Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Daniele 5 - Setswana 1970


Moletlo wa kgosi Belešatsare. Seatla se se kwalang mo loboteng

1 Kgosi Belešatsare o kile a direla ditona tsa gagwe di le sekete moletlo o mogolo, a nwa weine fa pele ga di le sekete tseo.

2 Ya re Belešatsare a ntse a natefelwa ke weine, a laola gore go tlisiwe dijana tsa gouta le tsa selefera tse rraagwe Nebukatenesare a di ntshitseng mo Tempeleng ya Jerusalema, gore go nwe kgosi le ditona tsa yona le basadi ba yona le dinyatsi tsa yona ka tsona.

3 Ke fa dijana tsa gouta di tlisiwa tse di ntshitsweng mo Tempeleng, e e leng Ntlo ya Modimo kwa Jerusalema. Kgosi le ditona tsa yona le basadi ba yona le dinyatsi tsa yona ba nwa ka tsona.

4 Ya re ba ntse ba nwa weine, ba baka medimo ya gouta le ya selefera le ya kgotlho le ya tshipi le ya logong le ya lefika.

5 Ka yona nako eo ga bonala menwana ya seatla sa motho, ya kwala mo loboteng lo losweu lwa ntlo ya kgosi go lebagana le setlhomo sa lobone; kgosi ya bona ntlha ya seatla se se kwalang.

6 Ke fa kgosi e setlhafala sefatlhego; megopolo ya yona ya e tshosa, malokololo a dirope tsa yona a repa, mangole a yona a itayana.

7 Kgosi ya kuela godimo ya re: “A go tlisiwe baitseanape le Bakalatea le balepi ba dinaledi!” Jaanong kgosi ya bua, ya raya batlhalefi ba Babele ya re: “Le fa e le mangmang yo o ka buisang lokwalo lole, a mpolelela tlhaloso ya lone, o tla apesiwa ka masela a mantle a mahibidu, a kgabisiwa ka keetane ya gouta mo molaleng wa gagwe; o tla nna molaodi wa boraro mo bogosing.”

8 Batlhalefi botlhe ba kgosi ba ne ba tsenye, mme ba palelwa ke go buisa lokwalo loo le go itsise kgosi tlhaloso ya lone.

9 Ka moo kgosi Belešatsare a rerega thata, a setlhafala sefatlhego; ditona tsa gagwe tsa tseana.

10 Mmaagwe kgosi a ba a tsena mo ntlong ya moletlo ka ntlha ya go goa ga kgosi le ga ditona tsa yona. Mmaagwe a bua a re: “Wena kgosi, phela ka bosakhutleng! A dikakanyo tsa gago di se ka tsa go tshosa! O se ka wa setlhafala sefatlhego!

11 Go na le monna mo pusong ya gago yo o nang le mowa wa medimo e e boitshepo. Mo metlheng ya ga rraago ga fitlhelwa lesedi le temogo le botlhale jo bo tshwanang le botlhale jwa medimo mo go ene, mme rraago, kgosi Nebukatenesare, o ne a mo dirile mookamedi wa batlhalefi le baitseanape le Bakalatea le balepi ba dinaledi – rraago, wena kgosi –

12 Ka gonne go ne go fitlhetswe mowa wa maatlametlo le kitso le tlhaloganyo mo go Daniele yoo, yo kgosi e neng e mmitsa Beletšhatsare. O ne a itse go tlhalosa ditoro le go phutholola dinyepo le go senola diphiri. Jaanong he, a go bidiwe Daniele; ene o tla bolela tlhaloso.”


Daniele o tlhalosa lokwalo

13 Ke fa Daniele a tlisiwa fa pele ga kgosi. Kgosi ya botsa Daniele ya re: “A ke wena Daniele, mongwe wa batshwarwi ba Bajuta, ba kgosi, e bong rre, e ba ntshitseng kwa Juta, ya ba tlisa mono?

14 Ke utlwile ka ga gago go twe, mowa wa medimo o mo go wena; le gona go fitlhetswe lesedi le temogo le botlhale jo bogolo mo go wena.

15 Batlhalefi le baitseanape ke ba, ke gona ba tlisiwang fa pele ga me gore ba buise lokwalo lole le go nkitsise tlhaloso ya lone, mme ba palelwa ke go mpolelela phuthololo ya dilo tseo.

16 Mme ke utlwile ka ga gago go twe, o itse go tlhalosa le go senola diphiri. Jaanong he, fa ò ka kgona go buisa lokwalo lole le go nkitsise tlhaloso ya lone, ò tla apesiwa masela a mantle a mahibidu, ò kgabisiwa ka keetane ya gouta mo molaleng wa gago; le gona ò tla nna molaodi wa boraro mo mmusong.”

17 Ke fa Daniele a fetola, a bua fa pele ga kgosi a re: “Dimpho tsa gago a e nne tsa gago; dineo tsa gago di nee o sele! Mme lokwalo lole ke tla lo buisetsa kgosi, ke e itsise tlhaloso ya lone:

18 “Wena kgosi, Modimo o o godimodimo o ne o neetse rraago Nebukatenesare bogosi le bogolo le kgalalelo le borena.

19 Batho botlhe, e bong merafe le ditšhaba le ba dipuo ba ne ba roroma ka ntlha ya bogolo jo a bo filweng, ba mmoifa; a bolaya motho, a phedisa motho, a godisa motho, a kokobetsa motho, fela ka fa a ratang ka teng.

20 Mme ya re pelo ya gagwe e ikgodisa, le mowa wa gagwe o gogomoga le go ikgantsha, a digwa mo sedulong sa bogosi jwa gagwe; tlotlo ya gagwe ya tlosiwa mo go ene.

21 A lelekwa mo bathong, pelo ya gagwe ya nna jaaka ya phologolo, a nna le diesele tsa naga, a fudisiwa bojang jaaka dikgomo; mmele wa gagwe wa kolobediwa ke monyo wa legodimo, ga tsamaya a be a itse, fa Modimo o o godimodimo o na le thata mo bogosing jwa motho, o bo neela yo o ratang go bo mo neela.

22 “Jaanong wena Belešatsare morwawe, ga ò a ka wa kokobetsa pelo ya gago, le fa ò ne ò itse dilo tsotlhe tseo.

23 Mme ò ikgodiseditse Morena wa legodimo; dijana tsa Tempele ya gagwe tsa tlisiwa fa pele ga gago, lwa nwa weine ka tsona, wena le ditona tsa gago le basadi ba gago le dinyatsi tsa gago. Medimo ya selefera le ya gouta le ya kgotlho le ya tshipi le ya logong le ya lefika e e sa boneng, e e sa utlweng, e e sa itseng sepe, yona ò e bokile, mme Modimo o mowa wa bophelo jwa gago o leng mo diatleng tsa ona, o o laolang ditsela tsotlhe tsa gago, ona ga ò a ka wa ò tlotla.

24 Ke ka moo go rometsweng seatla sele ke ona, ga kwalwa lokwalo lole.

25 Lokwalo loo lo lo kwadilweng fale ke lo lo reng: ‘Mene, mene, tekele, ufaresine.’

26 Tlhaloso ya mafoko ao ke e: Mene, ke go re: Modimo o badile malatsi a bogosi jwa gago, wa bo khutlisa.

27 Tekele, ke go re: O lekantswe ka selekanyetso, mme wa fitlhelwa ò le motlhofo.

28 Pherese, ke go re: Bogosi jwa gago bo kgaogantswe, jwa neelwa Bamedia le Baperesia.”

29 Ke fa Belešatsare a laola gore ba apese Daniele masela a mantle a mahibidu, ba mo kgabise ka keetane ya gouta mo molaleng wa gagwe. Le gona ba tlhaba mokgosi o o reng: “Ke ene molaodi wa boraro mo mmusong.”

30 Belešatsare, kgosi ya Bakalatea, a bolawa bosigo jona joo.

31 Dario wa Momedia a amogela bogosi joo a le dinyaga di le 62.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan