Bagalatia 6 - Setswana 1970Kaelo ya gore ba supe bophelo jo bošwa mo loratong 1 Ba ga etsho, e re fa motho a tlhagetswe ke molato mongwe ka tshoganyetso, lona ba lo leng ba mowa, siamisang yo o ntseng jalo ka mowa o o bonolo ka go ikgopola gore le wena o se raelwe. 2 Rwadisanyang merwalo, ke gone lo tla bong lo dirafatsa molao wa ga Keresete. 3 Gonne fa motho a itlhoma a le sengwe, etswe a se sepe, o a itsietsa. 4 A mongwe le mongwe a tlhotlhomise tiro ya gagwe, foo o ka nna le tlotlo mo go ene ka esi, mme e seng mo go yo mongwe. 5 Gonne mongwe le mongwe o tla rwala morwalo wa gagwe. 6 Yo o rutwang Lefoko a a fe yo o mo rutang kabelo ya dilo tsotlhe tse di molemo. 7 Se tsietsegeng, Modimo ga o sotlwe; gonne se motho o se jwalang, e bile ke sona se o tla se robang. 8 Kana yo o jwalelang nama ya gagwe o tla roba tshenyego mo nameng, mme yo o jwalelang Mowa o tla roba botshelo jo bo sa khutleng mo Moweng. 9 A re se lapeng go dira tse di molemo; gonne re tla roba ka sebaka sa teng, fa re sa itsemeletse. 10 Jaanong he, a e re ka re na le sebaka, re direleng botlhe molemo, mme bogolo bone ba e leng ba ga rona ka tumelo. Bokhutlo jwa lokwalo 11 Bonang gore ke lo kwaletse ka ditlhaka tse dikgolo jang ne ka seatla sa me! 12 Botlhe ba ba ratang go kgatlha batho ka tsa nama, bone ba lo pateletsa go rupa, e le fela gore ba se bogisiwe ka ntlha ya sefapaano sa ga Keresete. 13 Le bone ka bosi ba ba rupang ga ba tshegetse molao; mme ba batla gore lona lo rupe, ba tle ba ipoke ka lona. 14 Mme a go nne kgakala le nna go ipoka, fa e se fela ka sefapaano sa Morena wa rona Jesu Keresete, se lefatshe le mpapoletsweng ka sona, le nna ke bapoletswe lefatshe ka sona. 15 Gonne mo go Keresete Jesu go rupa ga se sepe le go sa rupeng ga se sepe; se segolo ke go bopiwa sešwa. 16 A jaanong botlhe ba ba tla phelang ka fa kaelong eo, kagiso le kutlwelo-botlhoko di nne mo go bone ba e leng bone Baiseraele ba Modimo. 17 Jaanong a ke se tlhole ke tshwenngwa ke ope; gonne ke na le dipadi tsa ga Jesu mo mmeleng wa me. 18 Bakaulengwe, a bopelotlhomogi jwa Morena wa rona Jesu Keresete bo nne le mewa ya lona! Amen. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa