Baroma 14 - Setswana 1970Bopelotelele mo go ba ba bokoa 1 Yo o bokoa mo tumelong lo mo tshole, lo se ganetsanye ka ntlha ya maikutlo. 2 Mongwe o dumela gore o ka ja tsotlhe, mme yo o bokoa o ja merogo fela. 3 Yo o jang a a se nyatse ene yo o sa jeng; mme yo o sa jeng a a se atlhole yo o jang; gonne Modimo o mo amogetse. 4 Kana wena o mang yo o ka atlholang motlhanka wa yo mongwe? Ene o emela gongwe o wela Morena wa gagwe; mme o tla emisiwa, gonne Morena o nonofile go ka mo emisa. 5 Yo mongwe o kaya gore letsatsi lengwe le feta le lengwe; mme yo mongwe ene o kaya gore malatsi a a tshwana. A mongwe le mongwe a tlhomame mo boitlhomong jwa gagwe. 6 Yo o tlotlang letsatsi o le tlotlela Morena; yo o jang o ja ka ntlha ya Morena, gonne o leboga Modimo. Mme yo o sa jeng o lesa go ja ka ntlha ya Morena, mme o leboga Modimo. 7 Gonne ga go ope wa rona yo o itshelelang, e bile ga go ope yo o itshwelang; 8 gonne fa re tshela, re tshelela Morena; fa re swa, re swela Morena; ka moo, le fa re tshela gongwe re swa, re ba Morena. 9 Gonne se Keresete a se swetseng, a ba a tsoga, a phela gape, ke gore a tle a nne Morena wa baswi le baphedi. 10 Mme wena o beelang ngwana wa ga Rraago molato? Gongwe le wena, o nyaletsang ngwana wa ga Rraago? Gonne rotlhe re tla ema fa pele ga sedulo sa katlholo sa Modimo; 11 gonne go kwadilwe ga twe: “Ka bophelo jwa me! Mangole otlhe a tla nkhubamela, diteme tsotlhe di tla ipolela Modimo, go bua Morena.” 12 Ke ka moo mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelang ka boene mo Modimong. Go phedisanya ka lorato 13 Jalo he, a re se tlholeng re baana melato, mme bogolo tlhokomelang gore go se nne ope yo o kgopisang mokaulengwe gongwe go mo leofisa. 14 Ke a itse, e bile ke itse ka tlhomamo ka Morena Jesu gore ga go sepe se se itshekologileng ka bosona; mme ene yo o se kayang se itshekologile, se itshekologetse ene. 15 Gonne fa mokaulengwe wa gago a ka belaediwa ke wena ka ntlha ya dijo, foo ò tla bo o sa tlhole o tsamaya ka fa loratong. Motho yo Keresete o mo swetseng ò se ka wa mo senya ka dijo tsa gago. 16 Jaanong a molemo wa lona o se ka wa kgalwa! 17 Gonne puso ya Modimo ga se go ja le go nwa, mme ke tshiamo le kagiso le boitumelo ka Mowa o o boitshepo. 18 Gonne ene yo o direlang Keresete ka tseo ke yo o kgatlhang Modimo, e bile o ikanngwa ke batho. 19 Ka moo he, a re lateleng tsa kagisanyo le tsa ketleetsanyo tumelong! 20 O se ka wa senya tiro ya Modimo ka ntlha ya dijo. Dilo tsotlhe di itshekile; mme di bosula mo mothong yo o di jang ka pelaelo. 21 Go molemo, fa go ka tlogelwa go ja nama le go nwa bojalwa le sengwe le sengwe se mokaulengwe wa gago a ka kgopisiwang ke sona. 22 Fa o na le kgololesego, a e nne ya gago ka bowena fa pele ga Modimo. Go sego yo o sa itshekiseng mo go se a se kayang se letleletswe. 23 Mme yo o jang a belaela ene o atlhotswe molato, ka a sa je ka tumelo. Mme sengwe le sengwe se e seng sa tumelo ke boleo. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa