Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Baroma 9 - Setswana 1970


Bohutsana jwa ga Paulo ka ntlha ya go sa dumeleng ga Baiseraele

1 Ke bua boammaaruri mo go Keresete, ga ke ake; – segakolodi sa me le sona se ntshupela jalo ka Mowa o o Boitshepo –

2 ka re, ke tletse bohutsana jo bogolo, pelo ya me e utlwa botlhoko ka gale.

3 Kana ke ne ke eletsa gore e kete nka bo ke hutsitswe ka nosi le go kgaolwa mo go Keresete mo boemong jwa ba ga etsho, ba e leng ba losika lwa me ka fa nameng.

4 Ke raya Baiseraele ba ba amogetseng bongwana jwa Modimo le kgalalelo le dikgolagano le neo ya molao le tirelo-Modimo le ditsholofetso;

5 ba borraetsho e leng ba bone, ba Keresete o duleng mo go bone ka fa nameng, yo e leng Modimo o o okameng tsotlhe, yo o bakwang ka bosakhutleng. Amen.


Ditsholofetso tsa Modimo di thusa badumedi fela

6 Fela ga se go re, Lefoko la Modimo le nyeletse; gonne ga se go re, ba ba duleng mo go Iseraele ke Baiseraele botlhe.

7 Le gona ga se go re, botlhe ke bana, ka e le ba losika lwa ga Aborahame; mme ga twe: “Losika lwa gago lo tla bidiwa ka Isaka.”

8 Ke go re, ba e leng bana ka fa nameng fela, ga se bone bana ba Modimo; bana ba tsholofetso ke bone bana ba losika.

9 Gonne Lefoko le le reng: “Ke tla tla isago ka nako eno, mme Sara o tla bo a na le ngwana wa mosimane,” ke la tsholofetso.

10 Mme ga se gona fela; le ene Rebeka o ne a nna moimana ka mongwe, e bong Isaka rraetsho;

11 gonne e rile bana ba ise ba tsalwe, ba ise ba dire molemo gongwe bosula,

12 a bolelelwa go re: “Yo mogolo o tla direla yo mmotlana,” gore boikaelelo jwa Modimo jwa go tlhaola bo tlhomame, e seng ka ditiro, mme e le ka thato ya yo o bitsang;

13 jaaka go kwadilwe ga twe: “Ke ratile Jakobe, mme Esau ke mo tlhoile.”

14 Jaanong re tla reng? A go na le tshiamololo mo Modimong? Le go ka!

15 Gonne o reile Moše wa re: “Ke tla utlwela botlhoko yo ke tla mo utlwelang botlhoko; ke tla tlhomogela pelo yo ke tla mo tlhomogelang pelo.”

16 Jaanong he, ga se ga yo o ratang, gongwe ga yo o tabogang, mme ke ga Modimo fela o o utlwelang botlhoko;

17 gonne Lokwalo le reile Farao lwa re: “Ke go tsoseditse gona moo gore ke tle ke supe thata ya me mo go wena, le gore leina la me le itsisiwe mo lefatsheng lotlhe.”

18 Ke ka moo o itshwarelang yo o ratang go mo itshwarela; e bile o thatafatsa pelo ya yo o ratang go e thatafatsa mo go ene.

19 Jaanong o ka mpotsa o a re: “O sa ntse o kgalemelelang? Kana ke mang yo o ka emelanang le go rata ga ona?”

20 Motho ke wena! Kana o mang yo o ka ganetsanyang le Modimo? A sebopiwa se ka raya mmopi wa sona sa re: “O mpopetseng jaana?”

21 A kampo mmopi ga a na thata mo letsopeng go dira selwana sengwe sa tlotlego le se sengwe sa tlotlologo, e ntse e le ka letsopa le le lengwe fela?

22 Mme wena o ka reng, fa Modimo o o ratileng go supa bogale jwa ona le go itsise thata ya ona, o itshoketse ka bopelotelele jo bogolo dilwana tsa bogale tse di diretsweng tshenyego,

23 gore o tle o supe lehumo la kgalalelo ya ona ka dilwana tsa bopelotlhomogi tse o di baakanyeditseng kgalalelo e sa le gale?

24 Le rona o re biditse jalo, e seng mo Bajuteng fela, mme le mo baheitaneng;

25 jaaka e bile o bua ka Hosea o re: “Morafe o e neng e se wa me, ke tla o bitsa morafe wa me, le yo e neng e se moratwi, ke tla mmitsa moratwi.”

26 Gape: “Go tla dirafala go re, kwa ba neng ba boleletswe teng ga twe: ‘Lona ga lo batho ba me,’ teng ba tla bidiwa bana ba Modimo o o phelang.”

27 Jesaya ene o kua ka ga Iseraele a re: “Le fa palo ya Baiseraele e le kana ka mošawa wa lewatle, go tla pholosiwa masalela fela.

28 Gonne Morena o tla dirafatsa sa Lefoko la gagwe mo lefatsheng, a se fetsa ka bonako.”

29 Jaaka Jesaya a bile a bua pele a re: “Fa Morena wa masomosomo a ka bo a sa re tlogelela losika, re ka bo re diregile jaaka Sotoma, ra tshwana le Gomora.”

30 Jaanong re tla reng? Re tla re: Baheitane ba ba neng ba sa senke tshiamo ba amogetse tshiamo, mme e le tshiamo e e tswang mo tumelong.

31 Baiseraele bone ba ba neng ba batla molao wa tshiamo, ga ba a ka ba bona molao oo.

32 E le ka ntlha ya eng? E le ka go sa o batle ka tumelo, mme e le ka ditiro; jaanong ba kgopilwe ke lentswe le le kgopang;

33 jaaka go kwadilwe ga twe: “Bonang, ke baya lentswe la kgopo mo Sione, lefika la kgopiso; mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene ga a nke a tlhajwa ke ditlhong.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan