Baroma 13 - Setswana 1970Go ikokobeletsa mebuso 1 A motho mongwe le mongwe a ikokobeletse balaodi ba ba busang; gonne ga go na mmuso fa e se o o tswang Modimong; mebuso e e le yong e beilwe ke Modimo. 2 Ka moo, yo o ganang mmuso o emelana le puso ya Modimo; mme ba ba o ganang ba tla itsisetsa katlholo. 3 Gonne babusi ga se ba ba boifiwang ka ntlha ya tiro e e molemo, mme e le ka ntlha ya e e bosula. Jaanong fa o sa rate go boifisiwa ke mmuso, dira molemo, mme o tla bona tlotlo mo go ona. 4 Gonne ke modiredi wa Modimo mo go wena gore o bone molemo. Mme fa o dira bosula, o boife; gonne ga o a tsholela tšhaka lefela; ka gonne ke modiredi wa Modimo, ke mmusolosi yo o dirafatsang bogale jwa Modimo mo go ene yo o dirang bosula. 5 Ka ntlha ya moo ke tshwanelo go ikokobetsa, e seng fela ka ntlha ya petso, mme e bile e le ka ntlha ya segakolodi. 6 Ke ka ntlha ya moo lo ntshang lekgetho; gonne ke batlhanka ba Modimo ba ba ineetseng tiro eo ya bone ka metlha. 7 Jaanong neelang mongwe le mongwe se se mo tshwanetseng: lo neele lekgetho ene yo o tshwanetsweng ke lekgetho, pulatsela ene yo o tshwanetsweng ke pulatsela, poifo ene yo o tshwanetsweng ke poifo, tlotlo ene yo o tshwanetsweng ke tlotlo. Lorato lo dirafatsa molao 8 Lo fetse tsotlhe tse di tshwanetseng go lešwa, go sale go ratana fela; gonne yo o ratang yo mongwe o dirafaditse molao. 9 Gonne ditaolo tse di reng: “O se ka wa dira boaka; o se ka wa bolaya; o se ka wa utswa; o se ka wa supa tshupo ya kako; o se ka wa eletsa,” le fa go ka ne go le taolo e nngwe e sele, di akareditswe ka lefoko le le reng: “O rate mongwe-ka-wena jaaka o ithata.” 10 Lorato ga lo direle motho bosula; ke ka moo lorato e leng tirafatso ya molao. Sepelang lo thantse sentle! 11 Dirang jalo, ka lo itse sebaka gore e setse e le nako ya go tsoga mo thobalong; gonne pholoso e re atametse jaanong bogolo go jale fa re simolola go dumela. 12 Bosigo bo a sa, letsatsi le atametse; ka moo, a re apoleng ditiro tsa lefifi, re apareng marumo a lesedi! 13 A re tsamaeng re itshotse sentle jaaka mo motshegareng, e seng mo medirong ya tlhapelo le ya botagwa, e seng mo marobalelong a boaka le mekgweng e e maswe, e seng mo kgannye le mo lefufeng; 14 mme aparang Morena Jesu Keresete, lo se tlameleng mmele ka mokgwa o o ka tsosang dikeletso tse di bosula. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa