Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Basiamisi 3 - Setswana 1970


Ditšhaba tse di setseng mo Kanana

1 Mme ditšhaba tse Morena o neng a di sadisa gore ka tsona a leke Baiseraele botlhe ba ba neng ba sa itse dintwa tsotlhe tsa Kanana, ke tse:

2 (E ne e le ka ntlha ya tlhalefo ya ditshika tsa Baiseraele fela go ba ruta tlhabano; bone fela ba ba neng ba sa e itse pele ga foo.)

3 Ke dikgosi tse tlhano tsa Bafelesita le Bakanana le Basitone le Bahewi botlhe ba ba neng ba agile kwa dithabeng tsa Lebanone go tswa thabeng ya Baale-Heremone go ya go fitlha kwa Hamathe.

4 Tsone tsa sala, e le go leka Baiseraele ka tsone, go tle go bonwe gore a ba tla utlwa ditaolo tsa Morena tse o di laetseng borraabo ka Moše.

5 Jaanong e rile Baiseraele ba ntse ba agile mo gare ga Bakanana le Bahethe le Baamori le Baferesi le Bahewi le Bajebusi,

6 ba tsaya bomorwadia merafe eo go nna basadi ba bone; gape ba neela bomorwa merafe eo bomorwadia-bone, ba be ba direla medimo ya yona.


Otheniele

7 Jaanong Baiseraele ba nna ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena, ba lebala Morena, Modimo wa bone, ba direla boBaale le boAšera.

8 Ke fa bogale jwa Morena bo tukela Baiseraele, mme a ba rekisa mo diatleng tsa ga Khušane-Rišathaime, kgosi ya Mesopotamia. Jaanong Baiseraele ba direla Khušane-Rišathaime dinyaga di le robedi.

9 Mme ya re Baiseraele ba lelela Moreneng, a ba tsosetsa mogolodi yo o neng a ba golola, e bong Otheniele, morwa Kenase, monnaa Kalebe.

10 Mowa wa Morena wa tsena mo go ene, a siamisa Baiseraele, a bolola go ya mo ntweng, mme Morena a neela Khušane-Rišathaime kgosi ya Mesopotamia mo diatleng tsa gagwe; letsogo la gagwe la fenya Khušane-Rišathaime.

11 Mme lefatshe la nna mo kagisong dinyaga di le 40. Ke fa Otheniele morwa Kenase a swa.


Ehute

12 Fela Baiseraele ba boela gape go dira tse di bosula mo matlhong a Morena. Ke fa Morena a tiisa Egelone kgosi ya Moabe gore a ba bogise; ka gonne ba ne ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena.

13 A ba a iphuthela Baamone le Baamaleke, a ya go itaya Baiseraele, a thopa Motse wa Mekolane.

14 Jaanong Baiseraele ba direla Egelone kgosi ya Moabe dinyaga di le 18.

15 Mme ya re Baiseraele ba lelela Moreneng a ba tsosetsa gape mopholosi, e bong Ehute, morwa Gera wa Mobenyamene, monna yo o molema. Baiseraele ba ne ba romela lekgetho kwa go Egelone kgosi ya Moabe ka ene.

16 Jaanong Ehute a itirela tšhaka e e magale-mabedi ya boleele jwa letsogo, a e tlama ka fa teng ga diaparo tsa gagwe fa seropeng sa le le jang;

17 a ba a isa lekgetho kwa go Egelone kgosi ya Moabe. Mme Egelone e ne e le monna yo o nonneng thata.

18 Jaanong ya re a sena go gorosa lekgetho, a felegetsa batho ba ba neng ba rwele lekgetho.

19 Morago a boa kwa ditshwantshong tsa medimo tse di mo Gilegala, a boela kwa kgosing, a feta a re: “Ke go tletse lefoko la sephiri, wena kgosi.” Ke fa e re: “Didimalang!” Mme botlhe ba ba neng ba eme fa go yona ba tswela kwa ntle.

20 Ya re Ehute a tsena kwa go yona, yona ya bo e dutse mo ntlwaneng e e kwa godimo e e tsiditsanyana e e leng ya yona e le yosi. Ehute a re: “Ke go tletse taelo ya Modimo.” Ke fa e nanoga mo sedulong sa yona sa bogosi.

21 Mme Ehute a tsenya letsogo la molema la gagwe, a somola tšhaka fa seropeng sa le le jang, a e tlhaba mo mpeng ya yona.

22 Ya tsena le mhinyana, wa latela bogale. Mme mafura a bipa bogale, ka a se ka a somola tšhaka mo mpeng ya yona, ya phunyeletsa ka kwa morago.

23 Jaanong Ehute a tswela kwa mathuding, a tswala setswalo sa ntlwana e e kwa godimo fa morago ga gagwe, a se lotlela.

24 Ya re a sena go tswela kwa ntle, batlhanka ba yona ba tla, ba bona setswalo sa ntlwana e e kwa godimo se lotletswe ba re: “Kooteng e ithomile fela mo ntlwaneng e e tsiditsanyana.”

25 Ba e emela sebaka go fitlhelela ba fela pelo, mme ya se ka ya bula setswalo sa ntlwana e e kwa godimo. Jaanong ba tsaya selotlele, ba bula, ba fitlhela morena wa bone a wetse fa fatshe a sule.

26 Mme Ehute o ne a falola, ba sa ntse ba diegile jalo, a feta fa ditshwantshong tsa medimo, a tshabela kwa Seira.

27 Ya re a sena go fitlha, a letsa lonaka mo dithabeng tsa Eferaime. Ke fa Baiseraele ba fologa nae mo dithabeng, ene a ba eteletse pele.

28 Mme a ba raya a re: “Ntshaleng morago, gonne Morena o neetse Bamoabe, baba ba lona, mo diatleng tsa lona.” Ba fologa, ba mo sala morago, ba tseela Bamoabe matsibogo a Joretane, ba sa dumelele ope go tshela.

29 Ka nako eo ba bolaya Bamoabe ba e ka nnang ba le 10 000; botlhe e le batlhabani ba ba tiileng, ga se ka ga falola ope.

30 Bamoabe ba ne ba kokobediwa jalo ka letsatsi leo fa tlase ga dinao tsa Baiseraele, mme lefatshe la nna mo kagisong dinyaga di le 80.


Samegare

31 Morago ga gagwe ga bo go le Samegare morwa Anathe yo o neng a bolaya banna ba le 600 ba Bafelesita ka lešwane la dipholo. Le ene a golola Baiseraele jalo.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan