Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Daniele 2 - Setswana 1970


Toro ya Nebukatenesare

1 Ka ngwaga wa bobedi wa puso ya ga Nebukatenesare, Nebukatenesare a lora ditoro; ke fa mowa wa gagwe o tshoga, o tlhofaela.

2 Kgosi ya laela gore go bidiwe batlhalefi le baitseanape le dingaka le Bakalatea gore ba itsise kgosi ditoro tsa yona. Ba tla, ba ema fa pele ga kgosi.

3 Kgosi ya ba raya ya re: “Ke lorile toro. Jaanong mowa wa me o a tshwenyega. Ke rata go tlhaloganya toro eo.”

4 Bakalatea ba raya kgosi ka Sesiria ba re: “A kgosi e phele ka bosakhutleng! Bolelela batlhanka ba gago toro gore re bolele tlhaloso ya yona.”

5 Kgosi ya fetola Bakalatea ya re: “Lefoko la me ga le fetoge. Fa lo sa nkitsise toro le tlhaloso ya yona, lo tla remaganngwa; matlo a lona e tla fetolwa mekoa ya matlakala.

6 Mme fa lo ka bolela toro le tlhaloso ya yona, lo tla amogela dimpho le dineo le tlotlo e kgolo mo go nna. Ka moo mpoleleleng toro le tlhaloso ya yona.”

7 Ba araba gape ba re: “A kgosi e bolelele batlhanka ba yona toro; foo re tla bolela tlhaloso ya yona.”

8 Kgosi ya fetola ya re: “Jaanong ke lemoga sentle, fa lo batla fela go ikokeletsa sebaka; ka gonne lo lemogile, fa lefoko le tlhomame mo go nna le le reng:

9 Fa lo palelwa ke go mpolelela toro, katlholo e le nngwe e tla lo wela. Kana lo utlwanye go bua mafoko a maaka a a sa siamang fa pele ga me go tsamaya sebaka se fetoge. Ka moo mpoleleleng toro! Foo ke tla itse, fa lo sa ka ke lwa palelwa ke go mpolelela tlhaloso ya yona.”

10 Bakalatea ba araba fa pele ga kgosi ba re: “Ga go na motho ope mo lefatsheng yo o ka kgonang go bolela se kgosi e se batlang. Ka gonne ga go na kgosi epe, le fa e le kgolo gongwe e le thata, e e kileng ya batla se se ntseng jalo mo motlhalefing mongwe gongwe mo ngakeng gongwe mo go Mokalatea.

11 Se kgosi e se batlang se thata. Ga go na ope yo o ka se bolelang fa pele ga kgosi fa e se medimo e boago jwa yona bo seng mo bathong.”

12 Ke fa kgosi e galefa, e gakala thata, e laola gore batlhalefi botlhe ba Babele ba bolawe.

13 Ya re taolo e sena go tswa gore batlhalefi ba bolawe, ba batla Daniele le balekane ba gagwe gore ba bolawe.


Modimo o tlhalosetsa Daniele toro ya kgosi

14 Ke fa Daniele a fetola Arioge, molaodi wa bafemedi ba kgosi, yo o bolotseng go bolaya batlhalefi ba Babele, ka botlhale le ka tlhaloganyo.

15 A simolola go bua, a botsa Arioge, molaodi wa bafemedi ba kgosi, a re: “Ke ka ntlhaang, fa katlholo ya kgosi e le bogale thata?” Arioge a bolelela Daniele mabaka a teng.

16 Foo Daniele a tsena mo ntlong ya borena, a kopa kgosi gore a fiwe sebaka gore a tle a itsise kgosi tlhaloso ya toro.

17 Daniele a ba a ya kwa ntlong ya gagwe, a itsise balekane ba gagwe, Hananya le Mišaele le Asaria, mafoko ao,

18 gore ba kope kutlwelo-botlhoko mo Modimong wa legodimo ka ntlha ya sephiri seo gore Daniele le balekane ba gagwe ba se ka ba bolawa mmogo le batlhalefi ba bangwe ba Babele.

19 Ke fa Daniele a senolelwa sephiri seo ka pono bosigo. Daniele a ba a boka Modimo wa legodimo

20 a re: “A go bakwe leina la Modimo ka bosenatshimologo le ka bosakhutleng, gonne o na le botlhale le thata.

21 O fetola metlha le dinako; dikgosi o a di tlosa, dikgosi o a di tlhoma. O naya batlhalefi botlhale; ba ba nang le tlhaloganyo o ba nee kitso.

22 Ke ona o o senolang tse di boteng le tse di fitlhegileng; o itse se se mo fifing. Lesedi le na nao.

23 Wena Modimo wa borraetsho, ke a go baka, ke a go leboga; gonne o nneile botlhale le thata; o bile o nkitsisitse se re se kopileng mo go wena; o re itsisitse se kgosi e se batlang.”


Daniele o bolelela kgosi toro ya yona, a e e tlhalosetsa

24 Ke fa Daniele a tsena kwa go Arioge yo o laetsweng ke kgosi go bolaya batlhalefi ba Babele; a ya a mo raya jaana a re: “Se bolae batlhalefi ba Babele! Nkise kwa kgosing, ke tla bolelela kgosi tlhaloso ya toro.”

25 Arioge a itlhaganela, a isa Daniele fa pele ga kgosi, a e raya jaana a re: “Ke bonye monna wa batshwarwi ba Juta yo o tla itsiseng kgosi tlhaloso ya toro.”

26 Kgosi ya simolola go bua, ya botsa Daniele yo leina la gagwe e leng Beletšhatsare ya re: “A o tla kgona go nkitsise toro e ke e bonyeng le tlhaloso ya yona?”

27 Daniele a simolola go bua fa pele ga kgosi a re: “Sephiri se kgosi e se batlang, batlhalefi le baitseanape le barutegi le balepi ba dinaledi ga ba kgone go se bolelela kgosi.

28 Mme go na le Modimo kwa legodimong o o senolang diphiri; o itsisitse kgosi Nebukatenesare se se tla dirafalang ka malatsi a bofelo. Toro ya gago le dipono tsa tlhogo ya gago mo bolaong jwa gago ke tse:

29 “Wena kgosi o ne o akanya o le mo bolaong jwa gago gore go tla dirafala eng mo metlheng e e tlang? Jaanong ona o o senolang diphiri o go itsisitse se se tla dirafalang.

30 Mme nna ke senoletswe seo, e seng ka ntlha ya botlhale jo ke fetang botlhe ba ba phelang ka jona, mme e le gore kgosi e begelwe tlhaloso ya toro, o tle o itse dikakanyo tsa pelo ya gago.

31 “Wena kgosi o bonye setshwantsho sa motho; setshwantsho seo se ne se le segolo thata, phatsimo ya sona e feta tsotlhe; se ne se eme fa pele ga gago, tebego ya sona e le e e boitshegang.

32 Setshwantsho seo tlhogo ya sona e ne e le ya gouta e e sa pekwang; sehuba sa sona le mabogo a sona e le tsa selefera; mpa ya sona le dirope tsa sona e le tsa kgotlho.

33 Memomo ya sona e le ya tshipi; dinao tsa sona ntlhanngwe e le tshipi, ntlhanngwe e le mmopa.

34 Ya re o ntse o se lebile, lefika la kgomoga mo thabeng e se ka diatla tsa motho, la itaya setshwantsho seo mo dinaong tse e leng tshipi le mmopa, la di phatlakanya.

35 Tshipi le mmopa le kgotlho le selefera le gouta tsa phatlakanngwa mmogo, tsa nna jaaka moko mo diboaneng tsa mariga; phefo ya di tlosa, ga se ka ga tlhola go bonwa motlhala ope wa tsona, mme lefika le le iteileng setshwantsho seo la fetoga thaba e kgolo, la tlala lefatshe lotlhe.

36 “Ke yona toro. Jaanong re tla bolela tlhaloso ya yona fa pele ga kgosi.

37 Wena kgosi o kgosi ya dikgosi, yo Modimo wa legodimo o go neileng bogosi le nonofo le thata le tlotlo,

38 yo o tsentseng batho le diphologolo tsa naga le dinonyane tsa loapi mo thateng ya gago gotlhe fa go nnwang teng, wa go laodisa tsotlhe: Ke wena tlhogo ya gouta.

39 Sehularong sa gago go tla tsoga bogosi jo bongwe jo bo fetwang ke jwa gago; morago ga moo bogosi jwa boraro jo e leng jwa kgotlho, jo bo tla busang lefatshe lotlhe.

40 Bogosi jwa bone bo tla nna popota jaaka tshipi; kana tshipi e pšhwetlakanya tsotlhe, e di thubaganye; bo tla pšhwetlakanya otlhe ao jalo, bo a phatlakanya jaaka tshipi e e phatlakanyang.

41 Jaanong fa o bonye dinao le menwana ya tsona e le mmopa wa mmopi mo ntlheng nngwe le tshipi mo ntlheng e nngwe ke go re: E tla nna bogosi jo bo kgaogantsweng, mme thata ya tshipi e tla nna teng mo go jona, jaaka o bonye tshipi e tlhakantswe le mmopa.

42 Fa menwana ya dinao e le tshipi mo gongwe le mmopa mo gongwe, ke go re: Bogosi joo bo tla nna thata mo gongwe, bo tla foforega mo gongwe.

43 Jaanong fa o bonye tshipi e tlhakantswe le mmopa, ke go re: Le fa ba tla tlhakana ka go nyalana ga batho, ga ba nke ba kgomarelana jaaka tshipi e sa tlhakane le mmopa.

44 Mme e tla re ka malatsi a dikgosi tseo, Modimo wa legodimo o tlhome bogosi jo bo sa nyeleleng ka bosakhutleng. Bogosi joo ga bo nke bo amogwa ke morafe o mongwe. Bo tla pšhwetlakanya, bo fedisa magosi aotlhe ao, mme jona bo tla tlhomama ka bosakhutleng,

45 fela jaaka o bonye lefika le kgomolwa mo thabeng, e se ka diatla, le pšhwetlakanya tshipi le kgotlho le mmopa le selefera le gouta. Modimo o mogolo o itsisitse kgosi jalo se se tla dirafalang mo metlheng e e tlang. Toro ke ya nnete; tlhaloso ya yona e a ikanyega.”


Kgosi e leboga Daniele

46 Ke fa kgosi Nebukatenesare a wela fa fatshe ka sefatlhego, a obamela Daniele; a laola gore a direlwe ditshupelo tsa dijo le maswalo.

47 Kgosi ya fetola Daniele ya re: “Ka nnete, Modimo wa lona ke Modimo wa medimo le Morena wa dikgosi yo o senolang diphiri; gonne wena o kgonne go senola sephiri seo.”

48 Mme kgosi ya godisa Daniele, ya mo naya dineo tse dintsi tse dikgolo, ya mo laodisa naga yotlhe ya Babele; a nna mookamedi yo mogolo wa batlhalefi botlhe ba Babele.

49 Mme ka kopo ya ga Daniele kgosi ya neela Šaterage le Mešage le Abetenego puso ya naga ya Babele; Daniele ene a nna mo ntlong ya kgosi.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan