Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Bahebera 3 - Setswana 1970


Keresete o feta Moše. Tlhagiso ka ga go sa dumeleng le go sa utlweng

1 Ka ntlha ya moo, lona ba ga etsho, ba lo itshepileng, ba lo leng baabelwi ba pitso ya legodimo, elang Jesu tlhoko, Morongwi le Moperesiti yo mogolo wa maipolelo a rona,

2 yo o neng a le boikanyo mo go ona o o mo dirileng, jaaka le ene Moše a ne a le boikanyo mo ntlong yotlhe ya ona.

3 Gonne yoo o kailwe a tshwanetswe ke kgalalelo e kgolo go feta Moše, fela jaaka ene yo o agileng ntlo a na le tlotlo e kgolo go feta ntlo.

4 Gonne ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke motho, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.

5 Le gale Moše o ne a le boikanyo mo ntlong yotlhe ya ona jaaka modiredi, gore a supe ka ga dilo tse di tla bolelwang,

6 mme Keresete o boikanyo jaaka Morwa yo o okametseng ntlo ya ona o ntlo ya ona e leng rona, fa e le gore re tshegeditse phuthologo ya maikutlo le poko ya tsholofelo ka tlhomamo go ya bokhutlong.

7 Ka moo utlwang ka fa Mowa o o Boitshepo o buang ka teng o re: “Kajeno, fa lo utlwa lentswe la ona,

8 se thatafatseng dipelo tsa lona jaaka mo kgakatsegong ka letsatsi la thaelo kwa sekakeng,

9 kwa borraeno ba nthaetseng teng mo tekong, ba ntse ba bonye ditiro tsa me dinyaga di le 40.

10 Ke ka moo ke neng ka galefela losika loo ka re: ‘Ba timela ka gale ka dipelo; mme ga ba a ka ba lemoga ditsela tsa me,’

11 mo ke bileng ka ikana ka bogale jwa me ka re: ‘Ga ba nke ba tsena mo boikhutsong jwa me!’ ”

12 Bakaulengwe, tlhokomelang gore go se nne ope wa lona yo o pelo e bosula e e sa dumeleng ka go tenegela o o tshelang.

13 Mme kgothatsanyang ka letsatsi lengwe le lengwe, go sa ntse go twe: “kajeno!” gore go se nne ope wa lona yo o thatafadiwang ka tsietso ya boleo.

14 Gonne re diregile ba ba nang le seabe mo go Keresete, fa re tshegeditse boikanyo jwa ntlha ka tlhomamo go ya bokhutlong.

15 Fa go twe: “Kajeno, fa lo utlwa lentswe la ona, se thatafatseng dipelo tsa lona jaaka mo kgakatsegong!”

16 Kana ke bomang ba ba neng ba utlwa, ba be ba gakatsa Modimo? A ga se botlhe ba ba neng ba huduga kwa Egepeto ka Moše?

17 Mme ke bafe ba o ba galefetseng dinyaga di le 40? A ga se ba ba neng ba leofile, ba direpa tsa bona di neng tsa namalala kwa sekakeng?

18 Mme ba o ba ikanetseng gore ga ba nke ba tsena mo boikhutsong jwa ona ke bafe, fa e se ba ba neng ba gana go utlwa?

19 Mme re bona, fa ba paletswe ke go tsena ka ntlha ya go sa dumeleng.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan