Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ditiro 10 - Setswana 1970


Pono ya ga Koronelio kwa Kaisarea

1 Go ne go le monna mongwe kwa Kaisarea yo leina la gagwe e leng Koronelio, e le molaodi-wa-lekgolo mo mophatong o o bidiwang wa Italia,

2 e le morapedi yo o boifang Modimo, ene le botlhe ba ntlo ya gagwe, yo o atswang batho thata, a rapela Modimo ka metlha.

3 E rile e ka nna nako ya boraro thapama, a bona moengele wa Modimo sentle ka pontsho a tsena go ene, a mo raya a re: “Koronelio!”

4 Mme ene a tsepa matlho mo go ene a tshogile a re: “Ke eng, Morena?” A mo araba a re: “Merapelo ya gago le dikatso tsa gago di tlhatlogile go nna segopotso fa pele ga Modimo.

5 Mme jaanong roma banna kwa Jope go bitsa Simone yo o okeleditsweng leina la Petoro;

6 o nna kwa go Simone yo mongwe wa mosugi yo ntlo ya gagwe e leng fa lewatleng; ene o tla go bolelela se o tshwanetseng go se dira.”

7 Ya re moengele yo o buileng nae a sena go tsamaya, a bitsa ba le babedi ba badiredi ba lelapa le motlhabani mongwe yo o boifang Modimo, wa ba ba nang nae ka gale,

8 a ba bolelela tsotlhe, a ba roma kwa Jope.


Pono ya ga Petoro kwa Jope

9 E rile ka moso, bone ba sa le mo tseleng, mme ba atametse motse, Petoro a tlhatlogela kwa godimo ga ntlo go rapela, e ka nna ka nako ya motshegare.

10 Foo a tshwarwa ke tlala, a ba a rata go ja. Ya re ba baakanya, a welwa ke tshiramo ya pelo,

11 a bona legodimo le bulegile, le setsholo sengwe, e kete lesela le legolo, se fologela fa fatshe se lepeleditswe ka dintlha tse nne,

12 mo go sona go le mefutafuta ya tse di maoto-mane le dibata le digagabi tsa lefatshe le dinonyane tsa loapi.

13 Lentswe la ba la tla go ene la re: “Nanoga, Petoro, tlhaba o je!”

14 Mme Petoro a re: “A go se nne jalo, Morena; gonne ga ke ise nke ke je sepe se se ilegang, le fa e le se se itshekologileng.”

15 Lentswe la ba la tla go ene lwa bobedi la re: “Tse Modimo o di itshekisitseng, wena o se ka wa re, di a ilega.”

16 Ga dirafala jalo gararo; setsholo sa ba sa akofa sa tsholelwa kwa legodimong.

17 Ya re Petoro a sa ntse a akabetse gore pono e o e bonyeng e ka ne e kayang, ga tla banna ba ba romilweng ke Koronelio, ba boditse ka ga ntlo ya ga Simone, ba ema fa mojako,

18 ba bitsa, ba be ba botsa gore a Simone yo o okeleditsweng leina la Petoro o nna teng fa.

19 Ya re Petoro a ntse a akanya ka ga pono, Mowa wa mo raya wa re: “Bona, go banna ba le bararo, ba a go batla.

20 Nanoga o fologe, o ye nabo, o se belaele sepe; gonne ke nna ke ba romileng.”

21 Petoro a fologela kwa banneng ba ba romilweng ke Koronelio kwa go ene a re: “Ke nna yo lo mmatlang; ke eng se lo se tletseng?”

22 Ba re: “Koronelio, molaodi-wa-lekgolo, monna yo o siameng yo o boifang Modimo, yo o bolelwang ka molemo ke setšhaba sotlhe sa Bajuta, o laetswe ke moengele yo o boitshepo gore a go biletse kwa ntlong ya gagwe, a utlwe mafoko mo go wena.”


Petoro mo ntlong ya ga Koronelio

23 Ke fa a ba biletsa mo teng, a ba tshola. Ya re kamoso a tsoga a bolola nabo, le bangwe ba bakaulengwe ba ba mo Jope ba ya nae.

24 Ka moso o mongwe ba tsena mo Kaisarea. Koronelio a bo a ba lebeletse, a phuthile ba ga gabo le ditsala tse dikgolo tsa gagwe.

25 Ya re Petoro a re o a tsena, Koronelio a mo kgatlhantsha, a wela fa dinaong tsa gagwe, a mo obamela.

26 Mme Petoro a mo emisa a re: “Nanoga, le nna ke motho fela jaaka wena.”

27 Ya re a ntse a bua nae, a tsena, a ba a fitlhela ba bantsi ba phuthegile.

28 A ba raya a re: “Lo itse ka losi gore monna wa Mojuta ga a a letlelelwa go ikopanya le mongwe wa morafe o sele, le fa e le go tsena go ene; mme nna Modimo o ntshupeditse gore ke se ka ka kaya motho ope gore o a ilega gongwe o itshekologile.

29 Ke gona ka moo e rileng ke bidiwa, ka tla fela, ke sa ganetse. Mme jaanong ke botsa gore lo mpileditseng?”

30 Koronelio a araba a re: “E rile maloba, go setse go fetile malatsi a mane, ka nako eno ya boraro thapama, ka rapela mo ntlong ya me, ka bona monna a ema fa pele ga me, a apere diaparo tse di galalelang,

31 a nthaya a re: ‘Koronelio, thapelo ya gago e utlwilwe, le dikatso tsa gago di gopotswe fa pele ga Modimo.

32 Ka moo he, roma kwa Jope, o bitse Simone yo o okeleditsweng leina la Petoro; o nna mo ntlong ya ga Simone wa mosugi fa lewatleng; yoo e tla re fa a tsile, a bue nao.’

33 Ke ka moo ke akofileng ka roma kwa go wena; mme o dirile sentle, fa o tsile. Jaanong re fano rotlhe fa pele ga Modimo go utlwa tsotlhe tse o di laetsweng ke Modimo.”

34 Ke fa Petoro a tswa molomo a re: “Ammaaruri, ke lemoga gore Modimo ga o gobelelele motho;

35 mme yo o o boifang, a ba a dira ka tshiamo morafeng mongwe le mongwe, o a mo amogela.

36 O rometse Baiseraele Lefoko la ona, wa bega kagiso ka Jesu Keresete Efangeleng; ke ene Morena wa botlhe.

37 Lo itse se se dirafetseng mo lefatsheng lotlhe la Jutea, go simolola kwa Galelea, morago ga kolobetso e Johane o neng a e rera,

38 e bong sa ga Jesu wa Nasaretha, jaaka Modimo o mo tloditse ka Mowa o o Boitshepo le ka nonofo; yo o ne a dikologa a dira molemo, a fodisa botlhe ba ba gatelelwang ke Diabolo; gonne Modimo o ne o na nae.

39 “Rona re basupi ba tsotlhe tse o di dirileng mo lefatsheng la Bajuta le mo Jerusalema, yo ba bileng ba mmolaya ka go mo pega mo logonnye.

40 Ene yoo Modimo o mo tsositse ka letsatsi la boraro, wa dira gore a bonale,

41 e seng mo bathong botlhe, mme e le mo basuping ba ba tlhaotsweng ke Modimo pele, e bong mo go rona ba re jeleng, ra nwa nae, a sena go tsoga mo baswing.

42 Mme o re laetse go rerela batho le go supa gore ke ene yo o tlhomilweng ke Modimo go nna moatlhodi wa baphedi le baswi.

43 Ke ene yo baporofeti botlhe ba supang ka ga gagwe gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene o tla bona boitshwarelo jwa dibe ka leina la gagwe.”

44 Ya re Petoro a sa ntse a bua mafoko a, Mowa o o Boitshepo wa wela botlhe ba ba utlwang molaetsa.

45 Ke fa ba bogwera ba ba dumetseng, ba ba tsileng le Petoro, ba gakgamala fa neo ya Mowa o o Boitshepo e tshetswe le mo baheitaneng;

46 gonne ba ba utlwa ba bua ka diteme, ba godisa Modimo. Ke fa Petoro a simolola go botsa a re:

47 “A mongwe a ka thibela metsi gore batho ba, ba ba amogetseng Mowa o o Boitshepo fela jaaka rona, ba se kolobediwe?”

48 A ba a laola gore ba kolobediwe mo leineng la ga Jesu Keresete. Jaanong ba mo rapela gore a tlhole malatsi mangwe teng.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan