Bahebera 2 - Setswana 1970Keresete, Morwa-Motho, yo o fetang baengele, ke Moperesiti yo mogolo yo o ka re utlwelang botlhoko mo makoeng a rona 1 Ke ka moo re tshwanetseng go tlhokomela bogolo dilo tse re di utlwileng, e se re gongwe ra latlhegelwa ke pholoso. 2 Gonne fa lefoko le le builweng ke baengele le ne le tlhomama, le tlolo nngwe le nngwe le go gana go utlwa go ne go amogela petso e e tshwanetseng, 3 rona re ka falola jang, fa re tlhokomologa pholoso e e kalokalo? Ke e e rileng e sena go bolelwa pele ke Morena, rona ra e tlhomamisediwa ke ba ba e utlwileng; 4 Modimo o ntse o supa mmogo le bone ka ditshupo le dikgakgamatso le dithata tse dintsi le dikabo tsa Mowa o o Boitshepo ka fa thatong ya ona. 5 Gonne lefatshe le le tlang, le re buang ka ga lone, ga o a le baya mo taolong ya baengele; 6 mme mongwe o supile felong gongwe a re: “Kana motho ke eng, fa o mo gopotse, gongwe ngwana wa motho ke eng, fa o mmabalela? 7 O mo tlhaedisitse baengele ka sebakanyana fela, mme morago wa mo rwesa kgalalelo le tlotlo, wa mo laodisa ditiro tsa diatla tsa gago; 8 dilo tsotlhe wa di baya fa tlase ga dinao tsa gagwe.” Mme kana ka go baya dilo tsotlhe fa tlase ga gagwe, ga o a ka wa sadisa sepe se se seng mo taolong ya gagwe. Mme kajeno ga re ise re bone, fa dilo tsotlhe di beilwe mo taolong ya gagwe. 9 Mme ene yo o ne a fetwa ke baengele ka sebakanyana, e bong Jesu, re mmona a rwesitswe kgalalelo le tlotlo ka ntlha ya pogiso ya loso gore a utlwele mongwe le mongwe loso ka bopelotlhomogi jwa Modimo. 10 Gonne go ne go tshwanetse ona o dilo tsotlhe di leng ka ntlha ya ona, o dilo tsotlhe di leng ka ona, o o gogetseng bana ba bantsi kwa kgalalelong, gore o ise mosimolodi wa pholoso ya bona kwa botlalong ka dipogo. 11 Gonne fa e le yo o itshepisang le ba ba itshepisiwang, botlhe ba tswa mo go a le mongwe fela; ke ka moo a sa tlhajweng ke ditlhong go ba bitsa bomorwa-rraagwe, 12 fa a re: “Ke tla bolelela bomorwa-rre leina la gago, ke go opelela mo gare ga phuthego.” 13 A bile a re: “Nna ke tla mo ikanya;” a ba a re: “Bona, ke fano le bana ba Modimo o ba nneileng.” 14 Jaanong e re ka bana ba na le madi le nama, le ene a nna natso fela jalo, gore a nyeletse ka loso ene yo o nang le thata ya loso, e bong Diabolo, 15 a be a golole botlhe ba ba neng ba le mo bokgobeng botshelong jotlhe ka go boifa loso. 16 Gonne ruri ga se baengele ba o ba thusang, mme o thusa ba losika lwa ga Aborahame. 17 Ke ka moo o neng a tshwanetse go nna fela jaaka bomorwa-rraagwe mo dilong tsotlhe gore a nne kutlwelo-botlhoko, a nne moperesiti yo mogolo yo o ikanyegang mo dilong tse di lebanyeng Modimo, a tle a batlele batho boitshwarelo jwa dibe. 18 Gonne e re ka a bogile ka esi ka go raelwa, o nonofile go thusa ba ba raelwang. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa