Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Daniele 4 - Setswana 1970


Toro ya bobedi ya kgosi

1 “Nna kgosi Nebukatenesare ke kwalela batho botlhe, e bong merafe le ditšhaba le ba dipuo ba ba agileng mo lefatsheng lotlhe ka re: A kagiso ya lona e nne e kgolo!

2 Ke kgatlhwa ke go bolela ditshupo le dikgakgamatso tse Modimo o o godimodimo o di ntiretseng.

3 “Ditshupo tsa ona di kana kang! Dikgakgamatso tsa ona di dikgolo jang! Bogosi jwa ona ke jo bo sa khutleng; puso ya ona ke ya ditshika tsotlhe.

4 “Nna Nebukatenesare, e rile ke iketlile mo ntlong ya me, ke le mo kagisong mo ntlong ya me ya borena,

5 ka lora toro, mme ya mpoifisa; dikakanyo mo bolaong jwa me le dipono tsa tlhogo ya me tsa ntshosa.

6 Ka laola gore batlhalefi botlhe ba Babele ba tlisiwe fa pele ga me, ba tle go nkitsise tlhaloso ya toro.

7 Ke fa batlhalefi le baitseanape le Bakalatea le balepi ba dinaledi ba tla; ka ba bolelela toro, mme ba palelwa ke go mpolelela tlhaloso ya yona.

8 La bofelo ga ema Daniele fa pele ga me, yo leina la gagwe e leng Beletšhatsare ka fa leineng la modimo wa me, yo mowa wa medimo e e boitshepo o leng mo go ene; ka mmolelela toro.

9 Ka re: ‘Wena Beletšhatsare, mookamedi wa batlhalefi, yo ke itseng fa mowa wa medimo e e boitshepo o le mo go wena, yo o sa palelweng ke sephiri sepe. Utlwa toro ya me e ke e lorileng, o bolele tlhaloso ya yona!

10 “ ‘Dipono tsa tlhogo ya me tse ke di bonyeng ke le mo bolaong jwa me ke tse: Ke lorile, ke bona setlhare se le mo gare ga lefatshe, se goletse kwa godimo thata.

11 Setlhare seo sa nna segolo thata; ntlha ya sona ya fitlha kwa legodimong, sa bonwa kwa dikhutlong tsotlhe tsa lefatshe.

12 Matlhare a sona a ne a le mantle, maungo a sona a le mantsi, dijo tsa botlhe di le mo go sona. Diphologolo tsa naga tsa se nna moriti; dinonyane tsa loapi tsa aga mo dikaleng tsa sona; tsotlhe tse di phelang tsa ja mo go sona.

13 “ ‘Ka leba mo diponong tsa tlhogo ya me ke le mo bolaong jwa me, ka bona moengele yo o boitshepo a fologa kwa legodimong,

14 a kua thata, a bua jaana a re: Remang setlhare seo, kgaolang dikala tsa sona, tlhotlhorang matlhare a sona, lo phatlalatse maungo a sona! A diphologolo di tshabe di tloge fa tlase ga sona, le dinonyane mo dikaleng tsa sona!

15 Fela lo tlogele thito mo fatsheng, e na le medi ya yona, e bofilwe ka keetane ya tshipi le kgotlho mo bojannye jo botala jwa naga. “ ‘A e kolobediwe ke monyo wa legodimo, e tlhakanele merogo ya lefatshe le diphologolo.

16 A pelo ya gagwe ya setho e fetoge, mme a fiwe pelo ya sephologolo, a ba a fetwe ke dipaka tse supa.

17 Go laotswe jalo ka katlholo ya baengele; ke mafoko a baitshepi a a lopang jalo gore ba ba phelang ba tle ba itse, fa Mogodimodimo a na le thata mo bogosing jwa motho, a kgona go bo neela yo a ratang go bo mo neela; le go ka dira kgosi yo e leng motho fela.’

18 “Ke yona pono e ke e bonyeng mo torong, nna kgosi Nebukatenesare, mme wena Beletšhatsare, bolela tlhaloso ya yona; gonne batlhalefi botlhe ba ba mo pusong ya me ba paletswe ke go mpolelela tlhaloso, mme wena o nonofile, ka gore mowa wa medimo e e boitshepo o mo go wena.”


Daniele o tlhalosa toro

19 Ke fa Daniele yo leina la gagwe e leng Beletšhatsare a tlhoka puo sebaka; megopolo ya gagwe ya mo rera. Kgosi ya bua, ya raya Beletšhatsare ya re: “A toro le tlhaloso ya yona di se ka tsa go tshosa.” Beletšhatsare a fetola a re: “Morena wa me, a toro eo e dirafalele ba ba go tlhoileng, le tlhaloso ya yona e dirafalele baba ba gago!

20 Setlhare seo o se bonyeng, se se godileng thata, se ntlha ya sona e fitlhileng kwa legodimong, se bonwa kwa dikhutlong tsa lefatshe lotlhe;

21 se matlhare a sona e neng a le mantle, maungo a sona a le mantsi, dijo tsa dilo tsotlhe di le mo go sona; diphologolo tsa naga di se nna moriti; dinonyane tsa loapi di aga dintlhaga mo dikaleng tsa sona:

22 “Setlhare seo ke wena kgosi; o mogolo, o thata; bogolo jwa gago bo goletse kwa godimo, bo ama legodimo, le puso ya gago e fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe.

23 Jaanong fa e le moengele yo o boitshepo yo kgosi e mmonyeng a fologa kwa legodimong, a laola a re: ‘Remang setlhare seo, lo se senye; fela lo sadise thito mo mmung, e na le medi ya yona, e bofilwe ka keetane ya tshipi le kgotlho mo bojannye jo botala jwa naga, mme a e kolobediwe ke monyo wa legodimo, e phele le diphologolo tsa naga, go fitlhelela e fetwe ke dipaka tse supa.’

24 “Tlhaloso ya teng ke e – mme se se tla dirafalelang kgosi, morena wa me, se laotswe ke Mogodimodimo:

25 Wena o tla lelekwa mo bathong, o nna le diphologolo tsa naga, o fudisiwa bojang jaaka dikgomo, o kolobediwa ke monyo wa legodimo, o fetwa ke dipaka tse supa go fitlhelela o itse, fa Mogodimodimo a na le thata mo bogosing jwa motho, a bo neela yo a ratang go bo mo neela.

26 Jaanong fa go laotswe gore go sadisiwe thito ya setlhare e e nang le medi, ke go re: Bogosi jwa gago o tla boela mo go jona, o sena go lemoga gore puso ke ya legodimo.

27 Ka moo, kgosi, a kgakololo ya me e go kgatlhe fa ke re: Tlosa maleo a gago ka ditiro tse di siameng, le melato ya gago ka go tlhomogela babogisegi pelo! E ka re gongwe o a phela o iketlile ka boleele.”

28 Tsotlhe tseo di dirafaletse kgosi Nebukatenesare.

29 E rile dikgwedi di le 12 di sena go feta, kgosi ya bo e itsamaela mo godimo ga ntlo ya borena kwa Babele,

30 ya bua ya re: “A se ga se ona motse o mogolo wa Babele o ke o agileng ka thata e kgolo ya me go nna mošate, e le go galaletsa borena jwa me?”

31 Ya re kgosi e sa ntse e bua jalo, ga utlwala lentswe le tswa kwa legodimong le re: “Kgosi Nebukatenesare, o a bolelelwa gore bogosi bo tlosiwa mo go wena.

32 O tla lelekwa mo bathong, o nna le diphologolo tsa naga, o fudisiwa bojang jaaka dikgomo, o fetwa ke dipaka tse supa go fitlhelela o lemoga gore, Mogodimodimo o na le thata mo bogosing jwa motho, o bo neela yo a ratang go bo mo neela.”

33 Lefoko leo la akofa la dirafalela Nebukatenesare ka nako eo. A lelekwa mo bathong, a fula bojang jaaka dikgomo; mmele wa gagwe wa kolobediwa ke monyo wa legodimo, ga tsamaya moriri wa gagwe wa leelefala jaaka diphuka tsa manong, le dinala tsa gagwe jaaka tsa dinonyane.


Kgosi e baka Modimo

34 “E rile malatsi ao a sena go feta, nna Nebukatenesare ka tsholeletsa matlho kwa legodimong, ka boelwa ke tlhaloganyo ya me, ka baka Mogodimodimo, ka tumisa yo o phelang ka bosakhutleng, ka mo tlotla. “Thata ya gagwe ke thata e e sa khutleng; bogosi jwa gagwe ke jwa ditshika tsotlhe.

35 Baagi botlhe ba lefatshe ga ba kaiwe sepe. O direla mophato wa legodimo le baagi ba lefatshe ka fa a ratang ka teng. Ga go na ope yo o ka thibelang letsogo la gagwe, gongwe yo o ka mo arabisang a re: ‘O dirang?’

36 “Ka yona nako eo tlhaloganyo ya me ya boela mo go nna, le tlotlego ya me le kgalalelo ya me tsa boela mo go nna e le go tumisa bogosi jwa me; ditona tsa me le dikgosana tsa me tsa mpatla, ka busediwa gape mo bogosing jwa me, ka fiwa bogolo jo bo fetang jwa pele.

37 “Jaanong nna Nebukatenesare ke tumisa Kgosi ya legodimo, ke a e godisa, ke a e tlotla ka re: Tiro tsotlhe tsa yona ke tsa mannete, ditsela tsa yona di siame; ba ba sepelang ka boikgodiso, o itse go ba kokobetsa.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan