Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Bagalatia 5 - Setswana 1970


Moapostolo o kgothatsa Bagalatia go itshwarelela ka kgololesego ya bokeresete

1 Keresete o re gololetse kgololesego; tlhomamang he mo go yona, mme lo se ka lwa golegwa gape ka joko ya botlhanka.

2 Reetsang, nna Paulo ke lo raya ke re: Fa lo ka rupa, Keresete o tla bo a sa lo thuse sepe.

3 Ke bolelela gape motho mongwe le mongwe yo o rupang ke le mosupi gore o tshwanetse go dirafatsa molao otlhe.

4 Lona ba lo ratang go siamisiwa ka molao, lo kgaoganye le Keresete, lo ole mo boitshwarelong.

5 Gonne rona re lebeletse se se solofelwang sa go siamisiwa ka Mowa le ka tumelo.

6 Kana mo go Keresete Jesu go rupa le go sa rupeng ga go thuse, go thusa tumelo fela e e itshupang ka lorato.

7 Lo kile lwa siana sentle. Ke mang yo o lo kgoreleditseng gore lo se utlwe boammaaruri?

8 Tlhotlheletso eo ga e tswe mo go ene yo o lo bitsang.

9 Letlhabego le lennye le bedisa modubo otlhe.

10 Nna ke lo ikanya mo Moreneng gore ga lo nke lo nna le maikutlo a sele; mme motho yo o lo huduang o tla boga petso ya molato wa gagwe, le fa e ka nna mang.

11 Mme nna, bakaulengwe, fa ba re, ke sa ntse ke rera thupiso, ke sa ntse ke bogisediwang? Kana kgopiso ya sefapaano e tla bo e tlositswe.

12 E kete ba ba lo huduang ba ka bo ba ikgaola bonna ka bosi!


Kgothatso ya gore ba se senye kgololesego. Ditiro tsa nama; maungo a Mowa

13 Lona, bakaulengwe, lo bileditswe kgololesegong; fela a e se nne kgololesego ya nama e e nayang boleo taolo, mme lo direlane ka lorato.

14 Gonne molao otlhe o dirafadiwa ka lefoko le le lengwe fela le le reng: “Rata mongwe-ka-wena jaaka o ithata.”

15 Mme fa lo lomana, lo metsana, itiseng gore lo se fetsanye.

16 Mme ka re: Tsamayang ka fa Moweng, foo ga lo ne lo dirafatsa dikeletso tsa nama;

17 gonne nama e eletsa tse di tlhabanang le mowa, le mowa o eletsa tse di tlhabanang le nama; dilo tse, di emelelanye gore lo se ka lwa dira tse lo di ratang.

18 Mme fa lo gogwa ke mowa, ga lo fa tlase ga molao.

19 Ditiro tsa nama di a bonatsega, e bong tlhalo le boaka le se se maswe le boitaolo

20 le tirelo-medimo e sele le tiriso ya mereo le tlhoano le komano le lefufa le dikgakalo le dikganetsanyo le diphapaano le dikgaogano tsa maitirelo

21 le tsa bopelotshetlha le dipolao le tsa botagwa le mediro ya tlhapelo le tse di ntseng jalo, tse ke di lo bolelelang jaaka nkile ka bua pele ka re: Ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ga ba nke ba rua boswa jwa puso ya Modimo.

22 Mme leungo la Mowa lone ke lorato le boitumelo le kagiso le bopelotelele le bopelontle le molemo le boikanyego

23 le bonolo le boitshwaro le bophepa; dilo tse dintseng jalo, molao ga o ganetsanye natso.

24 Kana ba e leng ba ga Keresete Jesu ba bapotse nama le dikgotelo le dikeletso.

25 Fa re phela ka Mowa, a re tsamaeng ka Mowa le gona.

26 A re se ka ra batla tlotlo ya boithamako, ra rumolana, ra fufegelana.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan