Bahebera 1 - Setswana 1970Keresete o feta baengele kgakala 1 E rile Modimo o sena go bua gantsi le ka mekgwa e mentsi le borraetsho ka baporofeti mo metlheng ya bogologolo, 2 wa bua le rona mo bofelong jwa malatsi ano ka Morwaa-ona yo o mmeileng morua-boswa wa dilo tsotlhe, yo e bileng o dirile mafatshe ka ene. 3 Ke ene marang a kgalalelo ya ona le setshwano sa bodimo jwa ona, o tshegeditse dilo tsotlhe ka lefoko la thata ya gagwe; ya re a sena go dira phepafatso ya dibe, a nna ka fa letsogong le le jang la Borena kwa magodimong, 4 a nna mogolo go feta baengele, jaaka a filwe boswa jwa leina le legolo bogolo go maina a bone. 5 Gonne ke ofe wa baengele yo o kileng wa mo raya wa re: “O Morwaake, ke go tsetse kajeno”? Wa ba wa re: “Ke tla nna rraagwe, mme ene o tla nna Morwaake”? 6 Mme e tla re o tsisa Motsalwapele gape mo lefatsheng, o laele o re: “Baengele botlhe ba Modimo ba tshwanetse go mo obamela.” 7 Fa e le ka ga baengele, o buile wa re: “O dira baengele ba ona diphefo le badiredi ba ona dikgabo tsa molelo.” 8 Mme o raya Morwa o a re: “Modimo, sedulo sa bogosi sa gago ke sa bosakhutleng; thobane ya bogosi jwa gago ke thobane ya tshiamo. 9 O ne o rata tshiamo, mme o tlhoa tshiamololo; ke gona ka moo, Modimo, Modimo wa gago o go tloditseng lookwane lwa boitumelo go gaisa balekane ba gago.” 10 Gape wa re: “Wena Morena, o theile lefatshe mo tshimologong, magodimo ke ditiro tsa diatla tsa gago. 11 Tseo di tla nyelela, mme wena o nnetse ruri, mme tsona tsotlhe di tla onala jaaka seaparo. 12 O tla di mena jaaka kobo, jaaka seaparo, di tla fetolwa, mme wena o ntse o le yo o leng ene; dinyaga tsa gago ga di nke di khutla.” 13 Mme ke ofe wa baengele yo o kileng wa mo raya wa re: “Dula ka fa letsogong la me le le jang, ke tle ke tsamae ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago”? 14 Bone botlhe a ga se mewa e e direlang, e e romelwang tirelong ka ntlha ya ba ba tla ruang pholoso boswa? |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa