Baroma 10 - Setswana 1970Bajuta ba latlhile tshiamo e e bonwang ka tumelo 1 Ba ga etsho, keletso ya pelo ya me le thapelo ya me mo Modimong ka ntlha ya bone ke ya gore ba bone pholoso; 2 gonne ke supa ka ga bone gore ba tlhoafaletse Modimo, mme e seng ka tlhaloganyo. 3 Gonne e re ka ba sa itse tshiamo ya Modimo, e bile ba lekile go itlhomela tshiamo ya bone ka bosi, ga ba a ka ba ikokobeletsa tshiamo ya Modimo. 4 Gonne Keresete ke bofelelo jwa molao gore tshiamo e bonwe ke mongwe le mongwe yo o dumelang; 5 gonne Moše o kwadile a re: “Motho yo o dirisang tshiamo e e leng ka molao o tla tshela ka yona.” 6 Mme tshiamo e e leng ka tumelo yona e bua jaana e a re: “O se ka wa bua mo pelong ya gago o a re: Ke mang yo o tla tlhatlogelang kwa legodimong?” Go re jalo ke go folosa Keresete teng; 7 gongwe: “Ke mang yo o tla fologelang kwa botennye?” Go re jalo ke go tlhatlosa Keresete mo baswing. 8 Mme e a reng? E a re: “Lefoko le gaufi nao, le mo molomong wa gago le mo pelong ya gago.” Ke lone Lefoko la tumelo le re le rerang. 9 Gonne fa o ipolela ka molomo o re, Jesu ke Morena, o dumela ka pelo gore Modimo o mo tsositse mo baswing, o tla pholosiwa. 10 Gonne go dumela ka pelo go isa motho tshiamong; go ipolela ka molomo go isa pholosong. 11 Gonne Lokwalo lo a re: “Mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene ga a nke a tlhajwa ke ditlhong.” 12 Kana ga go na pharologanyo mo Mojuteng le Mogerika; gonne ene ke Morena wa botlhe, o humetse botlhe ba ba mmitsang; 13 gonne ga twe: “Mongwe le mongwe yo o tla bitsang leina la Morena o tla pholosiwa.” 14 Jaanong ba ka bitsa jang yo ba iseng ba dumele mo go ene? Ba ka dumela jang ba ise ba utlwe ka ga gagwe? Ba ka utlwa jang go se na moreri? 15 Ba ka rera jang ba sa rongwe? Jaaka go kwadilwe ga twe: “Kana di dintle jang ne dinao tsa bone ba ba rerang mafoko a a thabisang a a molemo!” 16 Fela Efangele ga ba a ka ba e utlwisisa botlhe; gonne Jesaya a re: “Morena, ke mang yo o dumetseng thero e re e utlwileng?” 17 Jaanong he, tumelo e tla ka thero, thero yona e tla ka taelo ya ga Keresete. 18 Mme ka re: A ruri ga ba a ka ba utlwa? Ba utlwile; gonne “Tumo ya bone bareri e ile mo lefatsheng lotlhe, mafoko a bone a ile kwa mafelelong a lone.” 19 Gape ka re: A ruri Baiseraele ga ba a ka ba tlhaloganya? Moše o buile pele a re: “Ke tla lo tlhotlheleletsa lefufeng ka ba e seng morafe wa Modimo, ke lo gakatsa ka morafe o o se nang tlhaloganyo.” 20 Mme Jesaya o betile pelo a re: “Ke bonywe ke bone ba ba neng ba sa ntshenke, ke senogetse ba ba neng ba sa botse sepe ka ga me.” 21 Mme ka ga Baiseraele gona o a re: “Ke otlololetse batho ba ba sa utlweng, ba ba ganetsang, mabogo letsatsi lotlhe.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa