Baroma 6 - Setswana 1970Bopelotlhomogi ga bo re letlelele go leofa, mme bo re golola mo taolong ya boleo 1 Jaanong re tla reng? A re tla tswelela pele mo boleong gore bopelotlhomogi bo tle bo ate bogolo? 2 Le go ka! Rona ba re suleng ntlheng ya boleo, re sa ntse re ka phela jang mo go jona? 3 Kampo a ga lo itse gore rona rotlhe ba re kolobeleditsweng Keresete Jesu, re kolobeleditswe loso lwa gagwe? 4 Ke go re, re fitlhilwe nae ka kolobetso gore re swe, re tle re tsamae mo bophelong jo bošwa, jaaka Keresete le ene a tsositswe mo baswing ka kgalalelo ya ga Rara; 5 gonne fa re kopantswe nae go tshwana le loso lwa gagwe, le tsogo ya gagwe re tla tshwana nayo, 6 ka re itse gore motho yo mogologolo wa rona o bapotswe nae gore mmele wa boleo o khutlisiwe go leofa, mme re se tlhole re direla boleo; 7 gonne yo o suleng o siamisitswe, a gololwa mo boleong. 8 Mme fa re sule le Keresete re dumela gore le go phela re tla phela nae, 9 ka re itse gore Keresete yo o tsositsweng mo baswing ga a tlhole a tla swa, loso ga lo tlhole lo na le thata mo go ene; 10 gonne loso lo a lo suleng, o ne a lo swa ka ntlha ya boleo gangwe fela, a feletsa ruri, mme bophelo jo o bo phelang jona o bo phelela Modimo. 11 Le lona jalo, iponeng lo le baswi ntlheng ya boleo le baphedi ba ba phelelang Modimo lo le mo go Keresete Jesu, Morena wa rona. 12 Jaanong mebele ya lona e e swang, a boleo bo se tlhole bo e laola, mo lo ka utlwang dikeletso tsa yona. 13 Gape se neeleng boleo ditokololo tsa lona go nna didiri tsa tshiamololo, mme ineeleng Modimo jaaka ba ba tswang mo losong, ba phela, le ditokololo tsa lona di neeleng Modimo go nna didiri tsa tshiamo; 14 gonne boleo ga bo nke bo lo laola, ka lo se fa tlase ga molao, mme lo le fa tlase ga bopelotlhomogi. 15 Jaanong re tla reng? A re tla leofa, ka re se fa tlase ga molao, mme re le fa tlase ga bopelotlhomogi? Le go ka! 16 A ga lo itse gore yo lo mo ineelang go nna batlhanka go mo utlwa, ke ene yo lo leng batlhanka ba gagwe, yo lo tshwanetseng go mo utlwa, le fa e le boleo go isa losong, gongwe kutlo go isa tshiamong? 17 Mme a Modimo o lebogwe, ka lo khutlile go nna batlhanka ba boleo, mme lo simolotse go utlwa ka pelo yotlhe sekao sa thuto se lo tsentsweng mo go sona. 18 Lo diregile batlhanka ba tshiamo, ka lo golotswe mo boleong. 19 Ke bua ka fa mokgweng wa batho ka ntlha ya bokoa jwa nama ya lona; a e re jaaka lo ne lo neetse ditokololo tsa lona go nna badiredi ba maswe le ba boitaolo jo bo isang boitaolong, jaanong neelang ditokololo tsa lona jalo go nna badiredi ba tshiamo e e isang boitshepisong. 20 Kana e rile lo sa le batlhanka ba boleo, lwa bo lo sa laolwe ke tshiamo. 21 Mme foo lo ne lo na le leungo lefe? Ke dilo tse jaanong lo tlhajwang ke ditlhong ka tsona; gonne bokhutlo jwa tsona ke loso. 22 Mme jaanong ka lo golotswe mo boleong, e bile lo diregile batlhanka ba Modimo, lo na le leungo la lona le le isang boitshepisong, mme bokhutlo ke bophelo jo bo sa khutleng; 23 gonne tefo ya boleo ke loso, mme neo ya bopelotlhomogi ya Modimo ke bophelo jo bo sa khutleng jo bo bonwang mo go Keresete Jesu, Morena wa rona. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa