Baroma 8 - Setswana 1970Bophelo jo bošwa jwa yo o itshwaretsweng. Mowa wa boitshepiso. Re tsholelwa mo bongwaneng 1 Jaanong he, ga go na katlholo ya tatlho epe mo go bone ba ba mo go Keresete Jesu, ba ba sa tsamaeng ka fa nameng, mme ba tsamaya ka fa moweng. 2 Gonne molao wa mowa wa go phela ka Keresete Jesu o nkgolotse mo molaong wa boleo, wa loso. 3 Gonne se se reteletseng molao, ka o se na thata ka ntlha ya nama, Modimo o se dirile, wa atlhola boleo mo nameng ka go roma Morwaa-ona mo tshwanong ya nama ya boleo le ka ntlha ya boleo, 4 gore tshiamo e e batlwang ke molao e dirafale mo go rona ba re sa tsamaeng ka fa nameng, mme e le ka fa moweng. 5 Gonne ba ba leng ka fa nameng ba batla tsa nama, mme ba ba leng ka fa moweng bone ba batla tsa mowa. 6 Kana go batla ga nama ke loso, mme go batla ga mowa gona ke botshelo le kagiso. 7 Gonne go batla ga nama ke go tlhoa Modimo, ka e sa ikokobeletse molao wa Modimo, e bile e a palelwa. 8 Ba ba mo nameng ga ba ka ke ba kgatlha Modimo. 9 Mme lona ga lo mo nameng; lo mo moweng, fa tota Mowa wa Modimo o agile mo go lona; fa motho a sa tshola Mowa wa ga Keresete, yoo ga se wa gagwe. 10 Mme fa Keresete a le mo go lona, mmele o tla bo o sule ka ntlha ya boleo, mme mowa ona o phela ka ntlha ya tshiamo. 11 Fa Mowa wa ona o o tsositseng Jesu mo baswing o agile mo go lona, foo ona o o tsositseng Keresete Jesu mo baswing o tla phedisa le yona mebele e e swang ya lona ka Mowa wa ona o o agileng mo go lona. 12 Ka moo he, bakaulengwe, re tlamegile go phela ka fa moweng, e seng ka fa nameng. 13 Gonne fa lo phela ka fa nameng, lo tla swa; mme fa lo bolaya ditiro tsa mmele ka mowa, lo tla phela. 14 Gonne botlhe ba ba gogwang ke Mowa wa Modimo ke bone bana ba Modimo. 15 Kana ga lo a amogela mowa wa botlhanka wa gore lo boe lo boife; mme lo amogetse mowa wa bongwana o re bitsang ka ona re re: “Abba, Rara!” 16 Mowa ka osi o supetsa mewa ya rona gore re bana ba Modimo. 17 Mme fa re le bana, e bile re barua-boswa, e bong barua-boswa ba Modimo le barua-boswa mmogo le Keresete, fa tota re bogisiwa nae, ke go re, re tle re galalediwe nae. Maungo a Mowa 18 Gonne ke kaya gore dipogo tsa sebaka seno ga se tsa sepe, fa di bapisiwa le kgalalelo e re tla e senolelwang. 19 Kana tsotlhe tsa tlholego di lebeletse ponatshego ya bana ba Modimo ka tlhologelelo e kgolo. 20 Gonne tsa tlholego di tsentswe mo taolong ya tshenyego, e seng ka go rata ga tsona, mme e le ka ntlha ya ona o o di tsentseng teng gore go nne tsholofelo; 21 gonne tsa tlholego le tsona ka tsosi di tla gololwa mo tirelong ya tshenyego go isiwa kgololesegong ya kgalalelo ya bana ba Modimo. 22 Kana re itse gore tsa tlholego tsotlhe di a fegelwa, di mo tlalelong ya pelego mmogo go fitlha nakong eno. 23 Mme ga se tsona fela, le rona ka rosi, ba re nang le mabutswapele a Mowa, re fegelwa ka rosi mo teng ga rona, ka re lebeletse bongwana jwa rona, e bong kgololo ya mebele ya rona. 24 Gonne re pholositswe ka tsholofelo. Mme jaanong tsholofelo e e bonwang ga se tsholofelo. Gonne se motho o setseng a se bonye, a o sa ntse a ka se solofela? 25 Mme fa re solofela se re sa se boneng, re se lebelela ka bopelotelele. 26 Mme Mowa le ona o thusa bokoa jwa rona jalo; gonne ga re itse se re ka se kopang ka tshwanelo; Mowa ka osi o re emela ka diphegelo tse di sa kgonweng go bolelwa. 27 Mme Motlhotlhomisi wa dipelo o itse maikaelelo a Mowa; gonne ona o emela baitshepi ka fa go rateng ga Modimo. 28 Mme re itse gore bone ba ba ratang Modimo, dilo tsotlhe di dira mmogo go ba tsalela molemo, e bong bone ba ba biditsweng ka fa boikaelelong jwa Modimo. 29 Gonne ba o ba itsileng pele, o ba tlhaotse pele gore ba tshwane le popego ya Morwaa-ona, a tle a nne motsalwapele mo baneng ba le bantsi. 30 Mme ba o ba tlhaotseng pele, e bile o ba biditse; ba o ba biditseng, e bile o ba siamisitse; ba o ba siamisitseng, e bile o ba galaleditse. Mokgosi wa phenyo. Modimo o ntlheng ya rona 31 Jaanong re tla reng ka ga dilo tseo? Fa Modimo o le ntlheng ya rona, ke mang yo o ka emelanang le rona? 32 O e bileng o sa rekegela Morwaa-ona, mme o mo neetse mo losong ka ntlha ya rona rotlhe, o ka tlhoka jang go re abela dilo tsotlhe nae? 33 Ke mang yo o ka bayang batlhaolwi ba Modimo molato? Modimo ke ona o o siamisang. 34 Ke mang yo o ka ba atlholelang molato? Keresete Jesu o ne a sule, ee, bogolo ke yo e bileng a tsositswe, yo o ka fa letsogong le le jang la Modimo, yo e bileng a re emela. 35 Ke mang yo o ka re kgaoganyang le lorato lwa ga Keresete? A ke tlalelo gongwe pitlagano gongwe pogiso gongwe tlala gongwe bosaikatega gongwe kotsi gongwe tšhaka? 36 Jaaka go kwadilwe ga twe: “Re bolawa letsatsi lotlhe ka ntlha ya gago, re kaiwa jaaka dinku tsa tlhabo fela.” 37 Mme mo dilong tsotlhe tseo re fenya bogolobogolo ka ene yo o re ratileng. 38 Gonne ke tlhomamiseditswe gore le fa e ka nna loso gongwe bophelo gongwe baengele gongwe balaodi gongwe dilo tse di leng teng gongwe tse di tla tlang gongwe dithata 39 gongwe bogodimo gongwe boteng, le fa e ka nna sebopiwa se sele, ga di kgone go ka re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo mo go Keresete Jesu, Morena wa rona. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa