Daniele 1 - Setswana 1970Daniele le balekane ba gagwe ba mo lapeng la kgosi ya Babele 1 Ka ngwaga wa boraro wa puso ya ga Joyakime, kgosi ya Juta, ga tla Nebukatenesare, kgosi ya Babele, kwa motseng wa Jerusalema, a o dikanyetsa ka ntwa. 2 Morena a neela Joyakime, kgosi ya Juta, le bontlhanngwe jwa dithoto tsa Ntlo ya Modimo mo diatleng tsa ga Nebukatenesare, mme ene a di isa kwa lefatsheng la Sineare mo ntlong ya modimo wa gagwe, dithoto tsona a di tsenya mo ntlong ya mahumo ya modimo wa gagwe. 3 Jaanong kgosi ya laela Ašephenase, mookamedi wa badiredi ba yona gore a tlhaole bangwe ba Baiseraele ba e leng ba losika lwa kgosi le lwa batlotlegi, 4 e bong makau a a itekanetseng, a a bopegileng sentle, a e leng ditswerere mo botlhaleng jotlhe, a a seleng tlhogo, a a tlhogo-di-boleta, a a nonofileng go ka direla mo lapeng la kgosi; ona ao a a rute mokwalo wa Bakalatea le puo ya bone. 5 Kgosi ya laela gore a fiwe kabelo ya letsatsi lengwe le lengwe ya dijo tsa kgosi le ya weine e e e nwang ka yosi, gore a godisiwe jalo dinyaga di le tharo, mme fa di sena go feta, a itse go direla kgosi. 6 Mo go ona ao go ne go le Daniele le Hananya le Mišaele le Asaria, ba e leng ba lotso lwa Juta. 7 Jaanong mookamedi wa badiredi a ba taya maina a sele, a bitsa Daniele Beletšhatsare le Hananya Šaterage le Mišaele Mešage le Asaria Abetenego. 8 Mme Daniele a ikaelela mo pelong ya gagwe gore a se ka a itshekologa ka dijo tsa kgosi le ka weine e e e nwang; a kopa mookamedi wa badiredi gore a se ka a itshekologa. 9 Modimo wa naya Daniele go bona bopelonomi le bopelotlhomogi mo mookameding wa badiredi. 10 Mookamedi wa badiredi a fetola Daniele a re: “Ke boifa kgosi, morena wa me, yo o laetseng tse lo tshwanetseng go di ja le go di nwa, e se re gongwe ya bona difatlhego tsa lona di tlhontse di tshwanologa le tsa makau a mangwe a e leng a mophato wa lona, lwa tloga lwa nthwesa molato fa pele ga kgosi.” 11 Ke fa Daniele a raya modiredi yo mookamedi wa badiredi a mo laodisitseng Daniele le Hananya le Mišaele le Asaria a re: 12 “A ko o leke batlhanka ba gago malatsi a le some! Re ke re fiwe merogo go e ja le metsi go a nwa! 13 A foo go bonwe tebego ya rona le tebego ya makau a a jang dijo tsa kgosi fa pele ga gago; jaanong foo o ka direla batlhanka ba gago ka fa o bonang ka teng.” 14 Lefoko leo la bone a le utlwa, a ba leka malatsi a le some. 15 Ya re malatsi a le some a sena go feta, ga fitlhelwa difatlhego tsa bone di le dintle, e bile ba akotse bogolo go makau a a jang dijo tsa kgosi. 16 Go tloga foo mookamedi a tlosa dijo tsa kgosi le weine e ba neng ba laotswe go e nwa, a ba jesa merogo. 17 Mme makau ao Modimo wa a naya kitso le temogo ya dikwalo tsotlhe le botlhale ka bone jwa ona; Daniele ene o ne a ba feta ka go tlhaloganya dipono tsa mefutafuta le ditoro. 18 Jaanong e rile malatsi a sena go feta a kgosi e a beileng gore ba tsenngwe tirong morago ga ona, mookamedi wa badiredi a ba isa mo teng fa pele ga Nebukatenesare. 19 Kgosi ya bua nabo. Mme ga bo go sa bonwe ope mo go bone botlhe yo o tshwanang le Daniele le Hananya le Mišaele le Asaria. Ke fa ba simolola go direla kgosi. 20 Mo mafokong otlhe a botlhale le kitso a kgosi e neng e a ba botsa, ya fitlhela ba gaisa batlhalefi botlhe le baitseanape ba ba mo pusong yotlhe ya yona gasome. 21 Daniele a nna teng go fitlhelela ngwageng wa ntlha wa kgosi Korese. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa