ba ga etsho: Lo rerelwa boitshwarelo jwa dibe ka ene yo.

39 Mongwe le mongwe yo o dumelang o siamisiwa ke ene mo dilong tsotlhe tse lo ne lo sa ka ke lwa di itshwarelwa ka molao wa ga Moše.

40 Jaanong itiseng, e se re gongwe lwa dirafalelwa ke se se builweng ke baporofeti se re:

41 “ ‘Bonang, banyatsi ke lona, lo gakgamale, lo nyelele; gonne ke tla dira tiro mo malatsing a lona e lo ka bong lo sa e dumela ka gope, le fa mongwe a e lo bolelela.’ ”

42 Ya re Bajuta ba tswa mo senagogeng, baheitane ba kopa gore ba bolelelwe mafoko ao le ka Sabata yo o tlang.

43 Ya re phuthego e phatlalala, Bajuta ba bantsi le batlhabologi ba ba boifang Modimo ba sala Paulo le Baranaba morago. Bao ba ba kgothatsa, ba ba tlhotlheletsa gore ba nnele ruri mo boitshwarelong jwa Modimo.

44 Ya re ka Sabata yo o latelang ga batla go phuthega motse otlhe go utlwa Lefoko la Modimo.

45 Ya re Bajuta ba bona bontsintsi, ba tlala lefufa, ba ganetsa tse di builweng ke Paulo, ba kgala.

46 Mme Paulo le Baranaba ba bua ka bopelokgale ba re: “Go ne go tshwanetse gore Lefoko la Modimo le bolelelwe lona pele. Mme e re ka lo le gana, lo ikatlhola gore ga lo a tshwanelwa ke botshelo jo bo sa khutleng, bonang, jaanong re ya kwa baheitaneng.

47 Gonne Morena o re laetse jalo a re: “ ‘Ke go dirile lesedi la baheitane gore o nne pholoso go fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe.’ ”

48 Ya re baheitane ba utlwa, ba itumela, ba galaletsa Lefoko la Morena. Botlhe ba ba tlhaoletsweng botshelo jo bo sa khutleng ba dumela.

49 Lefoko la Modimo la ba la anamisiwa mo lefatsheng leo lotlhe.

50 Bajuta bone ba tlhotlheletsa basadi ba ba boifang Modimo ba ba tlotlegang le ditlhogo tsa motse, ba tsosetsa Paulo le Baranaba pogiso, ba ba leleka mo nageng ya bone.

51 Ke fa bone ba ba tlhotlhorela lorole lwa dinao, ba fetela kwa Ikonio.

52 Mme barutwa ba tlala boitumelo le Mowa o o Boitshepo.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan