Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Baroma 5 - Setswana 1970


Go ruanngwa le Modimo. Kagiso e e tlang ka tumelo

1 Jaanong ka re siamisitswe ka tumelo, re na le kagiso le Modimo ka Morena wa rona Jesu Keresete;

2 ka ene re bile re bonye tsela ya go fitlha ka tumelo mo bopelotlhomoging joo, jo re emeng mo go jona, e bile re ipoka ka go solofela kgalalelo ya Modimo.

3 Mme e seng gona fela, e bile re ipoka ka ditlalelo, ka re itse gore tlalelo e dira boitshoko,

4 boitshoko bo dira boikanyego, boikanyego bo dira tsholofelo,

5 mme tsholofelo ga e tlhabise ditlhong; gonne lorato lwa Modimo lo tshetswe mo dipelong tsa rona ka Mowa o o Boitshepo o re o neilweng.

6 Gonne e rile re le bokoa, Keresete a swela rona baikepi ka nako ya teng.

7 Kana go thata gore mongwe a swele mosiami; motlhaope mongwe a ka beta pelo, a swela yo o molemo.

8 Mme Modimo o supile lorato lo o re ratang ka lone, ka Keresete a re swetse, re ntse re le baleofi.

9 Jaanong e re ka re siamisitswe ka madi a gagwe, bogolo jang ne re tla pholosiwa ke ene mo bogaleng!

10 Gonne fa re ne ra ruanngwa le Modimo ka loso lwa Morwaa-ona re le baba, re tla pholosiwa bogolo jang ne ka botshelo jwa gagwe, ka re le ba ba ruantsweng!

11 Mme ga se gona fela, e bile re ipoka ka Modimo ka Morena wa rona Jesu Keresete yo jaanong re amogetseng thuanyo ka ene.


Bopelotlhomogi le botshelo di tsile ka motho a le mongwe fela, fela jaaka boleo le loso

12 Ka moo he, boleo bo tsenye mo lefatsheng ka motho a le mongwe fela, le loso ka boleo, mme loso lwa phololela jalo mo bathong botlhe, ka ba leofile botlhe.

13 Kana boleo bo ne bo le mo lefatsheng go fitlha nakong ya molao; mme boleo ga bo kaiwe molato, fa molao o se yo.

14 Le fa go ntse jalo, go tloga ka Atame go ya kwa go Moše loso lo ne lo ntse lo laola le mo go bone ba ba se kang ba leofa ka mokgwa o o tshwanang le tlolo ya ga Atame yo e leng sekao sa yo o tla tlang.

15 Mme fela neo ya bopelotlhomogi ga e a nna jaaka boleo; gonne fa ba bantsi ba sule ka boleo jwa a le mongwe fela, bopelotlhomogi jwa Modimo le neo tse di senogileng ka bopelotlhomogi jwa motho a le mongwe fela, e bong Jesu Keresete, kana tsona di atiseditswe ba le bantsi bogolo thata jang ne!

16 Gape neo ga e tle jaaka go tsile tshenyego ka a le mongwe yo o leofileng; gonne tshekiso e lebile a le mongwe fela, e isa katlholelong ya petso, mme neo ya bopelotlhomogi e lebile ditlolo di le dintsi, e isa tshiamisong.

17 Gonne fa loso lo ne lo busa ka tlolo ya a le mongwe fela, e bong ka a le mongwe yoo, ba ba amogelang letlotlo la bopelotlhomogi le la neo ya tshiamo bone ba tla busa bogolo jang ne bophelong ka a le mongwe fela, e bong Jesu Keresete!

18 Ka moo he, tshiamiso ya bophelo e tsile mo bathong botlhe ka tiro e le nngwe ya tshiamo, jaaka katlholelopetso e ne e tsile mo bathong ka tlolo e le nngwe fela;

19 gonne batho ba le bantsi ba tla direga basiami ka kutlo ya a le mongwe fela, jaaka ba bantsi ba ne ba diregile baleofi ka go sa utlweng ga motho a le mongwe fela.

20 Mme molao o tsenye fa gare gore tlolo e ntsifale, mme kwa tlolo e atileng teng, ke kwa bopelotlhomogi bo atileng teng bogolobogolo,

21 gore bopelotlhomogi bo tle bo buse ka tshiamo go isa kwa bophelong jo bo sa khutleng ka Jesu Keresete, Morena wa rona, jaaka boleo bo busitse ka loso.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan