Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Baroma 3 - Setswana 1970


Lesego la Mojuta. Tshiamo ya Modimo

1 Mojuta jaanong o gaisa ba bangwe ka eng, gongwe thuso ya thupiso ke eng?

2 Ke e kgolo mo ntlheng tsotlhe; gonne ga ntlha: ba neetswe Lefoko la Modimo.

3 Jaanong go ka tweng? A ke go re, fa bangwe ba ne ba sa ikanyege, go-sa-ikanyegeng ga bone go ka dirolola boikanyego jwa Modimo?

4 Le go ka! Mme go tshwanetse ga nna jaana: Modimo o boammaaruri, mme motho mongwe le mongwe ke moaki, jaaka go kwadilwe ga twe: “Gore o tle o fitlhelwe o siame mo mafokong a gago, o fenye, fa o bewa molato.”

5 Fa jaanong tshiamololo ya rona e tlhomamisa tshiamo ya Modimo, re ka reng? A Modimo o a bo o siamolola, fa o re galefela? Ke bua ka mokgwa wa batho.

6 Le go ka! Gonne fa go ka bo go ntse jalo, Modimo o ka atlhola lefatshe jang?

7 Fa boammaaruri jwa Modimo bo totafaletse kgalalelong ya ona ka maaka a me, ke tla bo ke sa ntse ke sekisediwang jaaka moleofi?

8 A ga re ka ke ra bua bogolo ra re: “A re direng bosula gore molemo o tswe mo go jona!” jaaka bangwe ba sotla ka rona ba re, re bua jalo? Bao ke ba petso e ba tshwanetseng.


Botlhe ba mo thateng ya boleo

9 Jaanong go ka tweng? A re gaisa ba bangwe? E seng ka gope; gonne re setse re supile gore Bajuta le Bagerika botlhe ba mo taolong ya boleo,

10 jaaka go kwadilwe ga twe: “Ga go ope yo o siameng, le e seng a le mongwe fela.

11 Ga go ope yo o tlhaloganyang, ga go ope yo o batlang Modimo.

12 Botlhe ba fapogile, botlhe mmogo ba tlhobosegile; ga go ope yo o dirang molemo, ga a yo le e seng a le mongwe fela.

13 Memetso ya bone ke mabitla a a butsweng; ba tsietsa ka diteme tsa bone. Botlhole jwa dinoga bo mo melomong ya bone.

14 Magano a bone a tletse thogako le bogalaka.

15 Dinao tsa bone di bofefo go tsholola madi.

16 Tshenyo le pogiso di mo ditseleng tsa bone,

17 mme tsela ya kagiso yona ga ba e itse.

18 Ga ba boife Modimo jaaka o le fa pele ga matlho a bone.”

19 Mme jaanong re itse gore dilo tsotlhe tse molao o di buang, o di bua le bone ba ba mo taolong ya molao gore molomo mongwe le mongwe o thijwe, mme lefatshe lotlhe le nne molato fa pele ga Modimo.

20 Ke ka moo go se nang motho ope yo o tla siamisiwang fa pele ga ona ka ditiro tsa molao; gonne molao o re naya kitso ya boleo.


Tshiamiso ka go dumela mo go Jesu Keresete

21 Mme jaanong tshiamo ya Modimo e senotswe kwa ntle ga molao, e supilwe ke molao le baporofeti,

22 e bong tshiamo ya Modimo e e bonwang ka go dumela mo go Jesu Keresete, mme ke ya botlhe ba ba dumelang; gonne ga go na pharologanyo epe;

23 gonne botlhe ba leofile, ba tlhoka tlotlo fa pele ga Modimo,

24 mme ba ka siamisiwa fela ka boitshwarelo jwa ona ka kgololo e e mo go Keresete Jesu,

25 yo Modimo o mmeileng go nna thuanyo ka madi a gagwe e e bonwang ka tumelo, gore go supiwe tshiamo ya ona ka ntlha ya go tlhokomologa maleo a a dirilweng pele, Modimo o ntse o iphapaantse

26 gore o tle o supe tshiamo ya ona mo sebakeng seno, e nne ona o o siameng, o o siamisang ene yo o dumelang mo go Jesu.

27 Mme jaanong ipelafatso e kae? E latlhetswe kwa ntle. E le ka molao ofe? A ke wa ditiro? Nnyaya, ke ka molao wa tumelo.

28 Ke ka moo re kayang gore motho o siamisiwa ka tumelo fela, e seng ka ditiro tsa molao.

29 A kampo Modimo ke Modimo wa Bajuta fela? A ga se wa Baditšhaba le bone? Ee, ke wa Baditšhaba le bone,

30 ka e le gore Modimo ke o le mongwe fela; ba ba rupileng o tla ba siamisa mo tumelong, le ba ba sa rupang o ba siamisa ka tumelo.

31 Jaanong a ke go re, re dirolola molao ka tumelo? Le go ka; tota re tlhomamisa molao.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan