Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Basiamisi 6 - Setswana 1970


Giteone

1 Mme Baiseraele ba fela ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena. Ke fa Morena a ba neela mo diatleng tsa Bamidiane dinyaga tse supa.

2 Jaanong e rile mabogo a Bamidiane a gatelela Baiseraele, Baiseraele ba ipaakanyetsa manno mo dikgophung tse di mo dithabeng le mo dikgageng le dikago tsa phemelo mo dithabeng ka ntlha ya go tshaba Bamidiane.

3 E ne ya re fa Baiseraele ba sena go jwala, go tlhage Bamidiane le Baamaleke le ba kwa botlhabatsatsi, ba ba tlhasele,

4 ba ba dikanyetse ka ntwa, ba senye kotulo ya lefatshe go ya go fitlha kwa Gasa; ba se ke ba tlogelele Baiseraele dijo dipe, le e seng nku kampo kgomo gongwe esele.

5 Gonne ba ne ba tle ba tlhage ka diruiwa tsa bone le ka ditente tsa bone, ba tle jaaka segopa sa tsie, mo ba sa ka keng ba balwa le fa e le dikammele tsa bone; ba tle mo lefatsheng go le senya.

6 Baiseraele ba ne ba koafadiwa thata ke Bamidiane, mme Baiseraele ba lelela Moreneng.

7 Mme ya re Baiseraele ba lelela Moreneng ka ntlha ya Bamidiane,

8 Morena a roma monna wa moporofeti kwa Baiseraeleng; ene a ba raya a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Ke lo ntshitse kwa Egepeto, ka lo ntsha mo ntlong ya botlhanka,

9 ka lo namolela mo diatleng tsa Baegepeto le mo diatleng tsa bagateledi botlhe ba lona, ka ba leleka fa pele ga lona, ka lo naya lefatshe la bone.

10 Ka lo raya ka re, ke nna Morena, Modimo wa lona. Se boifeng medimo ya Baamori ba lo agileng mo lefatsheng la bone. Mme lwa se ka lwa utlwa lentswe la me.’ ”

11 Moengele wa Morena a tla letsatsi le lengwe, a feta a nna fa tlase ga mooka wa kwa Ofera o e leng wa ga Joase wa Moabiesere, Giteone morwawe a ntse a photha mabele a korong mo segatelong gore a a subele Bamidiane.

12 Jaanong moengele wa Morena a iponatsa mo go ene, a mo raya a re: “Morena o na nao, wena mogale yo mogolo.”

13 Mme Giteone a mo raya a re: “Ao! Morena wa me, fa Morena a na le rona, ke ka ntlha ya eng fa dilo tsotlhe tse, di re dirafaletse? Dikgakgamatso tsotlhe di kae tse borraetsho ba di re boleletseng ba re: ‘Kana Morena o re ntshitse kwa Egepeto?’ Mme jaanong Morena o re latlhile, o re neetse mo diatleng tsa Bamidiane.”

14 Mme Morena a retologela kwa go ene a re: “Yaa ka thata e ya gago, o pholose Baiseraele mo diatleng tsa Bamidiane! Kana o rongwa ke nna.”

15 Ke fa Giteone a mmotsa a re: “Ao! Morena wa me, ke tla pholosa Baiseraele ka eng? Kana losika lwa me ke lo lobotlana mo go Bamanase; le gona ke yo mmotlana mo baneng ba ga rre.”

16 Mme Morena a mo raya a re: “Ruri ke tla nna nao, mme o tla fenya Bamidiane jaaka e kete ke monna a le mongwe fela.”

17 Giteone a mo fetola a re: “Ka thapelo, fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, ntirele sesupo sa gore ke wena o buang le nna!

18 A ko o se ka wa tloga fa, ke be ke boe, ke go tsisetse tshupelo, ke e bee fa pele ga gago.” Morena a re: “Ke tla nna fa go fitlhelela o boa.”

19 Ke fa Giteone a tloga a ya kwa gae, a feta a baakanya potsane e tonanyana le dinkgwe tse di sa bedisiwang tsa bupe jwa seelo sa efa; a tsenya dinama mo serotong, a tshela moro mo pitseng, a di isa kwa go ene fa tlase ga mooka, a di baya fa go ene.

20 Mme Moengele wa Modimo a mo raya a re: “Tsaya nama le dinkgwe, o di bee mo lefikeng lele, o tshele moro mo go tsona.” A dira jalo.

21 Jaanong Moengele wa Morena a tsaya thobane e a e tshotseng, a kgotla dinama le dinkgwe ka ntlha ya yona. Molelo wa bo o tswa mo lefikeng, o ja dinama le dinkgwe, mme Moengele wa Morena a nyelela mo matlhong a gagwe.

22 Ya re Giteone a lemoga gore e ne e le Moengele wa Morena, a re: “Joo nna wee, Morena Modimo! Ke bonye Moengele wa Morena, re lebanye ka difatlhego.”

23 Mme Morena a mo raya a re: “A kagiso e nne nao! Se boife! Ga o kitla o swa.”

24 Ke fa Giteone a agela Morena aletare gona, a e bitsa “Morena-wa-kagiso.” E sa le teng kwa Ofera wa Baabiesere go fitlhelela letsatsing la kajeno.

25 Mme ya re bosigo joo Morena a mo raya a re: “Tsaya poo ya dikgomo tse e leng tsa ga rraago, e bong poo ya bobedi ya dinyaga tse supa, o dige aletare ya ga Baale e e leng ya ga rraago, o reme Ašera e e fa thoko ga yona.

26 Gape o agele Morena, Modimo wa gago, aletare mo setlhoeng se se ageletsweng sa thaba e ka go tlhatlaganya matlapa, o tsee poo ya bobedi ele, o dire setlhabelo sa phiso ka dikgong tsa ga Ašera yo ò tla mo fatsang.”

27 Ke fa Giteone a tsaya banna ba some ba batlhanka ba gagwe, a dira jaaka Morena a mo laetse. Mme ya re ka a boifa ba kgotla ya ga rraagwe le banna ba motse, a se ka a dira motshegare, mme a dira bosigo.

28 Mme ya re banna ba motse ba tsoga mo mosong, ba fitlhela aletare ya ga Baale e digilwe le kota ya ga Ašera e e fa thoko ga yona e remilwe le poo ele ya bobedi e dirilwe setlhabelo sa phiso mo aletareng e e agilweng.

29 Ba botsanya ba re: “Ke mang yo o dirileng jalo?” Ya re ba sena go tlhotlhomisa le go botsolotsa ba utlwa go twe: “Giteone, morwa Joase, o dirile jalo.”

30 Ke fa banna ba motse ba raya Joase ba re: “Ntsha morwao, re mmolae! Gonne o digile aletare ya ga Baale, o bile remile kota ya ga Ašera e e neng e le fa thoko ga yona.”

31 Mme Joase a raya botlhe ba ba emeng fa go ene a re: “A lo rata go lwela Baale kampo go mo thusa? Yo o mo lwelang a a bolawe! e sa le mo mosong o. Fa ene Baale e le modimo, a a itwele, ka aletare ya gagwe e digilwe.”

32 Ke ka moo Giteone o biditsweng Jerubaale ka letsatsi leo. Jerubaale ke go re: “A Baale a lwe nae!” Ka gonne o ne a digile aletare ya gagwe.

33 Jaanong Bamidiane botlhe le Baamaleke le ba kwa botlhabatsatsi ba phuthega mmogo, ba tshela noka, ba thibelela mo lebaleng la Iserele.

34 Mme Mowa wa Morena wa tlala mo go Giteone, a letsa lonaka, a kua Baabiesere gore ba mo sale morago.

35 A ba a roma barongwi kwa go Bamanase botlhe, a ba kua le bone gore ba mo sale morago; gape a roma barongwi kwa go Baasere le Basebulone le Banafetale, mme ba bolola go mo kgatlhantsha.

36 Jaanong Giteone a raya Modimo a re: “Fa o rata go pholosa Baiseraele ka nna jaaka o buile – a ko o mphe sesupo!

37 Bona, ke tla baya letlalo mo seboaneng, mme fa monyo o ka wela mo letlalong le le losi fela, lefatshe lotlhe go se fa o oleng teng, foo ke tla itse gore o tla golola Baiseraele ka nna jaaka o buile.”

38 Ga dirafala jalo. Ya re a tsoga ka moso, a gamola monyo mo letlalong, ya nna metsi a a tlalang ka mogopo.

39 Mme Giteone a raya Modimo a re: “A bogale jwa gago bo se ka jwa ntukela, fa ke sa ntse ke bua gangwe fela. A ko o nte ke leke gape gangwe fela ka letlalo le. Jaanong a go ko go nne komelelo mo letlalong le le losi fela, mme monyo o nne mo lefatsheng lotlhe.”

40 Modimo wa dira jalo bosigo joo. Letlalo la lala le omile le le losi fela, mme lefatshe lotlhe le wetswe ke monyo.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan