Baroma 2 - Setswana 1970Bosaikwatlhayeng jwa Bajuta. Tshiamo ya Modimo 1 Ke ka moo ò tlhokang go itlhatswa, motho ke wena, le fa o ka ne o le mang yo o latofatsang; ka gonne se o latofatsang yo mongwe ka sona ke se o itatofatsang ka sona; ka gonne wena molatofatsi o dira sona seo. 2 Mme kana re itse gore katlholo ya Modimo ke ya nnete mo go bone ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo. 3 Motho ke wena, a o gopola gore wena yo o latofatsang ba ba dirang jalo, o ka falola mo katlholong ya Modimo, etswe o dira jalo ka wesi? 4 A kampo o nyatsa lohumo lwa bopelontle le lwa boitshoko le lwa bopelotelele jwa ona, o sa itse gore molemo wa Modimo o go gogela tlhabologong? 5 Mme wena, ka fa pelong e e thata ya gago e e sa ikwatlhaeng, o ikgobokanyetsa bogale mo letsatsing la bogale le la ponalo ya katlholo e e siameng ya Modimo, 6 o o tla duelang mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe: 7 Ba ba batlang kgalalelo le tlotlo le bosafeleng ka go tshwarelela ditirong tse di molemo, o tla ba naya botshelo jo bo sa khutleng; 8 mme ba ba ratang kgang, ba gana go utlwa boammaaruri, mme ba utlwa tshiamololo, bone o ba duele ka bogale le kgakalo. 9 Tlalelo le pitlagano di tla wela motho mongwe le mongwe yo o dirang bosula, Mojuta pele, le ene Mogerika. 10 Mme kgalalelo le tlotlo le kagiso di tla tlela mongwe le mongwe yo o dirang molemo, Mojuta pele, le ene Mogerika. 11 Gonne Modimo ga o gobelelele motho. 12 Kana botlhe ba ba leofileng ba se na molao ba tla latlhega kwa ntle ga molao; mme botlhe ba ba leofileng ba na le molao ba tla atlholwa ka molao. 13 Kana ba e leng basiami fa pele ga Modimo ga se ba ba utlwang molao ka ditsebe fela, mme badirafatsi ba molao ke bone ba ba tla kaiwang basiami. 14 Gonne fa Baditšhaba bangwe ba ba se nang molao ba dira dilo tsa molao ka fa tlhagong, ba bo ba tshotse molao ka bobone, le fa ba se na molao wa ga Moše; 15 ba itshupa gore go dira ka fa molaong go kwadilwe mo dipelong tsa bone, digakolodi tsa bone di ntse di supa jalo le dikakanyo tse di ba latofatsang gongwe di ba latofolole, 16 jaaka go tla itshupa mo letsatsing le Modimo o tla atlholang tse di sa itsiweng tsa batho ka lone, ka Jesu Keresete, ka fa Efangeleng ya me. Bajuta ga ba na go itlhatswa. Go rupa ga nnete 17 Jaanong fa o bidiwa Mojuta, mme o ikaega ka molao, o ipoka ka Modimo, 18 o itse go rata ga ona, o tlhotlhomisa tse di tshwanetseng, ka o ntse o rutwa molao, 19 o ithaya o re, o mogogi wa difofu, o lesedi la bone ba ba mo lefifing, 20 o mokaedi wa ba ba sa rutegang, o moruti wa ba e leng bana, ka o na le kitso le boammaaruri tota ka molao: 21 Mme jaanong wena yo o rutang yo mongwe, ga o ithuteleng? Wena yo o rerang gore motho a se ka a utswa, o utswelang? 22 Wena yo o reng, motho a se ka a akafala, o akafalelang? Yo o ilang medimo ya diseto, o thopelang tsa ditempele? 23 Wena yo o ipokang ka molao, o tlotlololelang Modimo ka go tlola molao? 24 Kana leina la Modimo le kgalwa mo baheitaneng ka ntlha ya lona jaaka go kwadilwe. 25 Go rupa le gale go ka thusa, fa o dirisa molao; mme fa o le motlodi wa molao, foo go rupa ga gago go fetogile bosarupang. 26 Mme fa yo o sa rupang a ka tlhokomela tshiamo ya molao, a bosarupang jwa gagwe ga bo ka ke jwa kaiwa go rupa? 27 Yo o sa rupang ka fa tlhagong, fa a dirisa molao, a ga a nke a go bona molato, wena yo o leng motlodi wa molao, o ntse o na le lokwalo lwa molao o rupile? 28 Kana Mojuta tota ga se yo e leng Mojuta ka fa ponalong; le thupiso e e dirwang mo mmeleng fela ga se yona tota. 29 Mme Mojuta wa nnete ke yo e leng Mojuta ka mo teng; le thupiso ya nnete ke e e leng ya pelo ka fa moweng, e seng ka fa molaong; poko ya yo o ntseng jalo ga e tswe mo bathong, mme e tswa mo Modimong. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa