Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Ditiro 1 - Setswana 1970


Taelo ya ga Jesu le tlhatlogo ya gagwe

1 Lokwalo lwa pele ke lo kwadile, wena Theofilo, ka ga tsotlhe tse Jesu o simolotseng go di dira le go di ruta,

2 go fitlha mo letsatsing le a tlhatlositsweng ka lone, a sena go laola baapostolo ka Mowa o o Boitshepo ba a ba itlhaoletseng.

3 Ke bone ba morago ga go boga ga gagwe a bileng a ba ipontsha e le yo o phelang ka ditshupo tse dintsi, a bonala mo go bone malatsi a le 40, a ntse a bolela tsa puso ya Modimo.

4 E rile ba phuthegile nae, a ba laela gore ba se ka ba tloga mo Jerusalema, mme ba lebelele tsholofetso ya Rara, e o reng: “Lo e utlwile mo go nna.

5 Gonne fa e le Johane, o ne a kolobetsa ka metsi, mme lona lo tla kolobediwa ka Mowa o o Boitshepo go ise go fete malatsi a mantsi.”

6 Jaanong ba ba neng ba phuthegile ba mmotsa ba re: “Morena, a o tla boa o tsosetsa Iseraele bogosi ka sebaka seno?”

7 A ba araba a re: “Ga go a lo tshwanela go itse metlha gongwe dinako tse Rara o di beileng ka thata ya gagwe.

8 Mme lo tla bona nonofo ya Mowa o o Boitshepo, motlhang o tlang mo go lona; lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema le mo Jutea yotlhe le mo Samaria le go ya kwa bokhutlong jwa lefatshe.”

9 Ya re a sena go bua dilo tse, a tlhatlosiwa, ba ntse ba lebile; mme leru la mo tlosa mo ponong ya bone.

10 Ya re ba sa ntse ba leletse kwa legodimong a ntse a tlhatloga, ga ema banna ba le babedi fa go bone, ba apere diaparo tse ditshweu,

11 ba re: “Lona banna ba Galelea, lo emetseng lo leletse kwa legodimong? Jesu yole yo o tsholeleditsweng kwa legodimong, a tswa mo go lona, o tla boa a tla fela jaaka lo mmonye a ya kwa legodimong.”

12 Ya baa gona ba boelang kwa Jerusalema, ba tswa mo thabeng e e bidiwang ya Diolefa e e gaufi le Jerusalema, e bokgakala jwa yona e leng leeto la Sabata.

13 Ya re ba sena go tsena, ba tlhatlogela kwa ntlwaneng e e kwa godimo, kwa ba ne ba nna teng, e bong Petoro le Johane le Jakobo le Andrea le Filipo le Thomase le Baretolomeo le Matheo le Jakobo wa ga Alefeo le Simone-Selote le Juta wa ga Jakobo.

14 Botlhe bao ba nnela ruri mo thapelong ka bongwefela jwa pelo, ba na le basadi bangwe le Maria, mma Jesu, le bomonnaa Jesu.


Go tlhaolwa ga Mathia

15 E rile mo malatsing ao Petoro a ema mo gare ga bakaulengwe ba ba ka nnang 120 ba ba neng ba le mmogo a re:

16 “Banna ba ga etsho, Lokwalo lo ne lo tshwanetse go dirafala, lo Mowa o o Boitshepo o buileng pele ka lone ka molomo wa ga Dafita ka ga Jutase yo o neng a nna mogogi wa ba ba tshwereng Jesu;

17 gonne o na a baletswe mo go rona, a ba a abelwa tirelo e ya boapostolo.”

18 Fa e le ene, o rekile setsha ka tuelo ya tshiamololo, a wa ka tlhogo, a phanyega ka bogare, mateng a gagwe a ba a gorometsega otlhe;

19 ga ba ga itsiwe ke botlhe ba ba agileng mo Jerusalema, mo setsha seo se bileng sa bidiwa Akeledama mo puong ya bone, ke go re: Setsha sa madi.

20 “Gonne go kwadilwe mo lokwalong lwa Dipesalome ga twe: “ ‘A boago jwa gagwe bo fetoge lesope, a go se nne ope yo o agang mo go lone!’ “Gape ga twe: “ ‘A o sele a tsee tirelo ya gagwe!’

21 “Jaanong fa e le banna ba ba sa leng ba tsamaya le rona ka sebaka sotlhe se Morena Jesu o neng a tsena a tswa mo go rona ka sona,

22 go simolola ka kolobetso ya ga Johane go fitlha mo letsatsing le o tlhatlositsweng mo go rona ka lone, mongwe wa bone o tshwanetse go nna mosupi le rona wa tsogo ya gagwe.”

23 Jaanong ba emisa ba le babedi, e bong Josefa yo o bidiwang Baresaba, a okelediwa leina la Juseto, le Mathia.

24 Ba be ba rapela ba re: “Morena, wena moitsi wa dipelo tsa botlhe, supa yo ò mo itlhaoletseng mo go ba babedi ba

25 gore a tle a tsee boemo jwa tirelo e jwa boapostolo jo Jutase o oleng mo go jona, gore a ye felong ga gagwe.”

26 Jaanong ba ba tlhamela ditengwa, mme tengwa ya supa Mathia; a tlhophiwa jalo go nna mongwe wa baapostolo ba ba 11.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan