Bahebera 8 - Setswana 1970Kgolagano e kgologolo ke sekao, mme e a fela. Keresete ke moruanyi wa kgolagano e e molemo bogolo e e sa khutleng 1 Mme se segolo sa tse di buiwang fano ke se: Re na le moperesiti yo mogolo yo o ntseng jalo, yo o neng a ya go nna ka fa ntlheng ya le le jang ya sedulo sa bogosi sa Borena kwa magodimong; 2 e le modiredi wa Felo-ga-Boitshepo, wa Taberenakele ya nnete, e Morena o e tlhomileng, e seng motho. 3 Gonne moperesiti yo mogolo mongwe le mongwe o tlhongwa gore a supele dineo le ditlhabelo; ka moo go ne go batlega gore le ene Jesu a nne le sengwe se a ka se ntshetsang Modimo. 4 Mme jaanong fa a ka bo a le mo lefatsheng, a ka bo a se moperesiti, ka gonne ba ba supelang dineo ka fa molaong ba teng, 5 ke ba ba direlang setshwantsho, e bong moriti wa tse di kwa legodimong, jaaka Moše a laetswe ke Modimo, fa a tla aga Taberenakele. Gonne o rile: “Ela tlhoko gore o dire dilo tsotlhe ka fa setshwantshong se o se bontshitsweng mo thabeng.” 6 Mme jaanong Jesu o amogetse tirelo e e gaisang ya pele fela jaaka a le moruanyi wa kgolagano e le yona e e phalang ya pele, e e tlhomamisitsweng mo motheong wa dipolelelopele tse di molemo bogolo. 7 Gonne fa kgolagano ele ya ntlha e ka bo e se na nyatsego epe, go ka bo go sa batlelwa ya bobedi bonno. 8 Gonne o a ba nyatsa o re: “Bonang, malatsi a e tla, go bua Morena, a ke tla dirang kgolagano e ntšhwa le Baiseraele le Bajuta ka ona, 9 e seng kgolagano e e tshwanang le e nkileng ka e dira le borraabo ka letsatsi le ke ne ke ba tshwere mabogong ka lone go ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto; gonne ga ba a ka ba nna mo kgolaganong ya me, le nna ka ba tlhokomologa, go bua Morena. 10 Kana kgolagano e ke tla e dirang le Baiseraele fa morago ga malatsi ano ke ya go re: Ke tla tsenya melao ya me mo maikutlong a bone, ke e kwala mo dipelong tsa bone; ke tla nna Modimo wa bone, mme bone ba tla nna morafe wa me. Morena a re jalo. 11 Go tla bo go sa tlhole go le ope yo o rutang mongwe-ka-ene gongwe morwa-rraagwe a re: ‘Itse Morena!’ gonne ba tla nkitse botlhe, ba bannye le ba bagolo ba bone. 12 Gonne ke tla itshwarela ditshiamololo tsa bone, mme maleo a bone le ditlolo tsa bone ga nke ke tlhola ke di gopola ka gope.” 13 Fa o bua o re: “Kgolagano e ntšhwa,” ke go re, ya pele o e dirile e kgologolo. Mme se se nnang segologolo, se se onalang, se gaufi le go nyelela. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa