Bahebera 4 - Setswana 19701 Jaanong he, e re ka tsholofetso ya go tsena mo boikhutsong jwa ona e sa ntse e le teng, a re boifeng e se re gongwe ga bonala mongwe wa lona a setse kwa morago. 2 Gonne le rona Efangele re e reretswe fela jaaka bale; mme lefoko la thero bale ga le a ka la ba thusa sepe, ka le se ka la tsholwa ka tumelo ke ba ba le utlwileng. 3 Gonne rona ba re dumetseng re tsena mo boikhutsong, jaaka o buile wa re: “Ka moo ka ikana ka bogale jwa me ka re: ‘Ga ba nke ba tsena mo boikhutsong jwa me!’ ” le fa ditiro di sa le di fediwa ka tlholego ya lefatshe. 4 Gonne mo felong gongwe o buile jaana ka ga letsatsi la bosupa wa re: “Modimo o ne wa ikhutsa ka letsatsi la bosupa o sena go fetsa ditiro tsotlhe tsa ona.” 5 Mme fale go bile go twe: “Ga ba nke ba tsena mo boikhutsong jwa me.” 6 Jaanong e re ka go lebeletswe gore bangwe ba tla tsena mo go jona, mme ba ba reretsweng Efangele pele ba se ka ba tsena ka ntlha ya go se utlwe, 7 o baya letsatsi le lengwe gape, e bong la “kajeno,” ka go bua ka Dafita morago ga sebaka se se kalo, jaaka pele go tilwe wa re: “Kajeno, fa lo utlwa lentswe la ona, se thatafatseng dipelo tsa lona!” 8 Gonne fa Jošua a ka bo a ba isitse boikhutsong, Modimo o ka bo o se ka wa tlhola o bua morago ka ga letsatsi le lengwe. 9 Ke gona ka moo boikhutso jwa Sabata bo sa saletseng batho ba Modimo. 10 Gonne yo o tsenyeng mo boikhutsong jwa gagwe le ene o ikhutsa a khutlisitse ditiro tsa gagwe jaaka Modimo o ne wa ikhutsa o feditse tsa ona. 11 Jaanong he, a re tlhoafaleleng go tsena mo boikhutsong joo gore go se nne ope yo o welang mo tseleng ya bale ya go gana go utlwa. 12 Gonne Lefoko la Modimo le a tshela, le a dira, le bogale go feta tšhaka nngwe le nngwe e e magale mabedi; le a phololela, le be le kgaoganye botshelo le mowa le malokololo le moko, le atlhole dikakanyo le maikutlo a pelo. 13 Ga go na sebopiwa sepe se se fitlhegileng fa pele ga ona, mme dilo tsotlhe di bipologile, tsa senoga mo matlhong a ona o re nang le go ikarabela fa pele ga ona. Keresete o feta baperesiti ba bagolo ba kgolagano e kgologolo 14 E re ka jaanong re na le moperesiti yo mogolo bogolo yo o raletseng magodimo, e bong Jesu, Morwa Modimo, a re ngangatleleng boipolelo jwa tumelo ya rona. 15 Gonne moperesiti yo mogolo wa rona ga se yo o palelwang ke go utlwela makoa a rona botlhoko, mme re na le yo o neng a raelwa mo dilong tsotlhe fela jaaka rona, mme a se ka a leofa. 16 Ka moo he, a re atameleng sedulo sa bogosi sa bopelotlhomogi ka dipelo tse di phuthologileng gore re tle re amogele kutlwelo-botlhoko, re bone boitshwarelo, re tle re thusiwe ka nako ya teng. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa