Baroma 7 - Setswana 1970Mokeresete yo o golotsweng mo molaong o direla Modimo ka mowa o mošwa 1 Bakaulengwe – kana ke bua le ba ba itseng molao – a ga lo itse gore molao o busa motho fela, fa a sa ntse a phela? 2 Kana mosadi yo o nang le monna wa gagwe o golegeletswe mo monneng ka molao, fa monna a sa ntse a phela; mme fa monna a sule, foo o tla bo a golotswe mo molaong wa lenyalo. 3 Jaanong fa a ka nna wa monna yo mongwe, monna wa gagwe a sa tshela, go tla twe o kgotlela nyalo; mme fa monna a sule, foo o tla bo a golotswe mo molaong, mme ga go nke go twe o kgotlela nyalo, le fa a ka nna wa monna yo mongwe. 4 Bakaulengwe ba me, le lona lo bolailwe jalo ntlheng ya molao ka mmele wa ga Keresete gore lo nne ba yo mongwe, e bong ba yo o tsositsweng mo baswing, gore re ungwele Modimo; 5 gonne e rile re sa le mo nameng, dikeletso tsa maleo tse di tlhotlhelediwang ka molao tsa bo di dira ka thata mo ditokololong tsa rona gore di ungwe maungo a loso. 6 Mme jaanong re golotswe mo molaong, ka re sule ntlheng ya sona se se neng se re tshwere; ke ka moo re leng badiredi ka fa bošweng jwa mowa, e seng ka fa mokgweng wa bogologolo wa ditlhaka tsa molao. Molao o re supetsa boleo 7 Jaanong re tla reng? A ke go re, molao ke boleo? Ga go a nna jalo; mme nka bo ke sa itse boleo, fa e ne e se ka molao. Le yona keletso nka bo ke sa e lemoge, fa molao o ka bo o sa re: “O se ka wa eletsa!” 8 Mme boleo, e re ka bo bonye tlhotlheletso, jwa tsosa dikeletso tsotlhe mo go nna ka taolo; gonne kwa ntle ga molao boleo bo sule. 9 Nna, pele ke ne ke phela kwa ntle ga molao; jaanong e rile taolo e sena go tla, boleo jwa tsoga, 10 mme nna ka swa; taolo e e ka bong e nkisa bophelong, ka fitlhela e nkisa losong. 11 Gonne boleo jwa ntsietsa, ka bo bonye tlhotlheletso ka taolo, jwa mpolaya ka yona. 12 Jalo he, molao o boitshepo, le taolo e boitshepo, e siame, e molemo. 13 Jaanong a ke go re, se se molemo se mphetogetse loso? A go se tualo! Ke boleo jo bo ntsiseditseng loso ka se se molemo gore bo bonale e le boleo tota, gore boleo e nne jo bo bobe bogolo ka taolo. Ntwa ya nama e e lwang le mowa 14 Re itse gore molao ke wa mowa, mme nna ke nama, ke bapaleditswe boleo. 15 Se ke se dirang ga ke se tlhaloganye; gonne se ke se ratang ga ke se dire; ke dira se ke se tlhoileng. 16 Mme fa ke dira se ke sa se rateng, ke dumelana le molao gore o molemo. 17 Foo e be e sa tlhole e le nna yo o se dirang, mme e be e le boleo jo bo agileng mo teng ga me. 18 Gonne ke itse gore mo teng ga me, e bong mo nameng ya me, ga go na molemo ope; go rata go teng mo go nna, mme go dira se se molemo ga go yo. 19 Gonne molemo o ke o ratang ga ke o dire, mme bosula jo ke sa bo rateng jona ke a bo dira. 20 Fa jaanong nna ke dira se ke sa se rateng, e tla bo e sa tlhole e le nna yo o se dirang, mme e tla bo e le boleo jo bo agileng mo teng ga me. 21 Jaanong ke fitlhela molao mo go nna wa go re: E a re fa ke rata go dira molemo, bosula bo nne teng mo go nna. 22 Gonne ka fa mothong yo o ka mo teng ke itumelela molao wa Modimo. 23 Fela ke fitlhela go na le molao o sele mo ditokololong tsa me o o lwang le molao wa maikutlo a me; e bile o nkgolega ka molao wa boleo o o mo ditokololong tsa me. 24 A motho wa mogolo nna! Ke mang yo o tla nkgololang mo mmeleng wa loso lo? 25 Ke leboga Modimo, ka ke gololwa ka Jesu Keresete, Morena wa rona. Jaanong go ntse jaana: nna ka nosi ke direla molao wa Modimo ka maikutlo, mme ka nama ke direla molao wa boleo. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa